1 Jaana Modiro wa borotho jo bo sa bidisiwang wa bo o atamela, o o bidiwang Tlolaganyo. 2 Ditlhogo tsa baperesiti le bakwadi ba buisanya kafa ba ka bolayang Jeso ka teng, ka ba boifa batho. 3 Mme satane a tsena mo go Jutase Isekariota, yo e ne e le mongwe wa ba ba lesome le bobedi. 4 Jutase a ya go buisanya le ditlhogo tsa baperesiti le baeteledipele ka fa o ka mo ba neelang ka teng. 5 Bane ba itumela, mme ba dumalana go mo neela madi. 6 A dumalana nabo, mme a senka sebaka se a tlaa ba mo neelang ka sone go sena batho ba bantsi. 7 Letsatsi la borotho jo bo sa bidisiwang la tla, le konyana ya Tlolaganyo e tshwanetseng go tlhabiwa ka lone. 8 Jeso a romela Petere le Johane, a re, ''Tsamayang le baakanyeng sejo sa Tlolaganyo gore re tle re se je.'' 9 Ba mmotsa ba re, ''O batla reya go baakanya kae?'' 10 A ba araba a re, ''Reetsang, fa lo sena go tsena mo motsing, lo tlaa kopana le monna a rwele nkgwana ya metsi. Lo mo sale morago lo tsene le ene mo ntlong e a yang mo go yone. 11 Lo bo lo raya mong wa ntlo lo re, 'Moruti o botsa jaana gore, ''Ntlwana ya baeng e fa kae, e ke tlaa jelang Tlolaganyo le barutwa bame teng?'' 12 O tlaa lo bontsha ntlwana e tona e e kwa godimo. Baakanyang gone koo.'' 13 Jaana ba tsamaya, mme ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse jaaka a se ba boleletse. Ba baakanya dijo tsa Tlolaganyo. 14 Mme e rile fa nako e gorogile, a nna fa fatshe le ba aposetolo. 15 Mme a ba raya a re, ''Ke eleditse thata go ja Tlolaganyo e le lona pele ga ke bogisiwa. 16 Mme ke lo raya ke re, ga kena go e ja gape, go fitlhela go rurifadiwa mo bogosing jwa Modimo.'' 17 Mme Jeso a tsaya senwelo, mme ya re a sena go leboga, a re, ''Tsayang se mme lo se kgaogane. 18 Gonne ke lo raya ke re, ga ke kitla ke enwa ga leungo la mofine gape, go fitlhela bogosi jwa Modimo botla.'' 19 A ba a tsaya borotho, fa a sena go leboga, a bo a bo kgaoganya, mme a bo ba neela, a re, ''Se ke mmele wame o lo o neetsweng. Dirang mo lo nkgakologelwe ka gone.'' 20 Ka tsela e e tshwanang a tsaya senwelo morago ga selalelo, a re, ''Senwelo se ke kgolagano e ntsha mo mading ame, a a tshololetsweng lona.'' 21 Mme elang tlhoko, ene yo o ntherang o na le nna mo tafoleng. 22 Gonne Morwa Motho o tla a tsamaya fela jaaka go laotswe.Mme go hutsegile monna yo o ntherang. 23 Ba simolola go buisanyana mo go bone gore ke mang yo o tla a dirang selo se. 24 Mme go tswa foo ga tsoga kganetsanyo mo gare ga bone mme ba botsana gore ke mang o o tsewang a le motona. 25 A ba raya a re, ''Dikgosi tsa Baditshaba di dikgolo mo go bone, le bone ba ba nang le taolo ba lemogiwa e le ba ba direlang batho molemo. 26 Mme ga go a tshwanela go nna jaana mo go lona. Mme jalo, fa go na le yo mogolo mo go lona a a nne jaaka yo monnye.Mme ene yo o botlhokwa a nne jaaka yo o dirang. 27 Gonne ke mang yo mogolo, yo o ntseng mo tafoleng, kana yo o direlang? A ga se ene yo o ntseng mo tafololeng? Le fa go ntse jalo ke na le lona jaaka mongwe yo o direlang. 28 Mme ke lona ba lo tsweletseng le nna mo dithaelong tsame. 29 Ke lo neela bogosi fela jaaka Rre a bo nneetse, 30 gore lo tle lo je le bo le nwe ko tafoleng ko bogosing jwa me, gape lo tla a nna mo teroneng le atlhola ditshaba tse di lesome le bobedi tsa Iseraele. 31 Simone, Simone, ela tlhoko, Saatane o batla go go tsaya, gore a go sile jaaka korong. 32 Mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e seka ya palelwa. Mme e re o sena go boa gape, thatafatsa bakaulengwe. 33 Petere a mo raya a re ''Morena, ke ipaakanyeditse go tsamaya le wena gotlhe ko kgolegelong le ko lesong''. 34 Jeso a mo fetola a re, ''ke a go raya, Petere, mokoko ga o kake wa lela mo letsatsing le, pele ga o itatola ga raro gore ga o inkitse.'' 35 Mme Jeso a ba raya a re, ''Fa ke lo roma le sa tshola sekgwama le kgetsi ya mofago kana ditlhako, a lo ka tlhoka sengwe?'' Ba araba ba re, ''Sepe'' 36 Mme a ba raya a re, ''Mme gone jaana, mongwe yo o tshotseng sekgwama, mo tlogeleng a se tsee, le kgetsi ya mofago. Ene yo o senang tshaka a a rekise seaparo sa gagwe a ithekele. 