1 Mme go ne ga dirafala, fa batho ba kgobokanyetse Jeso, ba reeditse lefoko la Modimo, mme a eme fa thoko ga letsha la Genesarete. 2 O ne a bona mekoro e mebedi e gogetswe kwa ntle, fa lotshitshing la letsha. Batshwara ditlhapi ba ne ba dule mo go yone ba tlhatswa matloa a bone. 3 Jeso a tsena mo nngweng ya mekoro, yo e leng wa ga Simone a mo kopa gore a o tsenye mo metsing sebakanyana go tsweng mo lefatsheng. Mme a nna mo go one a ruta batho a le mo mokorong. 4 E rile a sena go fetsa go bua, a raya Simone a re, ''Tsaya mokoro o ise kwa metsing aa boteng mme o latlhele matloa go tshwara.'' 5 Simone a araba ka gore, ''Morena re berekile bosigo botlhe mme ga re a tshwara sepe, mme ka lefoko la gago, ke tla a latlhela matloa.'' 6 E rile fa ba sena go dira se, ba tshwara palo e ntsi ya ditlhapi, mme matloa a bone a thubega. 7 Ka jalo ba tlhaeletsa badiri ka bone mo mokorong o mongwe go tla go ba thusa. Ba ne ba tla mme ba tlatsa mekoro, gore e simolole go nwela. 8 Mme e rile Simone Petere a bona se, a wela fa fatshe fa mangoleng a ga Jeso a re,'' Tloga fa go nna ka gore ke moleofi, Morena'' . 9 Gonne o ne a hakgametse, le botlhe ba ba neng ba ba na le ene, mo tshwarong ya ditlhapi tse ba neng ba di tshwere. 10 Se se akaretsa Jakobe, le Johane bana ba ga Sebeti, ba e neng e le badiri le Simone. Jeso a raya Simone,'' 11 O seka wa boifa, ka gore go tloga gompieno o tla nna batswari ba batho .'' E rile ba sena go ntshetsa mekoro ya bone fa fatshe, ba tlogela sengwe le sengwe mme ba mo sala morago. 12 Ga dirafala ya re a le mo nngweng ya ditoropo, monna yo o neng a tletse ka lepero o ne a le foo. E rile fa a bona Jeso a rapama ka sefatlhego sa gagwe a mo kopa a re, ''Morena, fa o rata, o ka ntira montle''. 13 Mme Jeso a otlolala letsogo la gagwe a mo ama, a re, ''ke a rata. Ntlafala.'' Ka bofefo lepero la mo tlogela. 14 A mo laela gore a seka ka bolelela ope, mme a mmolela gore, ''Tsamaya mo tseleng ya gago o ye go ipontsha moperesiti a bo o ntsha setlhabelo sa ntlafatso ya gago go yeng ka fa Moshe a laotseng ka teng, e le bopaki mo go bone.'' 15 Mme pego ka ga gagwe ya anama le kwa kgakala, mme bontsintsi jwa batho ba tla mmogo go tla go mo utlwa a ruta le go fodisiwa malwetse a bone. 16 Mme gangwe le gape o ne a ya kwa mafelong a a senang ope go rapela. 17 Mme go ne ga dirafala mo nngweng ya malatsi ao one a ruta, mme go ne gana le Bafarasai le baruti ba molao ba ba ntseng gone foo ba ba neng ba tswa kwa metseng e e farologaneng mo dikgaolong tsa Galalea le Jutia gape le mo motsaneng wa Jerusalema. Maatla a Morena a ne a na le ene go fodisa. 18 Jaanong banna bangwe ba tla, ba tshotse mo bolaong monna yo a neng a a sule mohama, mme ba ba tla tsela ya go mo tsenya mo teng gore ba mmee fa pele fa ga Jeso. 19 Ba ne ba sa bone tsela ya go mo isa kwa go e ne ka lebaka la bontsi jwa batho mme ba ya kwa palama kwa godimo ga ntlo mme ba folosetsa monna fa fatshe ka marulelo ale mo bolaong jwa gagwe, mo gare ga batho, fela fa pele ga ga Jeso. 20 E rile a bona tumelo ya bone, Jeso a re, ''Monna, maleo a gago a itshwaretswe.'' 