Kgaolo 16

1 Jeso le ene araya barutwana ba gagwe a re, ''go ne go na le monna mongwe wa mohumi yo a neng a na le motlhokomedi, mme o ne a begelwa gore motlhokomedi yo wa gagwe o senya dithoto tsa gagwe. 2 ka jalo monna wa mohumi a mmitsa a mo raya a re, naare ke eng se ke se utwang ka ga gago? Nneele pego ka botlhokomedi ja gago, ka gore ga o kitla o tswelela ka go nna motlhokomedi.' 3 Motlhokomedi a ipotsa gore, 'ke ka dira jang, ka gore morena wame o tsaya tiro yame ya botlhokomedi? Ga ke na maatla a go epa, mme ebile ke tlhabiwa ke dithong go kopa. 4 Ke itse se tla se dirang, gore e re ke sena go latlhegelwa ke tiro yame ya botlhokomedi, batho ba nkamogele mo mantlong a bone.' 5 Mme motlhokomedi a bitsa botlhe ba ba neng ba kolota morena wa gagwe, mme a botsa wa ntlha, 'o kolota morena wa wame bokahe?', 6 A re, lithara di le 3000. Mme a mo raya a re, tsaya dibuka tsa gago, nna fa fatshe ka bonako o kwale dilithara dile 1500,' 7 Ka jalo motlhokomedi a raya yo mongwe a re, o kolota bokahe? a re di emere di le 1000 tsa korong.' A mo raya a re, 'tsaya buka ya gago o kwale di emere di le 800.' 8 Morena a itumelela motlhokomedi yo o senang tshiamo ka gore o ne a dira jaaka motho yo o botlhale. Gonne bana ba lefatshe le ba botlhale ha ba berekisana le batho ba bone go na le ka fa bana ba lesedi ba leng ka teng. 9 Ke go raya kere, itirele ditsala ka madi a dirilweng ka tsela e e sa siamang, gore e re a fedile ba kgone go go amogela ka bosakhutleng. 10 Yo o boikanyego mo go se se nnye o boa nna boikanyego le mo go se se ntshi, le ene yo o senang tshiamo mo go se se nnye abo a sa nne tshiamo le mo go se ntshi. 11 Fa o ne o se boikanyego mo go diriseng madi a a senang tshiamo, ke mang yo o ka go tshephang ka dikhumo tsa boammaruri? 12 Le fa o ne o se boikanyego mo go diriseng madi a batho, ke mang yo o ka go fang madi a eleng a gago? 13 Ga gona motlhanka yo o ka direlang barena ba le babedi, go nne o ka rata yo mongwe abo a tlhoa yo mongwe, kana a ineele mo go yo mongwe abo a nyatsa yo mongwe. Gao kake wa direla Modimo le dikhumo.'' 14 Jaanong Bafarasai, ba baneng ba rata madi, ba utwa dilo tse tsotlhe mme ba ikgatlha ka ene. 15 Le go ba raya a re, ''Lea itshiamisa fa pele ga batho, mme Modimo ene o itse dipelo tsa lona. Se se tsholediwang fa pele ga batho,Mo tebong ya Modimo se maswe. 16 Molao le baporofeti di ne dile mo taolong go fitlhela Johane a tla. Go tswa mo nakong eo goa pele, efangedi ya bogosi jwa Modimo e a rerilwe, mme mongwe le mongwe o leka go itsenya mo go yone ka dikgoka. 17 Mme go bonolo thata gore legodimo le lefatshe di fete go na le gore le fa e le tlhaka e le nngwe e e tswang mo lokwalong la molao e tlhoke boleng. 18 Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe a bo a nyala o mongwe o direle boaka, le ene yo o nyalang ope yo o tlhadilweng ke monna wa gagwe o dira boaka. 19 Ga gontse jalo ga bo go le monna mongwe wa mohumi yo o neng a apara mmala wa segosi le letsela le le turang ebile a ipelela dikhumo tsa gagwe letsatsi le letsatsi. 20 Ga bo go le mokopi mongwe a arobetse fa kgorong ya gagwe a bidiwa Lasaro, a tetse dintho, 21 a eletsa go ja se se wang mo tafoleng ya monna wa mohumi - nte lemoo, dintsa di tla gora dintho tsa gagwe. 22 Ga diragala gore mokopi a swe mme a tsewa ke baengele ba moisa ko letlhakoreng la ga Aborahama. Monna wa Mohumi le ene a swa a ka jaalo a fitlhwa, 23 mo bobipong, a le mo tlhokofatsong, a tsholetsa matlho a gagwe a bona Aborahame kgakala, le Lasaro a le mo sehubeng sa gagwe. 24 Ka jalo a lelela ko godimo a re, 'Ntate Aborahama, nkutwele botlhoko, o rome Lasaro, a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing a te a ntimole leleme, gonne ke a thokofadiwa mo kgabong e. 25 Mme Aborahama a re, 'Ngwanaka, gakologelwa gore o ne o amogela dilo tse di molemo ka nako ya gago ya botshelo, Lasaro ene a amogela dilo tse di bosula, Mme jaanong o a gomodiwa wena o a tlhokofadiwa. 26 Le nteng ga seo, phatlha e kgolo e beilweng, gore ba ba batlang go kgabaganya go tswa koo ba tla kwano ba seka, le gore go sena yo o ka kgabaganyang go tswa koo a tla ko go rona. 27 Monna wa mohumi a re, 'ke a go rapela, Ntate Aborahama, gore o mo romele ko ntlong ya ga Ntate, 28 gonne ke na le barwarre ba le batlhano, gore a ye go ba tlhagisa, ba seka ba tla mo lefelong la tlhokofatso le.' 29 Mme Aborahama a re, 'ba na le Moshe le baporofeti a ba reetse bone.' 30 Monna wa mohumi a fetola, 'Nnyaa, Ntate Aborahama, mme fa mongwe a ka ya ko go bone a tswa mo baswing, ba tla ikothaya.' 31 Mme Aborahame amo raya a re, 'fa ba sa reetse Moshe le baporofeti, ga ba kake ba reetsa le fa mongwe a ka tshoga mo baswing.'''