Kgaolo 14

1 Gone ga dirafala ka letsatsi lengwe la sabata, fa a ya kwa ntlong ya mongwe wa baeteledipele ba Bafarasai go ja borotho, ka jalo ba ne ba mo etse tlhoko thata. 2 Bonang, fa pele ga gagwe ga bo go le monna yo a neng a lwala bolwetsi jwa go ruruga mmele. 3 Jeso a botsa baitsaanape ba molao wa Bajuta le Bafarasai, "A go kafa molaong go fodisa ka Sabata, kgotsa nyaa?'' 4 Mme ba didimala. Jeso a mo tsaya a mo fodisa, a mo lesa a tsamaya. 5 A ba raya a re, ''ke mang wa lona yo e kareng a na le morwa kgotsa Poo abo e wela mo sedibeng ka letsatsi la sabata abo a ka seke a e ntshe ka bofefo?'' 6 Ba ne ba sa kgone go fa dikarabo ka dilo tse. 7 E rile fa Jeso a lemoga go re ba ba laleditsweng ba tlhopha ditilo tsa batlotlegi, a bua setshwantsho a ba raya are, 8 ''Fa lo laleditswe ke mongwe kwa moletlong wa lenyalo, lo seka la nna mo mannong a batlotlegi, ka gore go ka ne go na le mongwe yo o laleditsweng yo o tlotlegang go go feta. 9 Fa motho yo o le laleditseng lotlhe a goroga, o tla go raya a re, 'neela motho yo manno a gago', mme o tla tlhabiwa ke ditlhong fa oya go tsaya manno a gago a a kwa tlase. 10 Mme fa o laleditswe, tsamaya o nne kwa mannong a a kwa tlase, gore e re ene yo a go laleditseng a tla, a go re e a re, ''Tsala, tsamaela kwa mannong a a kwa godimo.' ka jalo otla tlotlega mo boleng teng jwa botlhe ba ba ntseng tafole le wena. 11 Go nne le fa e le mang yo a itsholetsang o tla a kokobediwa, le ene yo a ikokobetsang o tla tsholediwa.'' 12 Jeso a boa raya monna yo o mo laleditseng a re, ''Fa o dirile dijo tsa motshegare kgotsa tsa maitseboa, o seka wa laletsa ditsala tsa gago, kgotsa bamorwarago, kgotsa masika a gago, kgotsa baagisanye ba gago ba ba humileng, gore le bone ba tla go laletsa, ka jalo o tla abo o amogetseng tuelo ya gago. 13 Mme fa o dira moletlo, laletsa bahumanegi, ba ba digole, le ba ba sa tsamaeng, le ba ba difofu, 14 ke gone o tla a segofala, ka gore ga ba kake ba kgona go go duela. Gonne o tla duelwa ka motlha wa tsogo ya basiami.'' 15 E rile fa mongwe wa bone yo o ntseng fa tafoleng le Jeso a utlwa dilo tse, a mo raya a re, ''go sego ene yo o tla jang borotho mo bogosing jwa Modimo!'' 16 Mme Jeso a mo raya a re; "Monna mongwe o kile a dira moletlo o mogolo wa dijo a laletsa batho ba le bantsi, 17 Erile dijo di baakantswe, a roma motlhanka wa gagwe go ya go raya ba ba laleditsweng a re, 'tlayang, ka gore sengwe le sengwe jaanong se siame.' 18 Ba botlhe ka go tshwana ba dira maipato. Wa ntlha a re 'ke rekile tshimo, ke tshwanetse go ya go e bona.Tswetswe intshwarele.' 19 Le yo mongwe a re, 'ke rekile dipholo tse tlhano, ke ya go di katisa. Tswetswe intshwarele. 20 Le monna yo mongwe a re, 'ke sa tswa go nyala mosadi, 'ka jalo ga ke kake ka kgona go tla.' 21 Motlhanka a tla go bolelela morena wa gawe dilo tse. Foo morena wa ntlo a nnna bogale thata, a raya motlhanka, 'Tsamaya ka bofefo o ye kwa ditseleng le mebila ya motse abo o bilitsa kwano bahumanegi, digole, le difofu, le ba ba sa tsamaeng.' 22 Motlhanka a re, 'Morena, se o se laetseng se dirilwe, mme go santse gona le bonno.' 23 Morena a raya motlhanka a re, 'tsamaya o ye kwa ditseleng tse dikgolo le mo mebileng o ba kope gore ba tle, gore ntlo yame etle e tlale. 24 Gonne ke ya go raya, ga gona ope wa banna ba ba neng ba laleditswe yo o tla jang dijo tsame."' 25 Jaanong batho ba bantsi bane ba tsamaya le ene, a retologa a ba raya a re, 26 ''Fa motho mongwe a tla kwa go nna a bo a sa ile yo e leng rraagwe, mmaagwe,mosadi wa gagwe, bana, bo morwa rraagwe le bo kgaitsadie -ee, le botshelo jwa gagwe -ga a kake a nna morutwana wame. 27 Le fa ele mang yo a sa tseeng mokgoro wa gagwe a bo atla kwa go nna a ntshala morago ga a kake a nna morutwana wame. 28 Gonne ke mang wa lona, yo e reng a eletsa go aga kago e e goletseng kwa godimo, a seke a nne fa fatshe pele a bala tlhwatlhwa a bone gore a o na le mo go lekanyeng go e fetsa? 29 Esere gongwe a sena go dira motheo a bo a sa kgone go e fetsa, mme botlhe ba ba e bonang ba simolole go mo sotla ba re, 30 monna yo o simolotse go aga mme ga a kgona go fetsa.' 31 Kgotsa ke kgosi e fe e e kareng e ya go kopana le kgosi e nngwe mo ntweng, abo a ka seke a nne fa fatshe go tsaya dikgakololo, gore a o ka kgona ka banna ba le 10 000 go lwantsha kgosi e e tlang kgatlhanong le ene ka banna ba le 20 000? 32 Mme fa go sa kgonagale, fa batlhabane ba bangwe ba santse ba le kgakala a romele moemedi go ya go senka mabaka a kagiso. 33 Ka jalo, fa motho a sa tlogele gotlhe mo a nang le gone ga a kake a nna morutwana wame. 34 Letswai le siame, mme fa letswai le latlhegetswe ke tatso ya lone, le ka dirwa letswai gape jang? 35 Ga lena mosola mo mmung, lefa ele go dira dikotla mo mmung. Le a latlhiwa. Yo a nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe."