Kgaolo 8

1 Ga diragala ka nako eo gore Jeso a simolole go tsamaa mo ditoropong le mo metseng ee farologanyeng, a rera e bile a bolela mafoko a a molemo ka ga bogosi jwa Modimo. Ba ba lesome le bobedi a bo ba na le ene, 2 ga mmogo le mosadi mongwe yo o neng a fodisitswe mo meweng e e maswe le malwetse: Marea yo o neng a bitswa Magatalena yo go neng ga kobiwa mewa e supa go tswa mo go ene; 3 Joana mosadi wa ga Tshusa, yo e leng motlhokomedi wa dilo tsa ga Herote, Susana; le bontsi jo bo neng bo thusa ka dilo tsa jone. 4 Fa matshwititshiti a batho a ntse a kgobokana, ga tla batho go tswa mo metseng, a ba bolelela setshwantsho: 5 "Mojwadi o ne a tswa go jwala peo, fa a ntse a jwala, nngwe ya wela fa thoko ga tsela mme ya gatakwa ke batho, nonyane tsa loapi tsa e eja. 6 Nngwe ya wela mo letlapeng, mme ya re fela fa e simolola go gola, ya omelela, ka gore go ne go se na bokgola. 7 Nngwe ya wela fa gare ga mitlwa, mme mitlwa ya gola le yone ya e hupetsa. 8 Mme e nngwe ya wela mo mmung o o siameng, ya ntsha dimela go menagane ga lekgolo." Morago ga Jeso a sena go bua dilo tse, a bitsa, "Ope yo o nang le ditsebe go utlwa, a utlwe." 9 Baruta ba gagwe ba mmotsa gore setswhwantsho sa gagwe se raya eng. 10 A re, "le neetswe kitso ya masaitseweng a bogosi jwa Modimo, mme mo go ba bangwe ke bua ka ditshwantsho, gore mo go boneng ba seka ba bona, le mo go utlweng ba seka ba tlhaloganya.' 11 Jaanong setshwantsho se se raya gore: peo ke lefoko la Modimo. 12 E e mo tseleng ke ba o ba ba utlwileng, mme diabolo a tla a tsaya lefoko go tswa mo dipelong tsa bone, gore ba seka ba dumela mme ba bolokwe. 13 E e mo letlapeng ke bao ba ba utlwang lefoko, ba le amogele ka boitumela. Mme ga ba na medi; ba dumela ka nakwana, mme e re ka nako ya diteko ba we. 14 Peo e e wetseng mo mitlweng ke batho ba ba utlwang lefoko, mme e re ba tsweletse mo tseleng ya bone, ba kgamiwe ke go kgathala, le mahumo le menate ya botshelo jo, mme leungo la bone la seka la gola. 15 Mme peo e e wetseng mo mmung o o siameng, ba o ke bone ba e reng ba utlwa lefoko, ka boikokobetso le pelo e e siameng, ba le tshware ka manontlhotlho go nna le maduo ka boitshoko. 16 Jaanong, ga gona ope, yo o ka tshubang lebone, a bo a le khurumela ka sejana kana a le baya ka fa tlase ga bolao. Mme o le baya mo setlhomelong, gore ope yo o tsenang a bone lesedi. 17 Gonne ga go na sepe se se fitlhegileng se se ka sekeng sa senolwa, kana sepe fela se se mo sephiring se se ka sekeng sa senolelwa mo lesiding. 18 Jaanong reetsang ka kelo tlhoko, gonne yo o nang o tla neelwa go le go ntsi, mme ene yo o senang sepe, le se a akanyang gore o na le sone se tla tsewa mo go ene." 19 Mme mmaagwe le bo morwarraagwe ba tla kwa go ene, ba seka ba kgona go mo atumela ka ntlha ya bontsi jwa batho. 20 A tewa gotwe, "Mmago le bomorwrraago ba eme kwa ntle ba batla go go bana." 21 Mme Jeso a ba araba a re "Mme le bomorwarre ke ba ba utlwang lefoko la Modimo a bo ba le dira" 22 Jaanong tsatsi lengwe a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe, a ba raya a re, "A re tloleleng kwa letlhakoreng le lengwe la letsha." Ba simolola loeto, 23 Mme ene a thulamela, sefefo se segolo sa tla mo letsheng, mme mokoro wa bone wa simolola go tlala ka metsi, ba nna mo kotsing. 24 Jaanong barutwa ba ga Jeso ba tla kwa go ene ba mo tsosa ba re, "Morena! Morena! re tloga re nyelela!", a tsoga a kgalemela sefefo le tshakgalo ya metsi, mme tsa ema ebile ga nna le tidimalo. 25 Mme a ba raya ba re, "Tumelo ya lona e kae?" ba ne ba tshogile. Le fa ba ne ba tshogile, ba ne ba tletse ka kgakgamalo gape, ba botsana ba re, "o ke mang tota, yo e leng gore o laola sefefo le metsi tota, mme di mo utlwe?" 26 Ba tsamaa ka mokoro go ya kgaolong ya Gerasenese, e e ka fa ntlheng e nngwe ya letsha go tswa Galalea. 27 Fa Jeso a baa dinao fa fatshe, a kopantshwa ke monna mongwe go tswa mo toropong yo o neng a na le matimone. Go ne go na le lebakala le le telele a sa apare dilwana, mme o ne a nna kwa mabitleng, e seng mo ntlong. 