Kgaolo 23

1 Lekoko lotlhe la bone la tsogologa la tsisa Jeso fa pele ga ga Pilato . 2 Ba simolola go mo pateletsa, ba re, ''Re fitlhetse monna yo a leswefatsa setshaba sa rona, a itsa gore Kaisara a fiwe tlotlo, a re ene ke Keresete, ke Kgosi.'' 3 Pilato a mmotsa, a re, ''A ke wena kgosi ya Bajuta?'' Jeso a araba a re, ''Wa rialo.'' 4 Pilato a raya baperesiti bagolo le bontsi jwa batho, a re, "Ga ke bone monna yo molato ope.'' 5 Mme ba gatelela, ba re, ''O hudua batho, o ruta mo Jutia otlhe, go simolola ko Galalea le go fitlha gone fa.'' 6 Fa Pilato a utlwa se, a botsa gore a Jeso ke moGalalea. 7 Fa a sena go lemoga gore o ka fa tlase ga taolo ya ga Herote, a romela Jeso kwa go Herote, yo le ene a neng a le mo Jerusalema ka matsatsi ao. 8 Fa Herote a bona Jeso, a itumela thata, gonne go ne go le bogologolo a ntse a batla go mmona. O ne a utlwaletse ka ga gagwe, ebile a solofetse go bona motlholo o dirwa ke ene. 9 Herote a botsa Jeso dipotso tse dintsi, mme Jeso a seka a mo araba le fa e le gangwe fela. 10 Baperesiti bagolo le bakwadi ba ema, ba pateletsa Jeso ba le makgwakgwa. 11 Herote le masole a gagwe ba roga Jeso ba ba ba mo kgoba. Go tloga foo ba mo apesa diaparo tse dintle ba mo romela gape kwa go Pilato. 12 Gonne Herote le Pilato ba ne ba nna ditsala gone ka letsatsi leo (pele ga mo, ba ne ba ilana). 13 Pilato a kgobokanya baperesiti bagolo le balaodi le bontsi jwa batho, 14 a ba raya a re, ''Le tsisitse monna yo jaaka ekete o gogela batho kwa go direng bosula, bonang, nna, morago ga go mmotsa dipotso fa pele ga lona, ga ke mmone molato mo dilong tse le mo pateletsang tsone. 15 Nnyaa, go ntse jalo le ka Herote, gonne o mo rometse gape kwa go rona, bonang, ga gona sepe se a se dirileng se a ka se atlholelwang leso. 16 Ka jalo ke tla mo otlhaya, ke bo ke mo golola.'' 17 Jaanong Pilato o ne a patelesega go gololela Bajuta mongwe wa magolegwa ka lebaka la moletlo. 18 Mme ba goeletsa botlhe kwa godimo ba re, ''Monna yo a tsamaele koo, re gololele Barabbas!'' 19 Barabbas e ne e le monna yo o neng a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya tsuololo mo motseng le polao. 20 Pilato a bua le bone gape, a eletsa go golola Jeso. 21 Ba goa, ba re, ''A a bapolwe, a a bapolwe.'' 22 A bua le bone laboraro a re, ''Ke eng, ke bosula bofe jo monna yo a bo dirileng? Ga ke a bona sepe mo go ene se se ka atlholelwang leso. Jalo he, morago ga ke sena go mo otlhaya ke tla mo golola.'' 23 Mme ba gatelela ka mantswe a a goelang kwa godimo, ba re ba batla gore a bapolwe. Mantswe a bone a gatelela Pilato. 24 Pilato a tsaya tshwetso ya go dira jaaka ba batla. 25 A ba gololela ene yo ba kopileng gore a gololwe, yo o neng a le mo kgolegelong ka ntlha ya lesukuru le polao. Mme a neela Jeso mo thatong ya bone. 26 Jaaka ba ne ba tswa ka ene, ba tshwara Simone wa moSeria, yo a neng a tswa kwa ntle ga motse, ba mo rwesa sefapaano, a sala Jeso morago. 27 Bontsi jo bogolo jwa batho, le basadi ba ba neng ba lela ba mo hutsafaletse, ba ne ba mo setse morago. 