1 Morago ga Jeso a sena go fetsa sengwe le sengwe se a neng a se bolelela batho, o ne a tsena mo Kaperename. 2 Jaanong mogolwane wa masole o ne a na le motlhanka yo a neng a mo rata thata, mme o ne a lwala ebile a tloga a tlhokafala. 3 Fa mogolwane wa masole a utlwa ka ga Jeso, o ne a romela bagolwane ba Bajuta kwa go ene, a mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. 4 Fa ba tsena kwa go Jeso, ba ne ba mo kopa ka tlhwaafalo ba re, ''mo direle se gonne o a tshwanelwa, 5 ka gore o rata setshaba sa rona, ebile ke ene a agileng sinagoge ya rona.'' 6 Jeso o ne a tswelela, a tsamaya le bone. Mme ya re a se kgakala le ntlo, mogolwane wa masole a roma ditsala gore di mo reye di re, ''Morena, se itshwenye ka gore ga ke a tshwanelwa ke gore o tsene mo ntlong ya me. 7 Ka lebaka le, ke bone go sa tshwanele gore ke tle kwa go wena, mme bua lefoko fela, motlhanka wa me o tlaa fola. 8 Ke motho yo o ka fa tlase ga taolo mme gape ke na le masole ka fa tlase ga taolo ya me. Ke raya yo ke re,'' Tsamaya'' a bo a tsamaya. A bo ke raya yo mongwe ke re ''Tlaya kwano'' a bo atla. A bo ke raya motlhanka wa me ke re ''dira se'' a bo a dira. 9 Fa Jeso a utlwa se, a mo gakgamalela, a retologela kwa bathong ba ba mo setseng morago a re, ''Ke a lo bolelela, ga ke ise ke bone tumelo e e ntseng jaana le fa e le kwa Iserale. 10 ''Fa ba ba neng ba rumilwe ba boela kwa ntlong, ba filthela motlhanka a fodile. 11 Morago ga moo, Jeso a ya kwa motseng o o bidiwang Naine, barutwa ba gagwe le batho ba bantsi ba mo sala morago. 12 Ya re a atamela kgoro ya motse, bonang! go ne go tshotswe monna yo o tlhokafetseng, morwa yo mongwe fela wa mosadi wa motlholagadi, batho ba bantsi, ba ba tswang mo motseng ba ne ba na le ene. 13 Fa Morena a mmona, o ne a mo tlhomogela pelo thata a bo a mo raya a re, ''Sa lele''. 14 Jaanong a ya go tshwara lekese le le neng le tsentse moswi. O ne a re, ''Mosimane ke wena, ka re tsoga.'' 15 Monna yo o tlhokafetseng a tsoga a bo a simolola go bua, mme Jeso a mo neela mmaagwe. 16 Ba tlelwa ke poifo botlhe, mme ba tswelela ka go galaletsa Modimo ba re, ''Moporofiti o mogolo o godisitswe magareng ga rona.'' ''Modimo o tlhokometse batho ba gagwe." 17 Dikgang tse ka Jeso tsa anama le Jutia otlhe le dikgaolo tse di bapileng le ene. 18 Barutwa ba ga Johane ba mmolelela ka dilo tse tsotlhe. 19 Jaanong Johane a bitsa barutwa ba gagwe ba babedi, a ba romela kwa Moreneng a re, ''A ke wena yo tlaa tlang kana re batle mongwe?'' 20 Fa ba setse ba gorogile fa go Jeso, banna ba, ba ne ba re, ''Johane wa mokolobetsi o re romile kwa go wena gore re go reye re re, 'A ke wena yo o tlang, kana re batle yo mongwe?' '' 21 Mo nakong eo, a fodisa batho ba bantsi malwetse, ditlhokofatso le mewa e e bosula, a bo a naya difofu di le dintsi pono. 22 Jeso a ba araba, a ba raya a re ,''Tsamayang, le bolelele Johane se le se boneng le se le se utlwile. Difofu di amogela pono, digole di a tsamaya, ba leperwa ba a fola, bosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba bolelelwa dikgang tse di molemo. 23 Go segofetse motho yo o sa emiseng go dumela mo go nna ka lebaka la ditiro tsa me.'' 24 Morago ga barongwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, Jeso a simolola go bolelela matshwititshwiti a batho ka Johane a re, '' Le ne le ile go bona eng kwa sekakeng?'' Letlhaka le le tshikhinngwang ke phefo?' 25 Tota le ne le tswa le ya go bona eng? Monna yo o apereng dilwana tse di turang? Bonang, Kana batho ba ba aparang dilwana tse di turang le ba ba tshelang mo magasigaseng ba nna mo mantlong a dikgosi. 