1 Jeso a tsena mme a ralala motse wa Jeriko. 2 Ga bo go na le monna mongwe yo o bidiwang Sakaio. E ne e le mokgethisi mogolo ebile a humile. 3 O ne a leka go bona gore Jeso ke mang, mme a sa kgone ka lebaka la bontsi ja batho, ka a ne a le mokhutshwane. 4 Ka jalo a tabogela ko pele ga batho mme a palama setlhare sa mosikamore gore a tle a kgone go mmona, ka gore Jeso o ne a ya go feta ka tsela eo. 5 Ya re Jeso a feta fa lefelong la teng, a leba kwa godimo, a mo raya a re, "Sakaio, a itlhaganele o fologele kwa tlase, ka gore ke tshwanetse go tlhola ko ga gago." 6 A itlhaganelela go fologela kwa tlase, a mo amogela ka boitumelo. 7 Ya re batho botlhe ba bona se se diragala, ba ngongorega, ba re, "O ile go etela monna yo e leng moleofi." 8 Sakaio a ema a raya Morena a re, "Morena, bona, sephatlo sa dithoto tsame ke di neela bahumanegi, mme fa ke tsieditse mongwe ka sepe hela, ke tla se busa se menagane gane." 9 Jeso a mo raya a re, "Letsatsi la gompieno, poloko e tsile mo lapeng le ka gore le ene ke morwa Aborahama. 10 Ka gore Morwa Motho o tletse go batla le go boloka batho ba ba latlhegileng." 11 Ya re ba utlwa mafoko a, a tswelela a bua le bone ka setshwantsho, ka gore o ne a le gaufi le Jerusalema, mme ba ne ba akanya gore mmuso wa Modimo o tla tla gone foo. 12 A bua a re "Monna mongwe wa morongwa wa kgosi o ne a ya kwa lefatsheng le le kgakala go ya go amogela bogosi jwa gagwe a bo a boa. 13 A bitsa batlhanka ba gagwe ba le lesome, a ba neela madi a mantsi, mme a ba raya a re, 'dirang kgwebo go fitlhela ke tla.' 14 Mme banni ba lefatshe la gagwe ba ne ba mo tlhoile, a bo ba romela babueledi kwa go ene ba re, 'ga re batle monna yo a re busa.' 15 Ga diragala gore fa a boa, a sena go amogela bogosi, a laola gore batlhanka ba a neng a ba file madi gore ba tsisiwe kwa go ene, gore a tle a itse gore ba dirile poelo ya bokae. 16 Wa ntlha a tla kwa go ene a re, 'Morena, madi a o a nneetseng a oketsegile ga lesome.' 17 Monna wa morongwa wa kgosi a re, 'O dirile sentle motlhanka yo o molemo. Ka gore o nnile boikanyego mo go se se nnye, o tla busa metse e le lesome.' 18 Wa bobedi a tla kwa go ene a re, 'Madi a gago morena, o oketsegile ga tlhano.' 19 Monna wa morongwa wa kgosi a mo raya a re, 'Busa metse e le metlhano.' 20 Yo mongwe a tla kwa go ene a re, 'Madi a gago ke a, a ke neng ke a beile ka pabalesego mo letseleng, 21 ke ne ke go tshaba ka o le motho yo o bogale. O tsaya dilo tse o sa di bayang fa fatshe, o roba kwa o sa jwalang teng.' 22 Morongwa wa kgosi a re, 'Ke tla go atlhola ka mafoko a gago, wena motlhanka ke wena o boikepo. O ne o itse fa ke le motho yo o bogale, ke tsaya se ke sa se bayang fa fatshe, gape ke roba fa ke sa jwalang teng. 23 Jaanong ke eng o ne o sa beeletse madi ame mo bankeng, gore fa ke boa a be a na le morokotso?' 24 Morongwa wa kgosi a raya batho ba ba neng ba bapile le ene a re, 'Mo tseeleng madi ao, mme le a neeleng yo o nang le madi a le lesome.' 25 Ba mo raya ba re, 'Morena, o na le madi a le lesome.' 26 'Ke a le raya ke re, mongwe le mongwe yo o nang le sengwe o tla se okelediwa, mme yo o senang sepe, le se a nang le sone o tla se tseelwa. 27 Baba bame ba ba ganneng ke ba busa, ba tsiseng, le ba bolaeng fa pele game." 28 Fa a sena go bua dilo tse, a tswelela le mosepele wa gagwe a ya kwa Jerusalema. 29 Ga diragala gore e re a atamela Bethephage le Bethania, ko thabeng e e bitswang ya Lotlhware, a roma barutwana ba gagwe ba le babedi, 30 a re, "Yang kwa motsaneng yo o bapileng le o. Fa le tsena ko teng, le tla fitlhela tonki e e iseng e palangwe. Le e bofololeng, le e tsiseng kwa go nna. 31 Fa mongwe a ka le botsa gore, 'le e bofololela eng?' lo re, 'Morena o a e tlhoka." 32 Ba ba neng ba rumilwe ba ne ba fitlhela tonki e bofilwe jaaka Jeso a ne a ba boleletse. 33 Jaaka ba ne ba bofolola tonki, beng ba yone ba ba raya ba re, "Le bofololelang tonki e?" 34 Ba re, "Morena o a e tlhoka." 35 Ba e tsisa kwa go Jeso, mme ba latlhela diaparo tsa bone mo godimo ga tonki, ba pega Jeso mo godimo ga yone. 36 Ya re a tsamaya, ba latlhela diaparo tsa bone mo tseleng. 37 Ya re a atamela lefelo le Thaba ya Lotlhware fa e fologelang teng, bontsintsi jwa barutwana ba simolola go ipela le go galaletsa Modimo ka lentswe le le kwa godimo ka ntlha ya ditiro tse dikgolo tse ba neng ba bone a di dira, 38 ba re, "Go segofetse Kgosi e e tlang ka leina la Morena! Kagiso kwa legodimong le kgalalelo kwa godimo!" 39 Bangwe ba Bafarasai ba ba neng ba le mo bontsing jwa batho ba bua ba re, "Moruti, kgalemela barutwana ba gago." 40 Jeso a ba araba a re, "Fa ba ka didimala, matlapa a tla goela kwa godimo." 41 Ya re Jeso a atamela motse, a o lelela, 42 a re, "Fa o ne o itsile mo letsatsing le, wena Jerusalema, le dilo tse di go tsisetsang kagiso! Mme jaanong di fitlhegile mo matlhong a gago. 43 Gonne malatsi a tla tla mo go wena, a baba ba gago ba tla agang lebota le le go dikaganyetsang, ba go pitlaganya mo matlhakoreng otlhe. 44 Ba tla go iteela fa fatshe, wena le bana ba gago. Ga ba ka ke ba tlogela letlapa lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka gore ga o a ka wa lemoga, fa Modimo a ne a re o a go boloka." 45 Jeso a tsena mo tempeleng a simolola go kobela kwa ntle batho ba ba neng ba rekisa, 46 a ba raya a re, "Go kwadilwe gotwe, 'Ntlo yame e tla nna ntlo ya thapelo,' mme lona le e fetotse mongobo wa magodu." 47 Jeso o ne a ruta letsatsi le letsatsi mo tempeleng. Baperesiti bagolo le bakwadi le bagolwane ba batho ba ne ba batla go mmolaya, 48 mme ba sa kgone go bona tsela e ba ka mmolayang ka yone, ka gore batho botlhe ba ne ba mo reeditse ka tlhoafalo.