1 O ne a bitsa ba ba lesome le bobedi mmogo mme a ba neela maatla le taolo mo godimo ga matimona otlhe le go fodisa malwetsi. 2 O ne a ba roma go ya go rera bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse. 3 A ba raya a re,''lo seka lwa tsaya sepe mo loetong la lona, le fa e le thobane,sekgwema sa madi, senkgwe,madi le fa e le seaparo sa tlaleletso. 4 Ntlo nngwe le nngwe e le tsenang mo go yone, le nne mo go yone go fitlhela le tsamaya. 5 Fa ba sa le amogeleng teng, fa le tswa mo motseng oo, le tlhotlhore lerole mo dinaong tsa lona e le bopaki kgatlhanong le bone.'' 6 Mme ba ne ba emelela ba ralala metse, ba bolela mafoko a a molemo le go fodisa gongwe le gongwe kwa ba yang. 7 Mme jaana Herote a utlwa ka tsotlhe tse di neng di diragala, mme a gamarega, ka gore bangwe ba ne ba bua ba re Johane wa mokolobetsi o tsogile mo baswing, 8 fa ba bangwe ba re Elija o bonetse, mme bangwe bone ba re mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile. 9 Herote a re, ''ke kgaotse Johane tlhogo, mme yo ke mang yo ke utlwang dilo ka ga gagwe?'' mme a leka go mmona. 10 Fa baaposetolo ba boa, ba mmolelela sengwe le sengwe se ba se dirileng. Mme a ba tsaya ,a tsamaya le bone ka sephiri kwa motseng o o bidiwang Bethesetha. 11 Mme e rile fa bontsi bo utlwalela ka selo se, ba mo sala morago. A ba amogela mme a bua le bone ka bogosi jwa Modimo le go fodisa bone ba ba tlhokang phodiso. 12 Mme jaana letsatsi le ne le setse le phirima, ba ba lesome le bobedi ba tla kwa go ene mme ba re, ''Romela batho gore ba ye kwa metseng le dikgaolwana tse di mo tikologong go bona ko ba ka lalang teng le go batla dijo, ka gore re mo lefelong le go senang batho teng.'' 13 Mme a ba raya a re, ''Lona ba neeleng sengwe sa go ja.'' Ba re, ''Ga re na sepe se sentsi se se fetang dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi- fa e se fela re ya go rekela batho botlhe dijo.'' 14 (Go ne go le banna ba ba ka nna dikete di le tlhano ((5 000)). O ne a raya barutwana a re, ''Ba reye ba nne fa fatshe ka ditlhopha ba le masome matlhano (50), setlhopha sengwe le sengwe.'' 15 Mme ba dira jalo, ba baya batho fa fatshe. 16 A tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelalela kwa legodimong, a di segofatsa a di ngathoganya, a di neela barutwa ba gagwe go di abela batho. 17 Ba ne ba ja botlhe a bo ba kgora, mme masalela a dijo tse, a ne a tsenngwa mo ditlatlaneng di le lesome le bobedi. 18 Ga diragala e rile Jeso a rapela a le nosi, barutwana ba ne ba na le ene. A ba botsa a re, ''Batho ba re ke mang?'' 19 Ba araba ba re, ''Johane wa Mokolobetsi. Mme bangwe ba re Elija, mme bangwe ba re mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile''. 20 Jalo a ba raya a re, ''Mme lona la re ke mang?'' Petere a araba a re, ''O Keresete wa Modimo." 21 O ne a gatelela gore ba seka ba bolelela ope, 22 a re, ''Morwa Motho o tshwanetse a boga dilo di le dintsi le go ganwa ke bagolwane, le baperesiti ba bagolo le bakwadi, mme o tla bolawa mme e re ka letsatsi la boraro a tsosiwe.'' 23 Jalo a ba raya botlhe a re, ''Fa motho a batla go ntshala morago o tshwanetse a itatola bo ene a bo a tsaya mokgoro wa gagwe letsatsi le letsatsi mme a ntshale morago. 24 Le fa e le mang yo a bolokang botshelo jwa gagwe bo tla mo latlhegela, mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tla bo boloka. 25 Go molemo o fe gore motho a rue lefatshe lotlhe mme a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe? 26 Le fa e le mang yo a ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko ame, ene Morwa Motho o tla mo tlhabelwa ke ditlhong fa a tla a le mo kgalalelong ya gagwe le kgalalelo ya ga Rara le ya baengele ba ba boitshepo. 27 Mme ke lo bolelela ka boammaaruri, gona le bangwe ba ba emeng fa ba ba se kitlang ba a swa pele ga ba bona bogosi jwa Modimo''. 28 Jaana malatsi a le boferabobedi morago ga Jeso a sena go bua mafoko a, A tsamaya le Petere ,Johane le Jakobe ba ya kwa thabeng go ya go rapela. 29 E rile a ntse a rapela tebego ya sefatlhego sa gagwe ya fetoga mme diaparo tsa gagwe tsa galalela ka bosweu. 