37 Gonne ke lo raya ke re, se se kwadilweng ka game se tla a rurifadiwa, 'O ne a balelwa mo go ba ba neng ba le molato. 'Gonne se se neng se builweng ka nna se tla a rurifadiwa.'' 38 Mme ba ne ba re, ''Morena, bona! Tshaka tse pedi ke tse.''O ne a ba raya ba re, ''Go lekanye.'' 39 Morago ga dijo tsa maitseboa, Jeso a tsamaya, jaaka a tlwaetse, go ya ko thabeng ya Lotlhware, mme barutwa ba mo sala morago. 40 Mme e rile ba goroga a ba raya a re, ''Rapelang gore le seka la tsena mo thaelong.'' 41 Mme a tsamaya sekgalenyana go tswa fa go bone a khubama a bo a rapela, 42 a re, ''Rara, fa e le go rata ga gago, ntsha senwelo se mo go nna. Mme e seng thato yame, ya gago e dirafadiwe''. 43 Mme Moengele a tswa ko legodimong a iponafatsa mo go ene, a mo thatafatsa. 44 O ne a le mo botlhokong, a rapela thata, mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a magolo a madi a tshologela fa fatshe. 45 Mme e rile a ema a sena go rapela, a tla ko barutweng, mme o fitlhetse ba robetse ka gore ba ne ba na le kutlobotlhoko, 46 mme a ba botsa a re, ''Ke eng lo robetse?'' Emelela le rapele, gore lo seka la tsena mo thaelong.'' 47 E rile a ntse a bua, bonang, ga bonale bontsi jwa batho ba na le Jutase, mongwe wa ba ba lesome le bobedi a ba eteletse pele. A tla gaufi le Jeso mme a mo atla, 48 mme Jeso a mo raya a re, ''Jutase a o rekisa Morwa Motho ka go mo atla?'' 49 Mme ba ba neng ba na le Jeso fa ba bona se se diragalang, ba re, ''Morena a re kgaole ka tshaka?'' 50 Mme mongwe wa bone a kgaola motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola ka fa tsebeng ya mo ja. 51 Jeso a re, ''Go lekanye!'' A kgoma tsebe ya gagwe, mme a mo fodisa. 52 Jeso a raya Moperesiti yo mogolo, balaodi ba tempele, le mo bagolwaneng ba ba kgatlhanong le ene ''A lo dule le le kgatlhanong le legodu ka tshaka le ka ditlhopha. 53 Erile ke na le lona malatsi otlhe mo tempeleng ga le ise le ko le ntsenye letsogo. Mme ke nako ya lona le balaodi ba lefifi.'' 54 Ba mo tshwara, ba mo eteletsa pele, ba mo isa ko ntlong ya moperesiti yo mogolo. Mme morago ga lebaka Petere a mo sala morago. 55 Mme ya re ba sena go gotsa molelo fa gare ga kgotla ba nna fa fatshe botlhe, Petere a nna fa gare ga bone. 56 Mosadi mongwe wa motlhanka a mmona mo leseding la molelo, mme a mo lebelela ka tlhamalalo a bo a re, ''Monna yo, le ene o ne a na le ene'' 57 Mme Petere a latola seo, a re, ''Mosadi, ga ke moitse.'' 58 Morago ga lebakanyana mongwe le ene a mmona, a re'' O mongwe wa bone'' Mme Petere a re '' Monna ga ke ene.'' 59 Morago ga selekanyo sa oura, monna mongwe a tlhomamisa a re, ''Ammaaruri monna yo o ne a na le ene, ka gore ke mo Galalea.'' 60 Mme Petere a re '' Monna, ga ke itse se o se buang''. Ka bofefo e rile a ntse a bua mokoko wa lela. 61 A gadima, Morena a lebelela Petere, mme Petere a gakologelwa lefoko la Morena,fa a mo raya a re ''Pele ga mokoko o lela gompieno o tla a be o intatotse ga raro.'' 62 Petere a tswela ko ntle a lela mo go botlhoko. 63 Mme banna ba ba disitseng Jeso ba mo kgoba ba bo ba mmetsa. 64 Ba ne ba mo khurumetsa mme ba kopa ba re ''porofita'' ke mang yo o go iteileng, 65 Ba bua dilo di le dintsi kgatlhanong le Jeso, ba mo tlhapatsa. 66 Ka bofefo ka gone go le moso, bagolwane ba batho ba kgobokana botlhe,baperisiti ba ba golo le bakwadi. Ba mo eteletsa pele go ya kwa lekgotleng, 67 ba re ''Fa o le keresete, re bolelele'' mme a ba raya a re, '' Fa ke le bolelela ga le ka ke la dumela 68 gape ga ke le botsa ga le kake la nkaraba. 69 Mme go simolola ka nako e, Morwa Motho o tla a nna ka fa letsogong le le golo la nonofo ya Modimo'' 70 Botlhe ba bua ba re '' Jaanong a o Morwa Modimo?'' Jeso a ba raya a re, ''La re ke ene'' 71 Ba re, ''Ke eng fa re santse re tlhoka mosupi? Gonne rona re utlwile go tswa mo molong wa gagwe.''