1 Mo maphakeleng a matona ka letsatsi la ntlha la beke, ba tla ko lebitleng, ba tlisa dinkgisa monate tse ba neng ba di baakantse. 2 Ba fitlhela letlapa le sotisitswe mo godimo ga lebitla. 3 Ba tsena mo teng ba seka ba fitlhela mmele wa ga Morena Jeso. 4 Ga diragala gore, ba santse ba makaditswe kese, ka bonako, banna ba le babedi ba ema fa go bone ba apere diaparo tse di phatsimang. 5 Ya re basadi ba santse ba tetse ka letshogo, ba obamisetse ditlhogo, ba raya basadi ba ba re, ''ke eng le batla motshidi mo baswing? 6 Ga a yo fa, o tsositswe, gakologelwang gore o buile jang lona fa santse a le kwa Galalea, 7 one a re Morwa Motho o tla neelwa mo diatleng tsa baleofi gore a bapolwe, ka letsatsi la boraro, a tsoge gape.'' 8 Basadi ba gakologelwa mafoko a gagwe, 9 ba boa ko lebitleng, ba bolelela ba ba 11 le batho botlhe, dilo tse tsotlhe. 10 Jaanong Marea Magatalena, Joana, Marea mmagwe Jakobe, le basadi ba bangwe ba ba neng ba na le bone, ba begala baposetolo dilo tse tsotlhe. 11 Mme molaetsa yo wa utwala okare ke boeleele mo baaposetoleng, ba seka ba dumela basadi ba. 12 Le fa go ntse jalo Petere ene a nanoga, a tabogela ko lebitleng,a huhumela mo teng, a bona matsela a le nosi, Petere a boela ko lapeng la gagwe, a ipotsa gore go diregile eng. 13 Bonang, bobedi jwa bone bane ba tsamaya letsatsi lone leo ba ya ko motseng yo o bidiwang Emase, yo o neng o le dikilomethara di le 11 go tswa mo Jerusalema. 14 Ba buisana ka dilo tsotlhe tse di diragetseng. 15 Ga diragala gore, ere ba buisana ba botsana di potso, Jeso ka bo ene a atumela, a tsamaya le bone. 16 Mme matlho a bone a thibilwe gore a seka a mo lemoga. 17 Jeso a ba raya a re, ''bobedi ja lona le tsamaya le buaisana ka ga eng?'' Ba ema foo ba lebega ba utule botlhoko. 18 Mongwe wa bone' o bidiwang Teolopase, a mo araba, ''a ke wena motho fela mo Jerusalema yo o sa itseng dilo tse di diragetseng teng kwa mo malatsing a fitileng a?'' 19 Jeso a ba raya a re, ''dilo dife?'', Ba mo araba, ''dilo tse di amang Jeso wa mo Nasaretha, yo o neng e le moporofiti,ebile ale maatla mo ditirong le mo lefokong, fa pele ga Modimo le batho. 20 Le gore baperesiti bagolo le balaodi ba rona ba ne ba mo isa gore a atlholelwe loso, a bo a bapolwa. 21 Mme re ne re solofetse gore ke ene a ka bolokang Iseraela. Ee, ntle le tse tsotlhe, ke letsatsi la boraro dilo tse di ntse di diragetse. 22 Mme gape, basadi bangwe mo lekokong la rona ba re makaditse, ba ne ba le ko lebitleng mo mosong. 23 Erile ba sa bone mmele wa gagwe, ba tla, ba re ba bone ponatshegelo ya baegele ba bua gore o a tshela. 24 Banna bangwe ba ba neng ba na le rona ba ya ko lebitleng, ba fitlhela go ntse jaaka basadi ba ne ba buile, ba seka ba mmona.'' 25 Jeso a ba raya are, ''Lona banna ba dieleele ba ba bonya mo dipelong go dumela tse tsotlhe tse baporofeti ba di buileng! 