1 Ka nako eo, batho bangwe koo ba ne ba mmolelela ka Bagalalea ba Pilate a neng a tlhakanya madi a bone le ditlhabelo tsa bone. 2 Jeso a ba araba a re, "A le akanya gore Bagalalea ba ba ne ba leofile thata go na le Bagalalea ba bangwe botlhe ka ntlha ya gore ba bogile ka tsela e? 3 Nnyaa, ke a le bolelela. Mme fa le sa ikotlhae, le tlile go nyelela lotlhe ka tsela e e tshwanang. 4 Kana batho ba ba 18 bale mo Siloama ba ba wetsweng ke kago e telele mme ya ba bolaya, a le akanya gore e ne ele baleofi ba ba feteletseng go na le batho ba bangwe mo Jerusalema? 5 Ka re, nnyaa. Mme fa le sa ikotlhae, le lona le tlile go nyelela lotlhe. 6 Jeso a bolela setshwantsho se, " Mongwe o ne a na le setlhare sa mofeige se lemilwe mo tshimong ya gagwe ya moretlwa a tla go batla leungo mo go sone mme a seka a le bona. 7 Monna a raya motlhokomedi wa tshingwana a re, 'Bona, dingwaga tse tharo ke ne ke tla ke leka go batla leungo mo setlhareng se sa mofeige mme ga ke a le fitlhela. Se kgaole. Ke eng o se lesa go senya lefatshe?' 8 Motlhokomedi wa tshingwana a araba a re, 'Se tlogele ngwaga o fa ke tla bo ke tlhanolola mmu go se dikologa ke se tsenya menontshane. 9 Fa se ntsha leungo ngwaga o tlang, go siame; mme fa se sa dire jalo, se kgaole!"' 10 Jaanong Jeso o ne a ruta mo nngweng ya disinagoge ka Sabata. 11 Bonang, mosadi o ne a le foo yo a neng a na le moya yo o bosula wa bogole dingwaga di le 18, mme o ne a hubaletse a sa kgone go ema a tlhamaletse. 12 Fa Jeso a mmona, o ne a mmitsa a mo raya a re, " Mosadi o golotswe mo bogoleng jwa gago." 13 O ne a mmaya diatla, ebile gone foo o ne a tlhamalala mme a galaletsa Modimo. 14 Mme molaodi wa sinagoge o ne a galefa ka gore Jeso o ne a fodisa ka Sabata. Molaodi o ne a araba batho a re, "Go na le matsatsi a le marataro a go tlhokagalang gore le bereke. Tlayang ka one gotla go bona pholo, eseng ka letsatsi la Sabata." 15 Morena a mo araba a re " Baitimokanyi! Ga se gore mongwe le mongwe wa lona o funolola tonki ya gagwe kana kgomo mo lesakeng mme a e ise go ya go nwa ka Sabata? 16 Fela jalo le morwadia Aborahama, yo Saatane a mmofileng dingwaga tse ditelele tse 18, ga a tshwanelwa go gololwa ka letsatsi la Sabata?" 17 Fa a ntse a bua dilo tse, ba ba neng ba mo ganetsa ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong, mme setlhopha sotlhe se ne sa ipela mo ditirong tsotlhe tse dikgolo tse a neng a di dira. 18 Foo Jeso a re, "Bogosi jwa Modimo bo ntse jang, ke ka bo tshwantshanya le eng? 19 Bo tshwana le peo ya mositare e monna a e tsereng, a e lema mo tshingwaneng ya gagwe, ya gola ya nna setlhare se se tona, le dinonyane tsa loapi tsa aga dintlhaga mo dikaleng tsa sone." 20 Gape a re, " Ke ka tshwantshanya bogosi jwa Modimo le eng? 21 Bo tshwana le sebidiso se mosadi a se tlhakanyang le dikilogereme tse 25 tsa borotho go fitlhela se anama le borotho jotlhe." 22 Jeso o ne a etela metse le ditoropo tsotlhe tse di mo tseleng go ya Jerusalema a ba ruta. 23 Mongwe a mo raya a re " Morena, a go tla bolokwa batho ba le palo potlana fela?", A ba raya a re 24 "Sokolelang go tsena ka kgoro e pitlaganeng, ka gore, Ke a le raya, ba le bantsi ba ya go batla go tsena, mme ga ba na go kgona go tsena. 25 Fa mong wa ntlo a ema a lotlela lebati, le tla ema kwa ntle le kokota mo lebating le re, Morena, Morena, re bulele.' O tla le araba a re, ' Ga ke le itse le kwa le tswang teng'. 26 Fa gontse jalo le tla re, 'Re ne re ja re nwa fa pele ga gago, gape o ne o ruta mo mebileng ya rona.' 27 Mme o tla fetola, 'Ke a le raya, ga ke itse kwa le tswang teng. Tswayang fa go nna, lona badirabosula!' 28 Go tla nna le selelo le khuranyo ya meno fa le bona Aborahama, Isake, Jakoba , le baporofita botlhe mo bogosing jwa Modimo, mme le a kobiwa. 29 Ba tla tla go tswa botlhaba, bophirima, bokone le borwa mme ba nna mo tafoleng mo bogosing jwa Modimo. 30 Itseng se, ba ba seng botlhokwa thata e tla nna ba ntlha, mme ba ba leng botlhokwa thata e tla nna ba bofelo." 31 Moragonyana, Bafarasai bangwe ba tla ba mo raya ba re, "Tsamaya o tswe fa ka gore Herote o batla go go bolaya". 32 Jeso a re "Tsamaya le boleleleng phokoje yole, 'Bona ke kgarameletsa ntle matimona gape ke a fodisa gompieno le ka moso, ka letsatsi la boraro ke tla fitlhelela maikaelelo a me. 33 Le fa go ntse jalo go botlhokwa gore ke tsweledise gompieno, kamoso le letsatsi le le latelang, ka gore ga go amogelesege go bolaya moporofeta kwa ntle ga Jerusalema. 34 Jerusalema, Jerusalema, yo o bolayang baporofeta le go kgobotletsa ka matlapa ba le ba romeletsweng. Ke gantsi ke eletsa go kgobokanya bana ba lona jaaka koko e phuthela dikokwana ka fa tlase ga diphuka tsa yone, mme le ne le sa eletse se. 35 Bonang, ntlo ya lona e phuagantswe. Ke a le raya, ga le kitla le mpona go fitlhela le re, ' Gosego yo o tlang ka leina la Morena.'"