1 Jeso a leba kwa godimo a bona bahumi ba tsenya dimpho tsa bone mo mabolokelong . 2 A bona motlholagadi mongwe wa motlhoki a tsenya madi a tshipi a le mabedi mo teng . 3 A bua a re, ''Boammaaruri jo ke bo le bolelelang ke gore, motlholagadi yo wa motlhoki o tsentse go le gontsi go feta botlhe . 4 Botlhe ba, ba ntshitse dimpho go tswa mo bontsing jo ba nang le jone. Mme motlholagadi yo, o ntshitse go tswa botlhoking jwa gagwe, tsotlhe tse botshelo jwa gagwe bo ikaegileng ka tsone.'' 5 Jaaka bangwe ba ne ba bua ka tempele, ka fa e kgabisitsweng ka teng ka matlapa a mantle le dikabelo, a bua a re 6 ''Fa e le ka ga dilo tse le di bonang tse, malatsi a etla a matlapa a a tla thubaganngwang fatshe mo le tla seke le fitlhele letlapa lepe le tlhatlaganye le le lengwe.'' 7 Ba mmotsa ba re ''Moruti, dilo tse di tla diragala leng? Dikai e tla nna dife tsa gore dilo tse di tloga di diragala? 8 Jeso a araba, ''Elang tlhoko gore le seka la tsiediwa. Gonne ba le bantsi ba tla tla mo leineng lame, ba re, 'Ke Ene,' le, 'Nako e gaufi.' Le seka la ba sala morago. 9 Fa le utlwalela dintwa le dikhuduego, le seka la tshoga, gonne dilo tse di tshwanetse tsa diragala pele, mme bokhutlo ga bo na go diragala ka bonako.'' 10 A ba raya a re ''Lefatshe le tla tsogologela lefatshe, le bogosi bo tla tsogologela bogosi . 11 Go tla nna dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, le ko mafelong a a farologanyeng go nne mauba le leroborobo la malwetse. Go tla nna ditiragalo tse di boitshegang le dikai tse dikgolo go tswa kwa legodimong. 12 Mme pele ga dilo tsotlhe tse, ba tla le tshwara ba le tlhokofatsa, ba le isa kwa disinagogeng le dikgolegelong, ba le isa fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina lame . 13 Se se tla le fa sebaka sa go fa bopaki ja lona. 14 Ka jalo ikaeleleng mo dipelong tsa lona go seka le baakanya boiphemelo jwa lona pele ga nako, 15 gonne ke tla le fa mafoko le botlhale jo baba ba lona ba tla seke ba bo gane le fa e le go ganetsanya le jone. 16 Mme le tla neelwa mo babeng ba lona ke batsadi, batsalwa le lona, masika le ditsala ebile ba tla bolaya bangwe ba lona. 17 Le tla tlhoiwa ke mongwe le mongwe ka ntlha ya leina lame. 18 Mme ga gona moriri o mongwefela wa tlhogo o o tla nyelelang. 19 Mo boitshokong jwa lona le tla somarela mewa ya lona. 20 Fa le bona Jerusalema a dikaganyeditswe ke mephato ya masole, le itse gore o gaufi la go nyelediwa. 21 Foo a ba ba mo Jutia ba tshabele kwa dithabeng, a ba ba mo gare ga motse ba tswe, mme le seka la letlelela ba ba kwa ntle mo lefatsheng go tsena teng. 22 Gonne a ke matsatsi a ipusolosetso, gore dilo tse di kwadilweng di dirafadiwe. 23 Go hutsegile ba ba imileng le ba ba amusang ka matsatsi ao! Gonne go tla nna le pheretlhego e kgolo mo lefatsheng, le kgalefo mo bathong ba . 24 Ba tla bolawa ka tshaka ba bo ba gapiwa go isiwa kwa ditshabeng tsotlhe, mme Jerusalema o tla gatakwa ke Baditshaba, go fitlhela nako ya Baditshaba e fela. 25 Go tla nna le dikai mo letsatsing, mo ngweding mo dinaleding le mo lefatsheng. Ditshaba di tla bo di le mo pheretlhegong, di tlhobaela ka ntlha ya go duma ga lewatle le makhubu. 26 Go tla nna le batho ba ba tla idibalang ka poifo le ka tsholofelo ya dilo tse di tlang go diragalela lefatshe. Gonne dinonofo tsa magodimo di tla tshikhinngwa. 27 Ba tla bona Morwa Motho a tla mo lerung ka thata le kgalalelo e kgolo. 28 Mme fa dilo tse di simolola go diragala, emang ka dinao le lebise ditlhogo tsa lona kwa godimo, gonne kgololo ya lona e atametse.'' 29 Jeso a bua le bone ka setshwantsho, "Lebelelang mofeige le ditlhare tsotlhe . 30 Fa di tswa matlhogela, le a iponela le be le itse gore selemo se setse se le gaufi. 31 Gape, fa le bona dilo tse di diragala, le itse gore bogosi jwa Modimo bo atametse. 32 Ammaaruri ke a lo raya, kokomane e ga e ka ke ya fela dilo tse di ise di diragale. 33 Legodimo le lefatshe di tla fela, mme mafoko ame ga a kake a fela. 34 Mme ikeleng tlhoko, gore dipelo tsa lona di seka tsa imelwa ke ditlamorago tsa go nwa le go tagwa, le matshwenyego a botshelo, le bo le welwa ke letsatsi le ka tshoganetso jaaka selaga. 35 Gonne le tla tla mo mongwe le mongweng yo o tshelang mo lefatsheng lotlhe . 36 Mme nnang le tsibogile ka dinako tsotlhe, le rapele gore le nonofele go falola dilo tsotlhe tse di tla diragalang tse, le go ema fa pele ga Morwa Motho.'' 37 Mo motshegareng o ne a ruta mo tempeleng, mme bosigo a ya go nna mo Thabeng ya Letlhware. 38 Batho botlhe ba ne ba tla mo mosong o mogolo ba tla go mo utlwa mo tempeleng.