Kgaolo 18

1 Mme a bua setshwantsho sengwe mogo bone ka fa ba tshwanetseng go nna ba rapela ka teng,le gore ba seka ba kgobega marapo, 2 Mo motseng mongwe gone gona le moatlhodi mongwe yo o neng asa boife Modimo mme asa tlotle batho. 3 Jaanong gone gonale motlholagadi mo motseng oo, mme a etle atle ko go ene ,a re' nthuse ke bone katlholo mo baganetsing bame.' 4 Mo lebakeng le leleele one asa eletse gomo thusa,mme morago amo raya are ,'le fa ke sa boife Modimo le go tlotla motho, 5 fela ka gore motlholagadi yo o ntsosetsa mathata,ke tla a mo thusa gore a bone katlholo, gore a seka a nna a ntapisa ka go tla.''' 6 Mme Morena a re, reetsa se moatlhodi o e seng wa nnete a se buang. 7 Jaanong e seng gore Modimo o tla a tlisa katlholo mo go ba a ba ikgethetseng ba ba lelelang mo go ene bosigo le motshegare?a o tla a diega thata mo go bone. 8 ke go raya kere o tla a tlisa katlholo ka bofefo mo go bone.le gone,lefa morwa motho a tla ,a o tla a fitlhela tumelo mo lefatsheng? 9 O ne gape a bua ka setshwantsho le bangwe ba ba neng ba latedisa tshiamo mo go bone mme ba nyatsa ba bangwe. 10 Banna ba le babedi ba ya ko tempeleng go rapela,mongwe e le mofarasai o mongwe e le mokgethisi. 11 Mofarasai a ema a rapela dilo tse ka ga ene, ''Modimo, ke a go leboga ka ga ke tshwane le batho ba bangwe_magodu, batho ba ba sa siamang, baakafadi_ le fa e le ene mokgethisi yo. 12 Ke itima dijo gabedi mo bekeng. Ke ntsha ditsabosome tsa sotlhe se ke se amogelang.' 13 Mme mokgethisi,a eme kgakala ga a kake a tsholeletsa matlho a gagwe ko legodimong,mme a ititaa sehuba,a re, Modimo nkutlwele botlhoko, ke moleofi,' 14 Ke a go bolelela ka re,monna yo o boetse ko morago ko ntlong ya gagwe a siamisitswe gona le yo mongwe,ka gore mongwe le mongwe yo o itsholetsang o tla a isiwa tlase,mme mongwe le mongwe yoo ikobang o tla a tsholediwa. 15 Batho le bone ba ne ba tlisa bana ko go ene,gore a tle a ba ame,mme e rile fa barutwa ba bona, ba ba kgalemela. 16 mme Jeso aba biletsa ko go ene, a re,''Lesang bana ba tle ko go nna le seka la ba kganela.Gonne bogosi jwa Modimo ke jwa bone. 17 Ammaruri ke a lo raya kere,yo o tla a sekeng a amogele bogosi jwa Modimo jaaka ngwana ga a kitla a tsena ka kgoro ya jone.'' 18 Mmusi mongwe a mmotsa, a re,Moruti yo o molemo,ke dire jang go ja boswa ja botshelo jobo sa khutleng? 19 Jeso a mo raya a re ,ke eng o mpitsa tshiamo? Ga gona mosiami kontle ga Modimo ka esi. 20 O itse melao, o seka wa dira boaka,o seka wa bolaya,o seka wa utswa,o seka wa supa maaka,tlotla rraago le mmaago.'' 21 Mmusi a re,dilo tse tsotlhe tse kedi obametse ke santse ke le monana.'' 22 Fa Jeso a utlwa se,a mo raya a re,''O santse o tlhaela sengwe.O tshwanetse o rekise tsotlhe tse o nang le tsone mme o abele bahumanegi, mme otlaa nna le dikhumo ko legodimong, mme tlaa, o ntshale morago. 23 Mme fa mmusi a utlwa ka dilo tse, a utlwa botlhoko le go feta, ka a ne a humile thata. 24 Mme Jeso, a mmona, a hutsafala , a ba a re, ''Go thata gole kae mo bahuming go tsena ka mmuso wa legodimo! 25 Ka go motlhofo gore kammela e ka tsena ka phatla ya lomao,go na le motho yoo humileng go tsena ka bogosi ja Modimo'' 26 Ba baneng ba reeditse ba re, ''Jaanong ke mang yo o ka bolokwang?'' 27 Jeso a araba, ''Dilo tse di sa kgonafaleng mo bathong ko Modimong di a kgonega. 28 Petere a re, ''Ee, re tlogetse dilo tsotlhe tse eleng tsa rona re go setse morago.'' 29 Jeso a ba raya a re, ''Ammaaruri ke ya lo ra ka re,ga gona yoo tlogetseng ntlo, kana mosadi kana barwarraagwe kana batsadi, kana bana, ka ntlha ya bogosi jwa legodimo, 30 yo o tla a sekeng a amogela mo gontsi mo lefatsheng le, mme mo lefatsheng go tla, botshelo jo bo sa khutleng.'' 31 Morago ga go ikgobokanyetsa ba ba lesome le bobedi, a ba raya a re, bonang, re ya ko godimo ko Jerusalema, le dilo tsotlhe tsedi kwadilweng ke baporofiti kaga Morwa Motho di tla a diragadiwa. 32 Ka o tla a neelwa mo Baditshabeng, mme o tla a kgobiwa a tlhabisiwa ditlhong, a bo a kgwelwa le mathe, 33 Morago gago betswa, ba tla a mmolaya ,mme o tla a tsoga ka tsatsi la boraro. 34 Ba ne ba sa tlhaloganye sepe sa dilo tse, mme lefoko le, ba ne ba le fitlhetswe, mme bane ba sa tlhaloganye sepe sa tsedi buiwang. 35 Go tlile fela jalo ,fa Jeso a atamela Jeriko,monna mongwe one a ntse ha tlase ga tsela a kopa, 36 a utlwa bontsi bo feta ka go bapa le ene, o ne a botsa gore go diragalang. 37 Ba mmolelela gore Jeso wa Nnasaretha o a feta. 38 Mme monna wa sefofu a lelela ko godimo, a re ''Jeso morwa Tafite nkutlwela botlhoko,'' 39 Bangwe ba ba neng ba tsamaya ka dinao ba mo kgalemela ba re a didimale, mme a lela thata, ''Morwa Tafite nkutlwela botlhoko.'' 40 Jeso a ema a laola gore monna a tisiwe ko go ene. Jaanong fa monna wa sefofu a atametse, Jeso a mmotsa, 41 O batla ke go direla eng? ''A re, Morena, ke batla go amogela pono yame.'' 42 Jeso a mo raya a re, ''Amogela pono ya gago. Tumelo ya gago e go fodisitse. 43 Ka bofefo a amogela pono ya gagwe mme a mo sala morago, a galaletsa Modimo. Batho botlhe, fa ba bona se, ba galaletsa Modimo.