Kgaolo 3

1 Mo ngwageng wa lesome le botlhano (15) wa go busa ga ga Teberia Kaisara-fa Pontose Pilatwe, e ne ele mmusi wa Jutia, Herote e ne ele mmusi wa Galalea, morwa rraagwe Felipo e ne ele mmusi wa kgaolo ya Eturia le Terakonese, le Lesaniase o ne a busa ko Abelane, 2 ka nako ya Anase le Kaifase e le baperesiti, lefoko la Modimo la tla kwa go Johane morwa Sakarea kwa nageng. 3 O ne a tsamaya le dikgaolo tsotlhe tse di mo Jorotane, a rera ka kolobetso ya boikotlhao gore ba itshwarelwe dibe. 4 Jaaka go kwadilwe mo bukeng ya mafoko a ga Esaiya moporofite, ''Lentswe la mongwe la goeletsa go tswa mo nageng, 'baakanya tsela ya Morena, tlhamalatsa mmila wa gagwe. 5 Mokgatsha mongwe le mongwe o tlaa tladiwa, le thaba nngwe le nngwe le lekgabana di tla a isiwa tlase, le ditsela tse di sa tlhamalalang di tla a tlhamaladiwa, ditsela di tla a agiwa mo mafelong a a sa siamang, 6 le nama yotlhe e tla a bona poloko ya Modimo.''' 7 Foo Johane a raya matshwititshwiti a a neng a tsile gore a ba kolobetse, ''Lona ba losika la dinoga! Ke mang yo o le tlhagisitseng go tshaba tshakgalo e e tlang? 8 Ke gone, ntshang maungo a a tshwanetseng boikotlhao, mme le seka la ithaya le re, 'Rena le rrarona Aborehama,' ke a le bolelela gore Modimo o kgona go direla Aborehama bana ka majwe a. 9 Selepe se mo meding ya ditlhare. Ka gore setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng maungo a a molemo se tlaa rengwa se latlhelwa mo molelong.'' 10 Matshwititshwiti a mmotsa, a re, ''Ke eng se re tshwanetseng go se dira?'' 11 A araba a ba raya a re, ''Fa mongwe a na le diaparo tse pedi, a a abele yo mongwe yo o senang sepe, mme le yo o nang le dijo a a dire jalo.'' 12 Bakgethise le bone ba tla go kolobediwa, mme ba mo raya ba re, ''Moruti, re tshwanetse ra dirang?'' 13 A ba raya a re, ''Le seka la kgethisa madi a mantsi go feta a le laotsweng go a tsaya.'' 14 Masole mangwe le one a mmotsa, a re, ''Wa reng ka ga rona? Re tshwanetse ra dira eng? A ba raya a re, ''Le seka la tsaya madi mo go ope ka dikgoka, gape le seka la pateletsa ope. Kgotsofalelang tuelo ya lona.'' 15 Batho ba ne ba emetse go tla ga gago Jeso ka tlhoafalo, mongwe le mongwe o ne a ipotsa mo pelong ka ga Johane gore a ke ene Keresete. 16 Johane a ba araba botlhe a re, ''Nna, ke le kolobetsa ka metsi, mme go tla mongwe yo o nonofileng go nkgaisa, ga ke a nonofa le fa e le go bofolola kgole ya setlhako sa gagwe. O tlaa le kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo. 17 Leselo la gagwe le mo seatleng sa gagwe go olosa se se mo seboaneng sa gagwe, le go phuthela mabele mo sefalaneng sa gagwe. Mme mmoko o tla a o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.'' 18 Johane a tswelela ka go kgothatsa, a rerela batho dikgang tse di molemo. 19 Fa Herote wa molaodi a sena go kgalemelelwa go nyala mosadi wa ga monnawe Herotease, le dilo tsotlhe tse di bosula tse Herote a di dirileng, 20 ba okeletsa ka se, a latlhela Johane mo kgolegelong. 21 Mme ga diragala ya re batho botlhe ba sena go kolobediwe, Jeso le ene a kolobediwa, mme yare a santse a rapela magodimo a bulega, 22 mme Mowa oo Boitshepo wa tla o le mo tshwanong ya lephoi wa fologelela mo go ene jaaka lephoi, mme lentswe la tswa kwa legodimong, ''O Morwaake, yo ke moratang. Ke itumela mo go wena.'' 23 Fa Jeso a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a ka nna dingwaga tse di masome mararo (30). E ne ele Morwa Josefa (jaaka go ne go akanyediwa), morwa Heli, 24 morwa Mathate, morwa Lefi, morwa Meleka morwa Jonae, morwa Josefa. 25 Josefa e ne ele morwa Mathatese, morwa Amose, morwa Nahume, morwa Esele, morwa Nagai, 26 morwa Mathatese, morwa Semeine, morwa Joseko, morwa Jota. 27 Jota ene ele morwa Joana, morwa Rosa, morwa Serubabele, morwa Salethele, morwa Neru, 28 morwa Meleka, morwa Adi, morwa Kosame, morwa Elemedame, morwa Era, 29 morwa Joshua, morwa Eliesa, morwa Joreme, Morwa Mathate, morwa Lefi. 30 Lefi e ne ele morwa Simone, morwa Juta, morwa Josefa, morwa Joname, morwa Elekime, 31 morwa Melea, morwa Menana, morwa Mathate, morwa Nathane, morwa Tafita, 32 morwa Jese, morwa Obete, morwa Boase, morwa Salemone, morwa Nashane. 33 Nashane e ne ele morwa Amenatabo, morwa Atemina, morwa Nani, morwa Heserone, morwa Perese, morwa Juta, 34 morwa Jakobe , morwa Esake, morwa Aborehama, morwa Tera, morwa Nakora, 35 morwa Seruga, morwa Rehu, morwa Pelega, morwa Ebera, morwa Shelera. 36 Shalahe ene ele morwa Kanane, morwa Aphakasete, morwa Shema, morwa Noa, 37 morwa Lameka, morwa Methusela, morwa Enoko, morwa Jeredi, morwa Mahalalele, morwa Kanana, 38 morwa Enose , morwa Sethe, morwa Atamo, Morwa Modimo.