Kgaolo 6

1 Jaanong go ne ga diragala gore ka letsatsi lengwe la Sabata, Jeso a ntse a raletse tshimo ya mabele, barutwana ba gagwe ba ne ja diako tsa mabele, ba di sogotlhetsa ka diatla tsa bone, a bo ba di ja. 2 Mme bangwe ba Bafarasai ba ba raya ba re, "Ke eng le dira selo se se seng ka fa malaong go ka se dira ka letsatsi la Sabata?" 3 Ya re a ba araba, Jeso a re, "A ga le ise le bale se Tafite a neng a se dira e rile a tshwerwe ke tlala, ene le banna ba a neng a na le bone? 4 O ne a tsena mo ntlong ya Modimo, a bo a ja borotho ja mo boleng-teng ja Modimo, a bo a ja bontlha bongwe ja jone, a bo gape a fa le ba a neng a na le bone gore ba je, le ntswa go ne go letlelelwa baperesiti fela gore ba ka bo ja." 5 Foo a ba raya a re, "Morwa Motho ke Morena wa Sabata." 6 Ga diragala gore ka Sabata se sengwe, a tsene mo sinagogeng go ruta batho. Ga bo go na le monna mongwe yo o neng a omeletse letsogo la moja. 7 Bakwadi le Bafarasai ba ne ba mo tlhomile matlho ka kelelelo, go bona gore aa o tla fodisa mongwe ka Sabata, gore ba tle ba mmatlele sengwe se ba ka mo pateletsang ka sone. 8 Mme o ne a itse se ba neng ba se akantse mme a raya monna yo o neng a omeletse seatla a re, "Ema ka dinao, o eme fa gare ga mongwe le mongwe." Ka jalo, monna yoo o ne a ema fa gare ga batho botlhe. 9 Jeso a ba raya a re, "Ke a le botsa, a go ka fa molaong go dira molemo kgotsa bosula, go boloka botshelo kgotsa go bo senyaka ka letsatsi la Sabata?" 10 A bo a ba leba botlhe, a raya monna yoo a re, "Otlolola letsogo la gago." 11 A dira jalo, mme letsogo la gagwe la fola. Mme ba tenega, ba buisana gore ba ka dira Jeso eng. 12 Mme go ne ga diragala gore mo malatsing ao, o ne a ya go rapela kwa thabeng. O ne a tswelela a rapela Modimo bosigo botlhe. 13 E rile letsatsi le tlhaba, a bitsa barutwana ba gagwe, a tlhopha ba le lesome le bobedi ba a neng a ba bitsa baaposetolo. 14 Maina a baaposetolo e ne e le Simone (yo o neng a mmitsa gape a re Petere), le morwarraagwe Anterea, Jakoba, Johane, Felipo, Batholomeo, 15 Mataeyo, Tomase, Jakoba morwa Alefiase, Simone yo o neng a bidiwa Selote, 16 Jutase morwa Jakoba, le Jutase Esekariota, yo o neng a mo itatola. 17 Jeso a fologa kwa thabeng a na le bone mme a nna mo sebatleng le boidiidi ja barutwana ba gagwe le boidiidi ja batho go tswa kwa Jutea, le Jerusalema le go tswa mo letshitshing la Taire le Sitone. 18 Ba ne ba tlile go mo reetsa le go fodisiwa malwetse a bone. Batho ba ba neng ba tshwenngwa ke mewa e e leswe ba ne ba fodisiwa. 19 Mongwe le mongwe mo boidiiding ja batho o ne a batla go mo kgoma gonne go ne go tswa nonofo e e fodisang go tswa mo go ene, mme a ba fodisa botlhe. 20 Mme a lebelela barutwana ba gagwe , a re, "Go segofetse lona ba le humanegileng gonne muso wa Modimo ke wa lona. 21 Go segofetse lona ba le bolawang ke tlala gompieno, gonne le tla tladiwa. Go segofetse lona ba le lelang gone jaana, gonne le tla tshega. 22 Le segofetse fa batho ba le tlhoile, le fa ba le kgetholola ba be ba le roga, ka lebaka la Morwa Motho. 23 Ipeleng ka boitumelo ka letsatsi leo, tlola-tlolang ka boitumelo, gonne le tla nna le tuelo e kgolo kwa legodimong, ka gore borraabonemogolo ba ne ba tshola baporofeti ka tsela e tshwanang. 24 Boifang lona ba le humile, gobane le setse le amogetse tuelo ya lona. 25 Boifang lona ba le kgotsheng gone jaana, gobane le tlile go tshwarwa ke tlala. Boifang lona ba le tshegang gompieno, gobane le tlile go hutsafala ebe le lela. 26 Boifang fa batho botlhe ba le bua bontle, gobane ke ka fa borraabone mogolo ba neng ba amogela baporofeti ba maaka ka teng. 27 Mme ke bua le lona ba le ntheeditseng, ratang baba ba lona ebe le dira molemo mo go ba ba le tlhoileng. 