28 Mme Jeso a retologela kwa go bone, a ba raya a re, ''Barwadi ba Jerusalema, se nteleleng, iteleleng lona le bana ba lona. 29 Gonne bonang, matsatsi a etla a ba tla buang ba re, 'Go segofetse baopa le dibopelo tse di tlhokileng go tshola, le mabele a a tlhokileng go amusa.' 30 Go tloga foo ba tla raya dithaba ba re, 'Re weleng,' le dithabana ba re, 'Re khurumetseng.' 31 Fa ba dira dilo tse setlhare se sa ntse se le setala, go tla diragala eng fa se omeletse?'' 32 Banna ba bangwe, e le dirukutlhi tse pedi, ba tsewa le ene go ya go bolawa. 33 Fa ba fitlha kwa lefelong le le bidiwang ''Legata,'' ba mmapola, le dinokwane - yo mongwe kwa mojeng wa gagwe, yo mongwe kwa molemeng. 34 Jeso a re, ''Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.'' Go tloga foo ba dira khupelekhupele, ba kgaogana diaparo tsa gagwe. 35 Batho ba lebelela fa balaodi le bone ba mo kgoba, ba re, ''O bolokile ba bangwe. A a ipoloke, fa e le gore ke Keresete wa Modimo, yo o kgethilweng.'' 36 Masole le bone ba ikgatlha ka ene, ba mo atamela, ba mo fa seno se se bojarara, 37 ba re, ''Fa o le kgosi ya Bajuta, ipoloke.'' 38 Go ne ga bewa mokwalo fa godimo ga gagwe, ''Yo ke kgosi ya Bajuta.'' 39 Mongwe wa dirukutlhi tse di neng di kaletse fa go ene a mo roga a re, ''A ga o Keresete? Ipoloke le rona.'' 40 Mme yo mongwe a mo kgalemela, a re ''A ga o boife Modimo, jaaka o le mo kotlhaong e e tshwanang?' 41 Rona re fa re sa gobelelwa, gonne re amogela se se re tshwanetseng ka ntlha ya ditiro tsa rona. Mme monna yo ga a dira sepe se se molato.'' 42 Go tloga foo a re, ''Jeso, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.'' 43 Jeso a mo raya a re, ''Ammaaruri ke a go raya, letsatsi leno o tla bo o na le nna kwa parateiseng.'' 44 Jaanong e ne e le oura ya borataro, lefifi la apesa lefatshe lotlhe go fitlha ka oura ya boroba bongwe 45 jaaka letsatsi le ne la fifala. Ga diragala gore sesiro sa tempele se kgagoge ka bogare. 46 Jeso a lela ka lentswe le le golo, a re, ''Rara, ke neela moya wame mo diatleng tsa gago.'' Morago ga go bua se, a swa. 47 Moeteledipele wa masole e rile a bona se se diragetseng, a galaletsa Modimo, a re ''E le ruri yo e ne e le monna wa mosiami.'' 48 Fa bontsi jwa batho ba ba neng ba tsile go bona tiragalo ba bona se se diragetseng, ba boa ba ntse ba itaya dihuba tsa bone. 49 Mme ba ba neng ba mo itse, le basadi ba ba neng ba mo setse morago go tswa Galalea, ba ne ba eme kgakajana, ba lebile ditiragalo tse. 50 Bonang, ga bo go na le monna gotwe Josefa, yo e neng e le leloko la khuduthamaga. E ne e le monna yo o molemo wa mosiami. 51 Monna yo o ne a sa dumalana le tshwetso ya khuduthamaga le tiro e ba e dirileng. O ne a tswa mo Galalea mo motseng wa Aremathea; ebile o ne a batla bogosi jwa Modimo. 52 Monna yo, a ya kwa go Pilato, a kopa mmele wa ga Jeso. 53 A o folosa, a o phuthela ka matsela a a boleta, a o baya mo lebitleng le le neng le gabilwe mo lentsweng, fa go neng go ise go bewe ope teng. 54 E ne e le letsatsi la Paakanyo, letsatsi la Sabata le le gaufi le go tlhaba. 55 Basadi, ba ba tsileng le Jeso go tswa Galalea, ba ya go bona lebitla le ka fa mmele wa gagwe o neng o beilwe ka teng. 56 Ba boa, ba ya go baakanya dinkgisa monate le ditlolo. Mme ka Sabata ba itapolosa go ya ka fa taolong.