21 Bakwadi le Bafarasai ba simolola go botsa se, ba re, ''Ke mang e ne yo, yo o dirisang mafoko a a tlhapatsang. Ke mang yo o ka itshwarelang maleo fa e se Modimo a le esi?'' 22 Mme e rile fa Jeso, a lemoga se ba se akanyang, a araba a ba raya a re, ''Ke eng fa le botsa se mo dipelong tsa lona. 23 Go motlhofo go reng, 'Maleo a gago a itshwaretswe kgotsa gore emelela o tsamaye?' 24 Mme gore o tle o itse gore Morwa Motho o na le taolo mo lefatsheng ya go itshwarela maleo, Ke go raya ke re, 'Emelela, tsaya bolao jwa gago mme o ye kwa ntlong ya gago.''' 25 Ka bofefo a emelela fa pele ga bone a tsaya bolao jwa gagwe bo a neng a robetse mo go bone. Mme a ya kwa ntlong ya gagwe, a galaletsa Modimo. 26 Mongwe le mongwe o ne a gakgametse mme ba ne ba galaletsa Modimo. Ba ne ba tlala ka poifo ba re, "Re bone dilo tse di sa tlwaelesegang gompieno." 27 Morago ga dilo tse di sena go dirafala, Jeso a tswa foo mme a bona mokgethisi yo o bidiwang Lefi a ntse kwa tanteng ya mokgethisi. O ne a mo raya a re, ''Ntshala morago.'' 28 Jalo Lefi a emelela a mo sala morago, a tlogela sengwe le sengwe kwa morago. 29 Mme Lefi a dira modiro o mogolo mo ntlong ya gagwe a o direla Jeso. Go ne go na le bakgethisi ba bantsi gone foo, ba ba neng ba iketlile fa tafoleng ba ja le ene. 30 Mme Bafarasai le bakwadi ba bone ba ne ba ngongorela kwa barutweng ba gawe ba re, ''Ke eng fa le ja le bo le nwa le bakgethisi le batho ba bangwe ba baleofi?'' 31 Jeso a ba araba, ''Batho ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, mme fela ba ba lwalang. 32 Ga ke a tla go bitsa batho ba ba siameng gore ba ikotlhae mme go bitsa baleofi gore ba ikotlhae.'' 33 Ba mo raya ba re, ''Barutwana ba ga Johane ba ikitsa go ja dijo le go rapela, le barutwana ba bafarasai ba ne ba dira mo go tshwanang. Mme barutwana ba gago ba ja a be ba nwa.'' 34 Jeso aba raya a re, ''A mongwe o ka dira gore balalediwa ba lenyalo ba monyadi ba itime dijo fa monyadi a sa ntse a na le bone? 35 Mme malatsi a tla tla fa monyadi a tla tsewang mo go bone, mme mo malatsing a o ba tla ikitsa go ja.'' 36 Mme Jeso a bua setshwantsho gape le bone, ''Ga gona ope yo o ka tsayang bontlha bongwe jwa letsela go tsweng mo seaparong se sesha a be a se dirisa go roka seaparo se segologolo. Fa a dira jalo, o tla kgagola seaparo se sesha, le bontlha bongwe jwa letsela, go tsweng mo seaparong se sesha ga se kitla se tshwanela seaparo se segologolo. 37 Ga gona ope yo o bayang mofine yo mosha mo mabolokelong a magologolo a mofine. Mofine o mosha o tla thuba mabolokelo, mme mofine o tla tshologa, mme mabolokelo a mofine a ka senyega. 38 Mme mofine o mosha o tshwanetse go bewa mo mabolokelong a masha a mofine. 39 Ga gona ope yo e reng a sena go nwa mofine o mogologolo, a batle o mosha ,gonne a re, 'O mogologolo o botoka.'''