1 Jeso , a tladitswe ka Moya o o Boitshepo, a boa kwa nokeng ya Jorotane, mme Moya wa mo gogela kwa sekakeng kwa a neng 2 a raelwa ke diabolo ka malatsi a le masome a mane (40). O ne a sa je sepe mo malatsing ao mme morago a tshwarwa ke tlala. 3 Diabolo a mo raya a re, "Fa o le morwa Modimo laola letlapa le go iphetola borotho." 4 Jeso a mo araba a re, "Go kwadilwe gatwe, 'Motho ga a kake a tshela ka borotho bo le nosi." 5 Foo diabolo a gogela Jeso kwa godimo a mmontsha magosi otlhe a lefatshe ka bofefo. 6 Diabolo a mo raya a re, "Ke tla a go neela mahumo a otlhe le bontle jwa one gonne ke di neetswe tsotlhe ebile ke ka di fa mongwe le mongwe yo ke mmatlang." 7 Fa o ka nkobamela e tla a nna tsa gago. 8 Mme Jeso a mo araba a re, "Go kwadilwe gatwe, 'O tla a obamela le go direla Morena Modimo wa gago fela.''' 9 Foo Diabolo a gogela Jeso kwa Jerusalema, mme a mo isa kwa godimo ga kago ya tempele, a mo raya a re, "Fa o le morwa Modimo, itatlhe go tswa fa. 10 Gonne go kwadilwe gatwe, 'O tla a laola baengele ba gagwe ka ga gago gore ba go sireletse; 11 mme ba tla a go tsholetsa ka matsogo a bone, gore o seka wa kgotswa ke letlapa."' 12 Jeso a mo araba a re, 'Gatwe o seka wa leka Morena Modimo wa gago.''' 13 Fa diabolo a se na go mo leka a mo tlogelela nako e e tlang. 14 Jeso a boela kwa Galalea ka nonofo ya Moya, mme dikgang ka ga gagwe tsa tuma mo tikologong ya kgaolo yotlhe. 15 A simolola go rera mo disinagogeng tsa bone, mme a galalediwa ke botlhe. 16 A tla mo Nasaretha mo a goletseng teng, mme jaaka e le tlwaelo a tsena mo sinagogeng ka Sabata, a ema ka dinao go balela kwa godimo. 17 Lekwalo la moporofiti Esaeya la tsisiwa kwa go ene. A bula lekwalo, a bona fa go kwadilweng gotwe," 18 Moya wa Morena o mo go nna, gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi mafoko a a molemo. O nthometse go golola ba ba mo botshwarong, go busetsa difofu pono, go golola ba ba gateletsweng, 19 le go bolela ngwaga wa bopelontle jwa Morena." 20 A tswala lekwalo a le busetsa motlhokomedi, mme a nna fa fatshe. Matlho a botlhe ba ba mo sinagogeng a tsepegwa mo go ene. 21 A simolola go bua le bone, "Gompieno Lekwalo le le rurifaditswe mo go lona." 22 Mongwe le mongwe a bua bontle ka ene, mme ba gakgamadiwa ke mafoko a a segofatsang a gagwe, mme ba botsa ba re, "A yo ga se morwa Josefa?" 23 Aba raya a re,"Ruri le ka nthaya seane se la re, 'Ngaka, ikalafe. Dira tsotlhe mo ga lona, tse go tweng o di dirile kwa Kaperaname.'" 24 Mme a re, "ke le bolelela boammaaruri ka re, moporofiti ga ake a amogelesega mo gagabo. 25 Boammaaruri ke gore go ne go na le batlholagadi ba bantsi mo Iseraele ka nako ya ga moporofiti Elija, fa legodimo le ne le tswetswe dingwaga tse tharo (3) le dikwedi tse thataro (6), leuba la wela naga yotlhe. 26 Mme Elija a seka a romelwa kwa go ope fa ese kwa go Seraphatha kwa Sitone, motlholagadi yo o neng a nna koo. 27 Go ne go na le baleperwa ba bantsi ka nako ya ga moporofiti Elisha mme ope wa bone a seka a fola fa ese Naamane wa Mosiria. 28 Botlhe ba ba neng ba le mo sinagogeng ba ne ba shakgala fa ba utlwa dilo tse. 29 Ba ema, ba mo pateletsa go tswa mo motseng, ba bo ba mo isa kwa godimo mo setlhoeng sa thaba e toropo ya bone e agilweng mo go yone, gore ba tle ba mo dige mo go sone. 30 Mme a ba ralala a ya lefelong le sele. 31 A fologela kwa Kaperename, toropo ya Galalea a simolola go ba relela ka Sabata. 32 Ba gakgamadiwa kethuto ya gagwe thata, ka a ne a bua ka taolo. 33 Go ne go na le monna yo o tshwerweng ke mewa e e maswe mme a goa a re, " 34 Re ka dira eng ka wena Jeso wa Nasaretha? A o tsile go re senya? Ke a go itse-O Moitshepi wa Modimo!" 35 Jeso a kgalemela letimona, a re, "Didimala, o tswe mo go ene!" Fa letimone le sena go mo latlhela fa fatshe fa gare ga bone, la tswa mo go ene, le sa mo utlwisa botlhoko ka gope. 36 Botlhe ba gakgamala thata mme ba buisana ka ga seo. Bare, "Mafoko a ke a mofuta mang? O laola mewa e e bosula ka nonofo le thata mme e tswe." 37 Dikgang ka ga gagwe tsa simolola go tuma mo tikologong ya kgaolo yotlhe. 38 Jeso a tswa mo sinagogeng a tsena mo ntlong ya ga Simone. Mogwagwadi wa ga Simone o ne a lwala letshoroma mme ba mo kopela gore a mo fodise. 39 A mo okama a kgalemela letshoroma, mme la tswa mo go ene. A ema a ba direla. 40 Fa letsatsi le phirima, batho ba tsisa batho ba ba lwalang malwetsi a a farologanyeng kwa go ene. A ba baa diatla botlhe, a ba fodisa. 41 Matimona a tswa mo go ba ba bantsi a lela a re, " O morwa Modimo." Jeso a a kgalemela a a itsa go bua ka gore a itse gore ke Keresete. 42 Mo mosong a tswela fa thoko. Bontsi jwa batho ba mo senka mme ba ya fa go ene. Ba leka go mo kganela go ba tlogela. 43 Mme a ba ra ya a re, " Ke tshwanetse go rerela batho ba bangwe mo mafelong a mangwe mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo, gonne ke sone se ke se romeletsweng mono. 44 A tswelela a rera mo disinagogeng go rarala Jutia.