30 Bonang, banna ba le babedi ba ne ba bua le ene, Moshe le Elija, ba ba bonagetseng mo kgalalelong e kgolo. 31 Ba ne ba bua ka loeto ga gawe,le a neng a le gaufi le go wetsa ko Jerusalema. 32 Jaana Petere le bone ba ba neng ba na le ene ba ne ba thulametse thata, mme e rile fa ba tsoga, ba bona kgalalelo ya gagwe le banna ba babedi ba ba neng ba eme fa go ene. 33 Jaaka ba ne ba tswa fa go Jeso, Petere a mo raya a re ''Morena, go molemo mo rona gore a bo re le fa. A re age matlo a mararo fa, e nngwe ya gago, e nngwe ya ga Moshe le e nngwe ya ga Elija.'' (O ne a sa itse gore a reng.) 34 Ya re a ntse a bua , Leru la tla la ba khurumetsa, mme ba boifa jaaka ba ne ba tsena mo lerung. 35 Lentswe la tswa kwa lerung le re, ''Yo ke Morwaake, ene yo o kgethilweng; mo reetseng.'' 36 Fa lentswe le sena go bua, Jeso a bonwa a le nosi. Ba ne ba didimala mme ba seka ba bolelela ope mo malatsing ao ka sepe se ba se boneng. 37 E rile ka letsatsi le le latelang, fa ba tswa kwa thabeng, matshwititshwiti a kopana le ene. 38 Bonang, monna go tsweng mo matshwititshwiting, a goeletsa a re, ''Moruti, ke kopa gore o tle go bona morwaake, go nne ke ngwana wame yo esi. 39 Mowa o maswe o tsere taolo mo go ene, ka bofefo o a kua; o mo dira gore a nne le mototwane, a bo a phoka mafulo. Ga go mo tlogele motlhofo, go mo ntsha matsadi. 40 Ke kopile barutwa ba gago go o koba mme ga ba a kgona.'' 41 42 Jeso a araba ka go re, "Lona ba le sa dumeleng le kokomane e e kgopo, ke tla nna le lona lobaka le le kae a bo ke dira le lona? Tlisa morwao kwano. ''E rile fa mosimane a tla, letimone la mo latlhela fa fatshe, la mo tshwara ka thararego. Mme Jeso a koba mowa o leswe, a fodisa mosimane, a mo neela rraagwe. 43 Mme botlhe ba ne ba gakgamalela bogolo jwa Modimo. Ya re ba gakgamaletse tsotlhe tse a neng a di dira, a raya barutwa ba gagwe a re, 44 ''A mafoko a, a tsenelele mo teng ga ditsebe tsa lona: Morwa Motho o tla okelwa mo diatleng tsa batho.'' 45 Mme ba ne ba sa tlhaloganye molaetsa o. O ne o ba filhegetse, ba sa tlhaloganye bokao jwa one, mme ba boifa go botsa bokao. 46 Ka jalo ba ganetsana ka gore ke mang yo o tla nnang mogolo mo go bone. 47 Mme Jeso ka a itse megopolo ya dipelo tsa bone, a tsaya ngwana a mmaya fa thoko gagwe 48 a ba raya a re, ''Le fa e le mang yo o tla amogelang ngwana yo mo leineng lame, o a nkamogela, mme le fa e le mang yo o nkamogelang, o amogela e ne yo o nthomileng. Gonne le fa e le mang yo mmotlana mo go lona ke ene yo o mogolo.'' 49 Johane a araba, ''Morena re bone mongwe a koba matimona ka leina la gago mme re ne ra mo kganela ka gore ga se mongwe wa rona.'' 50 ''Le seka la mo kganela,'' Ga bua Jeso. ''Ka gore le fa e le mang yo o seng kgatlhanong le rona ke wa lona.'' 51 Ya re fa malatsi a atamela a gore a tlhatlosiwe, a ipaakanyetsa go ya kwa Jerusalema. 52 A romela barongwa kwa pele ga gagwe, mme ba tsamaya ba ya go tsena mo motsing wa Samaria go mmakanyetsa sengwe le sengwe. 53 Mme batho ba teng ga ba a ka ba mo amogela ka gore o ne a ikaeletse go ya kwa Jerusalema 54 E rile fa barutwana, Jakobe le Johane ba bona se, ba re'' Morena a o batla re laola molelo go tswa legodimong go ba senya? 55 Mme a retologa a ba kgalemela, 56 mme ba ya kwa motseng o mongwe. 57 Jaaka ba ne ba tsamaya mo tseleng, mongwe a mo raya a re, ''Ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.'' 58 Jeso a mo raya a re, ''Bophokoje ba na le mesima, le dinonyane tsa loapi di na le dintlhaga, mme Morwa Motho ga a na fa a latsang tlhogo teng.'' 59 Mme a raya yo mongwe a re, ''Ntshala morago.'' Mme a re, ''Morena ntetla ke ye go fitlha Ntate''. 60 Mme a mo raya a re, ''Tlogela baswi ba fitlhe baswi ba e leng ba bone. Mme ka ga wena, tsamaya o ye go bolela kgakala le ka bophara, bogosi jwa Modimo.'' 61 Mme mongwe gape a re, ''Ke tla go sala morago, Morena, tla ke ye go laela pele ba ntlo yame.'' 62 Jeso a mo fetola a re, ''Ga go na ope yo e reng a tshwere mogoma ka letsogo a bo a leba ko morago yo o nonofetseng bogosi jwa Modimo."