1 Ga diragala gore letsatsi lengwe, ya re Jeso Keresete a ntse a ruta batho le go ba rerela mafoko a a molemo mo tempeleng, baperesiti bagolo le bakwadi ba tla le bagolwane kwa go ene. 2 Ba mo raya ba re, "O tsaya kae taolo ya go dira ditiro tse o di dirang? Kgotsa ke mang yo o go fileng taolo e?" 3 A ba araba a re "Le nna ke tla le botsa potso. Mpoleleleng ka 4 ga kolobetso ya ga Johane. A e ne e tswa kwa legodimong kana mo bathong?" 5 Ba buisana ka bo bone, ba re, "Fa re ka re, 'kwa legodimong,' o tsile gore, 'Jaanong ke eng le ne le sa mo dumele?' 6 Mme fa re ka re 'Mo bathong,' batho botlhe ba tsile go re kgobotletsa ka matlapa, ka ba ne ba dumela fa Johane e le moporofiti." 7 Ba mo fetola ka gore ga ba itse ko e tswang teng. 8 Jeso a ba raya a re, "Le nna ga ke ka ke ka le bolelela gore ke tsaya kae taolo e ke e dirisang." 9 A bolelela batho setshwantsho sengwe a re, "Monna mongwe o ne a lema tshimo ya mofine, a e hirisetsa balemi ba mofine, mme a ya go nna ko lefatsheng le sele ka lebaka le le telele. 10 Ka nako e e tlhomilweng, a roma motlhanka wa gagwe gore a mo tlele ka maungo a a mo tshimong. Mme balemi ba mofine ba ne ba mmetsa, ba mmusa a sa tshola sepe. 11 A romela motlhanka yo mongwe kwa go bone, mme le ene ba mmetsa, ba mo tshwara makgwakgwa, ba mo tlhabisa ditlhong mme ba mmusa a sa tshola sepe. 12 A roma motlhanka wa boraro, mme le ene ba mo golafatsa, ba mo latlhela kwa ntle ga tshimo. 13 Morena wa tshimo a re, 'Ke tla dira jang? Ke tla romela morwaake yo ke mo ratang thata. Gongwe ba tla mo tlotla.' 14 Mme ya re balemi ba mofine ba mmona, ba buisana ba re, 'Mojaboswa ke yo. A re mmolaeng gore boswa e tle e nne ja rona.' 15 Ba mo kobela kwa ntle ga tshimo ebe ba mmolaya. Mme morena wa tshimo o tla tla a ba dira eng? 16 O tla tla a ba senya a bo a e neela balemi ba mofine ba bangwe." Ya re ba utlwa mafoko ao, ba re, "Modimo a se letlelele seo!" 17 Mme Jeso a ba leba, a ba raya a re, "Se se kwadilweng sa reng: Letlapa le baagi ba le ganneng le fetogile lefika la pilara'? 18 Mongwe le mongwe yo o welang mo letlapeng leo o tla robagana. Mme ope yo le tla welang mo go ene, le tla mo sila." 19 Go tloga ka nako eo, bakwadi le baperesiti bagolo, ba ne ba batla go mo tshwara ka diatla ka gore ba ne ba itse fa a ne a buile setshwantsho se kgatlhanong le bone. Mme ba ne ba tshaba batho. 20 Ba ne ba simolola go mo lebelela ka kelelelo, ba romela batsayaditlholwa ba ba neng ba itira basiami, gore ba tle ba mmone molato mo mafokong a gagwe, gore ba tle ba mo ise ko molaong le ko taolong ya motsamaisi mogolo. 21 Ba mo raya ba re, "Moruti, re a itse fa o bua ebe o ruta sentle, gape o sa tlhotlheletswe ke maemo a ga ope, mme o ruta boammaaruri ka tsela ya Modimo. 22 A go ka fa molaong gore re duele Kaisara lekgetho kana nnyaa?" 23 Mme Jeso a tlhaloganya bonokwane ja bone, a ba raya a re, 24 "Mpontsheng ledi la dinari. Ke setshwantsho sa ga mang le leina la ga mang mo dinaring?" Ba mo raya ba re, "Kaisara." 25 A ba raya a re, "Neelang Kaisara dilo tse e leng tsa gagwe, ebe le neela Modimo dilo tse e leng tsa gagwe." 26 Ba gakgamalela karabo ya gagwe, mme ba seka ba bona molato mo puong ya gagwe, ba didimalela ruri. 27 Basedukai ba ba sa dumeleng fa go na le tsogo ya baswi, 28 ba tla kwa go ene ba mo raya ba re, "Moruti, Moshe o re kwaletse a re, fa monna yo o nyetseng a swa a sena ngwana , monnawe o ka nyala mosadi yo, mme a mo tsholela ngwana. 29 Go ne go na le barwarrammogo ba le supa, motsalwapele a nyala mosadi mme a tlhokafala a sena ngwana, 30 le wa bobedi ka go latelana. 31 Wa boraro a mo nyala le ene, mme botlhe ka bosupa ja bone ba nyala mosadi yo mme ba tlhokafala ba sena ngwana. 32 Morago ga moo, mosadi le ene a tlhokafala. 33 Mo tsogong, e tla nna mosadi wa ga mang? Ka botlhe ba ba supa ba ne ba mo nyetse." 34 Jeso a ba raya a re, "Barwa le barwadi ba lefatshe le ba a nyala ebile ba neelwa mo lenyalong. 35 Ba ba kaiwang ba tshwanelwa mo motlheng oo go amogela tsogo mo baswing, ga ba nyale gape ga ba neelwe gore ba nyalwe. 36 Gape ga ba ka ke ba tlhola ba swa gape, go nne ba lekana le baengele ebile ke barwa ba Modimo, ele barwa ba tsogo. 37 Mme gore baswi ba a tsoga, le Moshe o supile ko sekgweng se se neng se tuka, kwa a neng a bitsa Morena Modimo wa ga Aborahama, le Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakoba. 38 Jaanong ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi, gonne botlhe ba tshelela ene." 39 Bangwe ba bakwadi ba mo araba ba re, "Moruti o arabile sentle." 40 Gonne ga ba aka ba tlhola ba leka go mmotsa dipotso gape. 41 Jeso a mo raya a re, "Ba raya jang ba re Keresete ke Morwa Tafite? 42 Gonne Tafite le ene mo lekwalong la Dipesalema a re, Morena o ne a raya Morena wame a re, 'Nna ka fa letsogong lame la moja 43 go fitlhela ke dira baba ba gago bobeo jwa dinao tsa gago.' 44 Tafite jalo he, o bitsa Keresete a re 'Morena', jaanong, ke Morwa Tafite jang?'' 45 Ya re batho botlhe ba mo reeditse, a bua le barutwana ba gagwe a re, 46 "Elang tlhoko bakwadi, ba ba eletsang go tsamaya ba apare dipurapura tse di telele, ebile ba rata go dumedisiwa mo marekisetsong, le ditilo tsa batlotlegi mo disinagogeng, le ditilo tse di faphegileng mo meletlong. 47 Ba tlhasela le malapa a batlholagadi, le go itshupa ka dithapelo tse di telele. Batho ba go tshwana le ba, ba ya go amogela katlholo e kgolo."