Kgaolo 2

1 Jaanong mo metlheng eo ya ga Kaisara Akasetose, a ntsha taolo ya gore go nne le palo batho botlhe mo lefatsheng. 2 E ne e le palo batho ya ntlha fa e sale Kereniase e nna molaodi wa Seria. 3 Jaanong mongwe le mongwe a boela ko motseng mogolo wa bone go ya go ikwadisa. 4 Josefa le ene a tswa ko Galalea go tswa mo motse mogolo wa Nasaretha go ya Jutea, mo motse mogolo wa ga Tafite e e bidiwang Bethelehema. E ne e le wa ntlo le wa lesika la ga Tafite. 5 A ya koo go ikwadisa a na le Marea yo a neng a mmeeleditse, o ne a imile. 6 Ya re ba santse ba le koo, nako ya go belega ngwana wa gagwe ya goroga. 7 A belega ngwana wa mosimane, e le wa ntlha a mo phutha ka matsela a bo a mo robatsa mo bojelong jwa dipitse, ba ne ba sena kamore ko matlong a boroko. 8 Ga bo go na le badisa mo kgaolong eo ba ba neng ba nna mo masimo, ba disitse letsomane la bone bosigo. 9 Moengele wa Morena a ba iponagaletsa, mme kgalalelo ya Morena ya phatsima mo tikologong ya bone, mme ba tladiwa ka poifo e kgolo. 10 Jaanong Moengele a ba raya a re, ''Le seka la boifa, ka gore ke le tliseditse mafoko a molemo a a tla tlisang boitumelo jo bogolo mo bathong botlhe. 11 Gompieno mo toropong ya ga Tafite le tsholetswe mmoloki! Ke Keresete Morena! 12 Se ke tshupegetso e le tla e neelwang: Le tla bona ngwana a phothilwe ka matsela a robaditswe mo bojelong jwa dipitse.'' 13 Mo nakong eo moengele a bo a na le mophato o mogolo wa masole a legodimo ba galaletsa Modimo ba re, 14 ''Kgalaletso go Modimo yo o mo godimodimo, a go nne kagiso mo lefatsheng mo bathong ba a itumelang mo go bone'' 15 Ga tla mo go bone fa baengele ba sena go ba tlogela ba tsene mo legodimong, badisa ba raana ba re, ''A re tsamayeng jaanong ko Bethelehema, re ye go bona se se diragetseng, se Morena a se re itsesitseng.'' 16 Ba itlhaganelela teng ba fitlhela Marea le Josefa, ba bona ngwana a robaditswe mo bojelong ja dipitse. 17 Morago ga go mmona, ba bolelela batho ka se ba se itsesitsweng ka ngwana yo. 18 Botlhe ba ba neng ba utlwile ba ne ba hakgamadiwa ke se ba neng ba se b0lelelwa ke badisa. 19 Mme Marea a nna a akantse dilo tsotlhe tse a di utlwileng, a di boloka mo pelong ya gagwe. 20 Badisa ba boa ba galaletsa Modimo mo go tsotlhe tse ba di utlwileng ba bo ba di bona, fela jaaka ba di boleletswe. 21 Ka jalo ya re letsatsi la borobabobedi ( 8 ) le wela a rupisiwa, a bidiwa Jeso, leina le a le filweng ke moengele pele a imiwa mo popelong ya ga mmaagwe. 22 Fa malatsi a ntlafatso a a kopilweng a wela go ya ka molao wa ga Moshe, Josefa le Marea ba mo tsisa mo tempeleng go mo neela mo Moreneng. 23 Jaaka go kwadilwe mo molaong wa Morena, ''Ngwana wa mosimane mongwe le mongwe wa ntlha o tla beelwa Morena fa thoko.'' 24 Ka jalo ba ntsha setlhabelo jaaka go builwe mo molaong wa Morena, '' maphoi a mabedi kgotsa maeba a mabedi.'' 25 Bonang, ga bo go na le monna mo Jerusalema a bidiwa Simone, monna yo a le mosiami e bile a ineetse. O ne a batla kgomotso ya Iseraele, mme Mowa o Boitshepo wa bo o na le ene. 26 O ne a senoletswe ke Mowa o Boitshepo gore ga a na go swa pele ga a bona Morena wa' Keresete. 