26 A go ne go se botlhokwa gore Keresete a boge dilo tse, le go tsena mo kgalalelong ya gagwe?'' 27 Go simolola ka Moshe go fetla ka baporofeti, Jeso a ba tlhalosetsa dilo tse di mo amang mo ditemaneng tseo tsotlhe. 28 Jaaka ba ne ba atumela motse o ba neng ba ya ko go one, Jeso a dira okare o fetela ko pele. 29 Ba mo kopa, ba re, lala le rona, ka gore go maitseboa ebile letsatsi le a wela.'' Foo Jeso a tsena a nna le bone. 30 Ga diragala gore, e re a ntshe fa fatshe le bone ba ja, a tsaya borotho, a bo segofatsa, a bo a bo robaganya, a bo a ba bo neela. 31 Foo matlho a bone a bulwa, ba mo lemoga, a timela mo ponong ya bone. 32 Ba raana ba re, ''a dipelo tsa rona di ne di sa tukele ka ko teng, fa a ne a bua le rona mo tseleng, fa a ne a re bulela ditemana?" 33 Ba emelela ka yone oura eo, ba boela Jerusalema, ba fitlhela ba le 11 ba kgobokane ga mmogo, le ba ba neng ba na le bone, 34 ba re, "Morena o tsogile ka boammaruri, o iponagaleditse Simone." 35 Ka jalo ba bolela dilo tse di diragetseng mo tseleng, le gore Jeso o ne a ba iponagaletsa fa a robaganya borotho. 36 Yare ba santse bua dilo tse, Jeso ka bo ene a ema magareng ga bone, a ba raya a re, ''Kagiso e nne le lona.'' 37 Mme ba ne ba roroma ba tlala ka letshogo, ba akanya gore ba bone sepoko. 38 Jeso a ba raya a re, ''Le tshwentswe ke eng? Ke eng dipotso di nna teng mo dipelong tsa lona? 39 Bonang diatla tsame le maoto ame, le gore ke nna ka sebele, nkgomeng le boneng. Go nne sepoko ga sena nama le marapo, jaaka le bona, nna ke na le tsone.'' 40 Morago ga go bua se, a ba bontsha diatla tsa gagwe le maoto a gagwe. 41 Fa ba ne ba santse ba tetse ka boitumelo, le kgakgamalo, Jeso a ba raya a re, ''a le na le sengwe sa go jewang?'' 42 Ba mo fa bontlha ja tlhapi e e besitsweng. 43 Jeso a e tsaya, a ja pele ga bone. 44 A ba raya a re, ''Fa ke ne ke na le lona, ke ne ka le bolelela dilo tshotlhe tse di neng di kwadilwe mo molaong wa ga Moshe, baporofeti le dipesalema gore e tshwanetse ya diragadiwa.'' 45 A bula ditlhaloganyo tsa bone, gore ba kgone go tlhaloganya ditemana. 46 A ba raya a re, ''go kwadilwe gatwe, gore keresete otla boga, a bo a tsoga gape mo baswing ka letsatsi la boraro. 47 Boikothao le maitshwarelo a dibe a tshwanetse go reriwa mo leineng la gagwe mo merafeng yotlhe, go simolola mo Jerusalema. 48 Le basupi ba dilo tse. 49 Bonang, ke le romelela se Rara a se solofeditseng. Mme le nne mo toropong go fitlhela le tladiwa ka maatla go tswa ko godimo. 50 Jeso a ba etelela pele go tswela ntle go fitlhela ba atumela Bethane. A tsholetsa diatla tsa gagwe, a ba segofatsa. 51 Ga diragala gore, e re a ntse a ba segofatsa, a ba tsholediwa a ya legodimong. 52 Foo ba mo obamela, ba boela ko Jerusalema ka boitumelo jo bogolo. 53 Ba ne ba nna ka nako tshotlhe mo tempeleng, ba segofatsa Modimo.