28 Segofatsang botlhe ba ba le hutsang ebe le rapelela bao ba ba sa le tsholeng sentle. 29 Yo o go betsang mo lerameng, mo fe le lengwe. Fa mongwe a tsaya jase ya gago, se gane ka seaparo sa gago. 30 Neela mongwe le mongwe yo o go kopang. Fa mongwe a tsaya sengwe se e leng sa gago, o seka wa mo kopa gore a se buse. 31 Se o batlang batho ba se go direla, le wena o se ba direle. 32 Fa o rata batho ba ba go ratang fela, o tla boelwa ke eng? Gonne le baleofi ba rata ba ba ratang. 33 Fa o dira bomolemo mo bathong ba ba go direlang bomolemo fela, o tla boelwa ke eng? Gonne le baleofi ba dira jalo. 34 Fa o adima batho ba o solofetseng gore ba tla go duela, fela, o tla boelwa ke eng? Gonne le baleofi ba adima baleofi, gore ba boelwe ke selekanyo se se tshwanang. 35 Mme ratang baba ba lona ebe le ba direla bomolemo. Adimisang le sa solofele tuelo, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, ebile le tla nna bana ba Mogodimodimo, mme o pelontle mo bathong botlhe ba ba sa lebogeng gape ba le bosula. 36 Le nne kutlwelobotlhoko fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko. 37 Se atlhole, mme o tla se ke o atlholwe. Se sekise, mme le wena o tla se ke o sekisiwe. Itshwarele ba bangwe, mme le wena o tla itshwarelwa. 38 Neela, mme o tla neelwa. Selekanyo se sentle - se gateletswe, se tshikintswe ebile se penologa - o tla neelwa mo sehubeng sa gago. Gonne selekanyo se o lekanyang ka sone, otla lekanyetswa ka sone." 39 Ebe a ba bolelela setshwantsho. "A sefofu se ka kaela sefofu se sengwe? Fa a ne a ka dira jalo, a ga ba ka ke ba wela mo mosimeng? 40 Morutwa ga a mogolo mo go yo o mo rutang, mme mongwe le mongwe fa a katisitswe sentle o tla tshwana le moruti wa gagwe. 41 Ke eng fa o lebelela phatsa e e mo leitlhong la morwarraago, mme o sa lemoge legong le le mo leitlhong la gago? 42 O ka raya morwarraago jang o re, 'Morwarre, tla ke go ntshe phatsa e e mo leitlhong la gago,' fa wena o sa bone legong le le mo leitlhong la gago? Moitimokanyi ke wena! Ntsha pele legong le le mo leitlhong la gago, ebe o ka kgona go bona sentle phatsa e e mo leitlhong la morwarraago. 43 Gonne ga go na setlhare sepe se se molemo se se ka ungwang maungo a a seng molemo, ebile ga go na setlhare sepe se se bosula se se ka ungwang maungo a molemo. 44 Setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka maungo a sone. Batho ga ba kgetle mofeige mo ditlhareng tsa mosu, ebile ga ba kgetle meretlwa mo ditlhareng tsa mmitlwa. 45 Monna yo molemo o ungwa maungo a molemo go tswa mo mahumong a gagwe a molemo, mme monna yo bosula o ungwa bosula go tswa mo mahumong a gagwe a bosula. Gonne motho o bua go tswa mo matlotlong a pelo ya gagwe. 46 Ke eng fa le mpitsa le re, 'Morena, Morena,' le ntswa le sa dire dilo tse ke di buang? 47 Mongwe le mongwe yo o tlang kwa go nna, ebe a utlwa mafoko a me, a be a diragatsa, ke tla le bolelela gore o tshwana le mang. 48 O tshwana le monna yo e reng fa a aga ntlo ya gagwe, a be a epa lefatshe ko teng, a be a agela ntlo ya gagwe mo motheong wa letlapa. E rile morwalela o tla, wa betsa ntlo eo, mme ga ya ka ya e tshikinya, ka gore e ne e agegile. 49 Mme motho yo o utlwang mafoko a me, a be a sa a diragatse, o tshwana le motho yo o agileng ntlo ya gagwe mo lefatsheng, go sena motheo. E rile morwalela o tla kgatlhanong le ntlo eo, e ne ya phutlhama ka ponyo ya leitlho, mme tshenyego ya ntlo eo ya bo ele kgolo."