27 A eteletswe pele ke Mowa o Boitshepo Simone a tla mo tempeleng. Fa batsadi ba tsisa ngwana Jeso go mo direla ka fa tlwaelesegong ya molao, 28 a mo kuka a mo tsenya mo matsogong a galaletsa Modimo a re, 29 '' Jaanong letlelela motlhanka wa gago go tsamaya ka kagiso Morena go ya ka lefoko la gago. 30 Gonne matlho ame a bonye poloko ya gago, 31 e o e baakantseng mo ponong ya batho botlhe: 32 Lesedi la tshenolo ko Baditshabeng le kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele.'' 33 Batsadi ba ngwana ba ne ba hakgamaditswe ke se se neng se buiwa ka ene. 34 Simone a ba segofatsa a bo a raya Marea mmaagwe a re, "ngwana yo o tlhometswe go wa le go tsoga ga batho ba bantsi mo Isaraele le mo tshupelong ya gore o gannwe- 35 mme tshaka e tla tlhaba tlhaloganyo ya gago-gore dikakanyo tsa batho ba bantsi di tle di senolwe." 36 Mosadi mongwe wa moporofiti yo o neng a bidiwa Ana o ne a le foo. E ne e le morwadia Fanoele go tswa mo morafeng wa Asha. O ne a tsofetse thata. O ne a nna le monna wa gagwe dingwaga tse supa ( 7 ) morago ga go tlhakanela dikobo le ene, 37 a bo a nna motlholagadi dingwaga tse di masome a robang bobedi le bone(84). Ga a ise a ko a tswe mo tempeleng, mme o ne a direla mo tempeleng itimo dijo le dithapelo bosigo le motshegare. Ka yone nako eo a ba atumela, a bo a simolola go isa 38 malebogo ko Modimong a bua ka ngwana mo mongwe le mongwe yo o ntseng a letetse kgololo ya Jerusalema. 39 Fa ba sena go fetsa sengwe le sengwe se ba kopilweng go se dira ka fa molaong, ba boela Galalea ko toropong ya bone. 40 Ngwana a gola a nonofa, a gola mo botlhaleng le mautlwelo botlhoko a Modimo a ne a na le ene. 41 Batsadi ba gagwe ba ne ba ya moletlo wa tlolagano ko Jerusalema ngwaga le ngwaga. 42 Fa a le dingwaga tse di lesome le bobedi ( 12 ) ba tsamaya gape ka nako ya tlwaelo ba ya moletlong. 43 Fa ba sena go nna malatsi otlhe a moletlo, ba simolola go boela gae. Mme mosimane Jeso a sala mo Jerusalema batsadi ba gagwe ba sa lemoge. 44 Ba ne ba akanya gore o na le setlhopha se ba tsamayang le sone, ba tsamaya sekgala sa letsatsi ba bo ba simolola go mmatla mo masikeng le ditsala tse ba nang le tsone. 45 Ya re ba sa mmone ba boela Jerusalema ba simolola go mmatla teng. 46 Ga diragala gore morago ga malatsi a mararo ( 3 ) ba mo fitlhela mo tempeleng, a ntse fa gare ga baruti, a ba reeditse a bo a ba botsa dipotso. 47 Botlhe ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba hakgamaditswe ke go tlhaloganya ga gagwe le dikarabo tsa gagwe. 48 Fa ba mmona ba ne ba hakgamala. Mmaagwe a mo raya a re, "Morwaaka, ka go reng o re tsaya ka tsela e? Reetsa, nna le rrago re ntse re tshwenyegile re go batla. '' 49 A ba raya a re, ''Ka goreng le ne le mpatla? A le ne le sa itse gore ke tshwanetse ka nna mo ntlong ya ga Rre?'' 50 Mme ba ne ba sa tlhaloganye gore mafoko ao a ne a raya eng . 51 Jalo a boela le bone kwa ga bone ko Nasaretha a nna boikobo mo go bone. Mmaagwe a boloka tse tsotlhe mo pelong ya gagwe. 52 Mme Jeso a tswelela ka go gola mo botlhaleng le seriti, a gola mo go ratweng ke Modimo le batho.