1 Jeso o ne a raya barutwa ba gagwe a re, ''Go tla a nna le dilo tse di tla a re dirang gore re leofe, mme go hutsegile ene motho o di tla a tlang ka ene.! 2 Go ka nna botoka fa lentswe le le tona le bofelelwa mo molaleng wa gagwe, mme a ba a latlhelwa mo lewatleng, go na le gore a dire gore mongwe wa ba bannye a kgopiwe. 3 Le itise. Fa mongwe wa lona a leofa, mo kgalemeleng, mme fa a ikotlhaya mo itshwareleng. 4 Mme fa a go leofela ga supa mo letsatsing ,mme fa a tla kwa go wena ga supa, a re, " ke a ikotlhaa" o tshwanetse wa mo itshwarela!" 5 Baaposetolo ba raya Morena ba re, "Godisa tumelo ya rona." 6 Morena a ba raya a re, ''Fa tumelo ya lona e ka nna jaaka peo ya mosetara, lo tla a raya setlhare se sa mmulobere lo re, 'Tswa a fa, o ye go tlhoga kwa lewatleng,' mme se tla a le obamela. 7 Mme ke mang wa lona, yo o nang le motlhanka yo o lemang kana a tlhokomela dinku, yo o tla a mo rayang fa a tswa masimo, 'Tlaya o nne fa fatshe ka bonako o je'? 8 A ga a kake a mo raya a re, 'Mpaakanyetsa sengwe ke je, o apare lebante o ntirele go fitlhela ke fetsa go ja le go nwa. Mme ke gone morago o tla a ja le go nwa'? 9 Ga a leboge motlhanka ka a dirile dilo tse a neng a di laetswe, a o dira jalo? 10 Le lona jalo fa lo dirile sengwe le sengwe se lo se laoletsweng, a lo tla a re, 'Re batlhanka ba ba sa tshwanelweng. Re dirile se re neng re tshwanetse go se dira.''' 11 Go ne ga diragala gore e re a ya Jerusalema, o ne a tsamaya fa gare ga melelwane ya Samarea le Galalea. 12 E rile a tsena ko motsing mongwe, a kopana le banna ba le lesome ba ba neng ba lwala lepero. Ba emela kgakala le ene 13 mme ba tsholeletsa mantswe a bone kwa godimo, ba re, ''Jeso, Mongarona, re utlwele botlhoko.'' 14 E rile a ba bona, a ba raya a re, ''Tsamayang le ye go ipontsha baperesiti. ''E rile ba tsamaya ba ne ba tlhatswiwa. 15 E rile mongwe wa bone a bona a fodile, a boela kwa morago, ka lentswe le letona a galaletsa Modimo. 16 O ne a khubama mo dinaong tsa ga Jeso, a mo leboga. E ne e le Mosamarea. 17 Mme Jeso a re, ''A ba ne ba se lesome ba ba tlhatswitsweng? Ba ba ferangbongwe ba kae? 18 A ga gona ba bangwe ba ba boileng go tla go galaletsa Modimo, fa e se motswakwa yo?'' 19 A mo raya a re, ''Emelela, o tsamae. Tumelo ya gago e go siamisitse.'' 20 Fa a botswa ke Bafarasai gore bogosi jwa Modimo bo tla leng, Jeso a ba araba a re, ''Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka go lebelela ka tlhoafalo. 21 Mme ba tla a re, 'Bonang, ke jo!' kana, ke jole!' Gonne, bonang, bogosi jwa Modimo bo mo go lona.'' 24 A ra ya Barutwa a re, ''Malatsi a e tla a le tla eletsang go bona letsatsi la Morwa motho, mme ga le ka ke la le bona. 23 Mme ba tla a le raya ba re, 'Bona, kwa! Bona, fa!' Mme le seka la tswa la taboga fa morago ga bone, 22 fela jaaka legadima le phatsima mo bontlheng bongwe jwa maru go ya ko bontlheng jo bongwe jwa maru, go tla nna jalo ka morwa motho mo letsatsing la gagwe.' 25 Mme sa ntlha o tshwanetswe go boga dilo tse dintsi le go ganwa ke kokomane e. 26 Jaaka go dirafetse mo malatsing a ga Noa, fela jalo go tla a diragala gape ka malatsi a Morwa Motho. 27 Ba ne ba a ja, ba a nwa, ba nyala, ba neelwa mo lenyalong, go fitlhela ka letsatsi le Noa a tsenyeng mo arekeng-mme morwalela wa tla wa ba senya fela botlhe. 28 fela jaaka go ne ga diragala ka malatsi a ga Lote-ba ne ba a ja ba a nwa, ba reka ba rekisa, ba lema ba aga. 29 Mme ka letsatsi le Lote a duleng mo Sotoma ka lone, gone ga na pula ya molelo le sulefura go tswa kwa legodimong mme ya ba senya botlhe. 30 Morago ga dilo tse ke gone e tla a nnang letsatsi la Morwa Motho go bonahadiwa. 31 Mo letsatsing leo, le seka la le tlelela oo ko godimo ga ntlo go re a ye ko tlase a ye go tsaya dilwana tsa gagwe mo teng ga ntlo; mme gape o se ka wa letlelela yo o kwa tshimong go boa. 32 Gakologelwa mosadi wa ga Lote. 33 Ene yo o batlang go babalela botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela, mm ene yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe o tlaa bo boloka. 34 Ke a le bolelela, mo bosigong joo go tla a bo gole batho ba babedi mo bolaong. Yo o mongwe o tla a tsewa o mongwe o tla a tlogelwa. 35 Go tla a bo gole basadi ba le babedi ba thuga mmogo. Yo mongwe o tla a tsewa, yo mongwe o tla a tlogelwa. 36 Go tla a nna banna ba le ba bedi mo masimong yo mongwe o tla a tsewa yo mongwe o tla a tlogelwa. 37 Ba mmotsa, ''Kae, Morena?'' mme a ba raya a re, ''Fa go nang le setopo teng, manong a a kgobokana.'' 37 Ba mmotsa ba re, ''Kae, Morena?'' A ba raya a re, '' Fa go nang le mmele, go tlabo go na le manong le one a kgobokane mmogo.''