26 Tota le ne le tswa le ya go bona eng? A e ne e le moporofeti? Ee, ke le raya kere, o feta le moporofeti. 27 Yo ke ene yo go kwadilweng ka ene, ''Bonang ke roma morongwa wa me kwa pele ga lona, yo o tlaa le baakanyetsang tsela, 28 Ke le raya ke re, Mo go ba ba tsetsweng ke mosadi ga go ope yo o fetang Johane ka bogolo. Mme batho ba ba nyatsegang, ba ba tla nnang le Modimo kwa a nnang teng, ba tlaa feta Johane ka bogolo. 29 (Mme ya re batho botlhe ba utlwa se, ga mmogo le bakgethisi, ba bua gore Modimo o siame ka gore ba ne ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane. 30 Mme Bafarasai le baitseanape ba molao wa Juta ba ganne maikaelelo a Modimo ka bone, ka gore ba ne ba sa kolobediwa ke Johane.) 31 Nka tshwantshanya batho ba kokomane e le eng? Ba tshwana le eng? 32 Ba tshwana le bana ba tshamekelang kwa marekisetsong, ba raana ba re, ''Re go leleditse seletso mme ga o a bina. Re go opeletse pina ya leso mme ga o a lela.' 33 Ka gore Johane wa Mokolobetsi o ne a sa je borotho le fa e le go nwa mofine, le ne la mo gana le re, 'O na le matimona.' 34 Mme e rile Morwa Motho a ja dijo a bo a nwa mofine, le ne la mo gana, la re,'' Bonang, monna yo o ja thata ebile ke letagwa, ke tsala ya bakgethisi le baleofi! 35 Mme botlhale jwa Modimo bo tlhomamisiwa ke bana ba gagwe. 36 Jaanong mongwe wa Bafasarai a laletsa Jeso go tla go ja le ene. Fa Jeso a sena go tsena mo ntlong ya Mofarasai yoo, o ne a nna fa tafoleng gore a je. 37 Bonang! go ne go na le mosadi mo motseng mogolo, yo e neng e le moleofi. Fa a lemoga gore Jeso o ntse mo tafoleng ko ntlong ya Mofarasai, o ne a tla ka lebotlele la alabasetere, le na le mafura a a nkgang monate 38 O ne a ema ka fa morago ga ga Jeso, gaufi le dinao tsa gagwe, a lela, o ne a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi, a tloga a di sutlha ka moriri wa gagwe, a suna dinao tsa gagwe a bo a di tshasa mafura a a nkgang monate. 39 Fa Mofarasai yo o neng a laleditse Jeso a bona se, o ne a akanya a le nosi a re,'' Fa monna yo e ne e le moporofeti o ne a tlaa itse gore mosadi yo o mo tshwereng yo ke mang ebile ke wa mokgwa ofe, ke moleofi.'' 40 Jeso o ne a mo fetola a re, '' Simone, ke batla go go bolelela sengwe.'' O ne a re, ''Bua! Moruti.'' 41 Jeso o ne a re, ''Moadimisi wa madi mongwe, o ne a na le batho ba ba mo kolotang ba le babedi. Wa ntlha o ne a mo kolota makgolo a matlhano (500) a selefera mme yo mongwe o ne a mo kolota masome a matlhano (50) a selefera. 42 O ne a ba itshwarela fa ba sa kgone go mo duela. Jaanong mo go bone ke mang yo o o tlaa mo ratang thata? 43 Simone o ne a a araba a re, ''Ke belaela gore ke yo o itshwaretsweng thata,'' Jeso o ne a mo raya a re, ''O atlhotse sentle.'' 44 Jeso o ne a retologa a leba mosadi, a bo a raya Simone a re, '' O bona mosadi yo. Ke tsene mo ntlong ya gago. Ga wa mpha metsi go tlhapa dinao tsame, mme ene o kolobeditse dinao tsa me ka dikeledi tsa gagwe a bo a di sutlha ka moriri wa gagwe. 45 Ga o ise o ntshune, mme ene fa e sale ke goroga fa, ga a ise a emise go suna dinao tsa me. 46 Ga o ise o tlotse tlhogo ya me ka mafura, mme ene o tlodise dinao tsa me ka mafura a a nkgang monate. 47 Jaanong ke a go bolelela, dibe tsa gagwe tse di neng di le dintsi, di itshwaretswe,ke sone o bonang a nthata thata. Mme yo o itshwaretsweng go le go nnye, o rata gole gonnye. 48 Mme o ne a mo raya a re,'' dibe tsa gago di itshwaretswe.'' 49 Ba ba neng ba ntse ba a ja mmogo ba simolola go buisana ka bo bone ba re, ''Monna yo o reng o kgona go itshwarela batho melato yoo, ke mang?'' 50 Mme Jeso a raya mosadi a re, ''Tumelo ya gago e go bolokile. Tsamaya ka kagiso.''