28 Erile a bona Jeso, a lelela kwa godimo a itatlhela fa pele ga gagwe, a bua ka lentswe le le golo a re, "Jeso, Morwa Modimo o kwa Godimo, o tla dira eng ka nna?, ke a go kopa, o seka wa nkutlwisa botlhoko." 29 Gonne Jeso o ne a laotse mowa o o maswe go tswa mo monneng oo. Gonne nako tse dintsi o ne o mo tshwara, e re le fa a funetswe ka dikeetane ebile a katilwe, a kgaole dikeetane mme a kgarameletswe kwa sekakeng ke letimone. 30 Jaanong Jeso a mmotsa, ''leina la gago ke mang?'', e ne a re "Lekoko," gonne matimone a le mantsi a ne a tsene mo go ene. 31 Ba tswelela ba mo kopa gore a seka a ba latlhela kwa abising. 32 Jaanong serapa sa dikolobe sa bo se le foo go bapa le thaba se ja, matimone a mo kopa gore a ba lese ba tsene mo go tsone, mme a ba neela tetla. 33 Jaanong matimone a tswa mo monneng a tsena mo dikolobeng, mme dikolobe tsa kgokologa, tsa wela mo lewatleng tsa nwela. 34 Ya re ba ba neng ba tlhokometse dikolobe ba bona se se diragetseng, ba taboga ba bua ka sone kwa toropong le kwa kgaolong. 35 Batho ba tswa ba ya go bona se se diragetseng, ba tla kwa go Jeso mme ba bona monna yo matimone a neng a ntshitswe mo go ene. A dutse mo dinaong tsa ga Jeso, a apere sentle ebile a itekanetse mo tlhaloganyong, mme ba tshoga. 36 Jaanong ba ba boneng, ba ba bolelela ka fa monna yo o neng a laolwa ke matimone, a neng a fodisiwa ka teng. 37 Jaanong batho botlhe ba kgaolwana ya Gerasenase ba kopa Jeso gore a tswe mo go bone, gonne ba ne ba tletse ka letshogo le le tona. Jalo a tsena mo mokorong gore ba tle ba bowe. 38 Monna yo matimone a duleng mo go ene a mo rapela gore a mo letlelele gore a tsamae le bone, mme Jeso a gana kopo ya gagwe, a re, 39 "Boela kwa ga lona mme o fete o ba bolelela tsotlhe tse Modimo a di go diretseng." Monna a tsamaya, a bolela mo toropong yotlhe se Jeso a se mo diretseng. 40 Jaanong fa Jeso a boa, bontsi ba mo amogela gape, gonne botlhe ba ne ba mo solofetse. 41 Bonang, monna yo o bitswang Jaerase, yo o neng e le mongwe wa baeteledipele ba sinagoge, a wela fa dinaong tsa ga Jeso, a mo kopa gore a tle kwa ntlong ya gagwe, 42 ka gore morwadie, yo a neng a le nosi fela, mosetsana wa dingwaga di ka nna lesome le bobedi, o ne a lwala a le gaufi le go swa. Ya re Jeso a le mo tseleng, bontsi jwa batho ba ikgotlha ka ene. 43 Jaanong mosadi yo o saleng a dutla madi dingwaga di le lesome le bobedi e bile a dirisitse madi a gagwe otlhe go ikalafa a bo a le foo, mme o ne a sa kgone go fodisiwa ke ope. 44 A tla kwa morago ga ga Jeso a kgoma letsanka la seaparo sa gagwe, mme ka pela go tshologa madi ga gagwe ga ema. 45 Jeso a re, "ke mang yo o nkgomileng?", e rile botlhe ba itatola, Petere a mo raya a re, "Rara, matshwititswiti a go dikaganyeditse e bile ba ikgotlha ka wena." 46 Mme Jeso a re, "Mongwe o nkgomile, gonne ke a ikutlwela gore nonofo e dule mo go nna." 47 E rile mosadi a lemoga gore ga gona gore o ka iphitlha jang gore a se lemogiwe, a tla a roroma a wela fa pele ga gagwe. A bua fa pele ga mongwe le mongwe gore ke eng a ne a mo kgoma, le gore o fodisitswe jang ka bonako. 48 Mme a mo raya a re, "Morwadi, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso." 49 Fa a santse a bua, mongwe go tswa kwa ntlong ya moeteledipele wa senagoge a tla are, "Morwadiago o sule. Sa tlhole o tshwenya morena." 50 Mme ya re Jeso a utlwa se, a araba Jaerase a re, "O seka wa tshoga; dumela fela mme otlaa fodisiwa." 51 Fa a tsena kwa ntlong, a se ka a letlelela ope go tsena le ene, fa e se Petere, Johane le Jakobe, raagwe ngwana le mmaagwe. 52 Jalo botlhe ba ne ba mo lelela, mme a re, "O seka wa lela, ga a swa o robetse." 53 Mme ba mo tshega, ka ba ne ba itse gore o sule. 54 Mme a mo tshwara ka letsogo, a goeletsa a re, "Ngwana, tsoga!" 55 Mowa wa gagwe wa boela, a emelela ka dinao. A ba laola gore ba mo tlele sengwe go ja. 56 Batsadi ba gagwe ba ne ba gakgametse, mme a ba laola gore ba se ka ba bolelela ope ka se se diragetseng.