Kgaolo 12

1 Ka nako eo, gone go le dikete tsa batho ba phuthegile ga mmogo, ebile ba gatana, a simolola go bua le barutwana ba gagwe pele a re, "Elang tlhoko sebidiso sa Bafarasai, se e leng boitimokanyi. 2 Ga gona sepe se se fitlhegileng, se se ka se keng sa senoga, le fa ele se se fitlhilweng, se se ka sekeng se itsiwe. 3 Jaanong sengwe le sengwe se le se buileng mo lefifing se tla utlwala mo leseding, le fa e le se se sebilweng mo ntlong se tla kuiwa le ko marulelong a matlo. 4 Ditsala ke le raya ke re, le seka la boifa ba ba bolayang mmele, mme gotswa foo go sena se ba ka se dirang. 5 Mme ke tla le tlhagisa ka yo le tswanetseng go mmoifa. Boifang ene yo e reng a sena go bolaya, a nang le taolo ya go latlhela mo diheleng. Ee, ke a le bolelela, boifang ene. 6 A dipeolwane tse tlhano ga di rekisiwe dithebenya tse pedi fela? Le fa go ntse jalo ga gona dipe tsa tsone tse di lebalesegang fa pele ga Modimo. 7 Mme le palo ya moriri wa tlhogo ya lona e a itsiwe. Le seka la boifa. Le botlhokwa thata go feta dipeolwane. 8 Ke le raya ke re, mongwe le mongwe yo a mpolelang fa pele ga batho, Morwa Motho le ene o tla mmolela fa pele ga baengele ba Modimo, 9 mme yo a intatolang fa pele ga batho o tla itatolwa fa pele ga baengele ba Modimo. 10 Mongwe le mongwe yo a buang lefoko kgatlhanong le Morwa Motho, o tla itshwarelwa, mme yo a buang bosula ka Moya yo o Boitshepo ga a kitla a itshwarelwa. 11 Fa ba le tlisa fa pele ga magosi, babusi le mo disinagogeng le seka la tshwenyega ka se le tla se buang go iphemela, 12 gonne Moya yo o Boitshepo o tla le ruta se le tla se buang ka nako eo. 13 Jalo mongwe mo setlhopheng a mo raya a re, "Moruti raya morwa rre a kgaogane boswa le nna." 14 Jeso a mo raya a re, "Ke mang yo a ntirileng moatlhodi kana motshereganyi fa gare ga lona?" 15 A ba raya a re, "Itiseng gore le ikgaphe mo dikeletsong tsa go ikgagapelela, ka gore botshelo jwa motho ga bo a ikaega ka bontshi jwa dikhumo tsa gagwe". 16 Jalo Jeso a ba bolelela setshwantso, a re, " Tshimo ya monna wa mohumi e ne ya ntsha thobo e ntsi, 17 ipotsa a re, 'Ke tla dira jang ka gore ga gona fa ke bayang thobo yame teng?' 18 A re, 'Ke tla dira jaana. Ke tla rutlomolola dirala tsame ke aga tse dikgolwane, ke tla baya thobo le dithoto tsame gone. 19 Ke tla raya moya wame ke re, "Moya, o ipetse dithoto tse dintsi tseo ka di dirisang, dingwaga tse dintsi tse di tlang. Itapolose, ja, nwa, itumele."' 20 Mme Modimo a mo raya a re, 'Monna wa seeleele, moya wa gago o tla tlosiwa mo go wena bosigong jona, dilo tse o di ipoloketseng di tla nna tsa ga mang? 21 Go tshwana le motho yo itirelang dikhumo mme a humanegile mo Modimong." 22 Jeso a raya barutwana ba gagwe a re, "Jaanong ke a le raya, le seka la tshwenyega ka botshelo jwa lona; se le tla se jang, kana ka mmele wa lona; se le tla se aparang. 23 Gonne botshelo bo botlhokwa go na le dijo, gape le mmele o botlhokwa go na le diaparo. 24 Lebelelang magakabe, ga a leme ebile ga a robe. Ga a na mabolokelo kana disigo, mme Modimo o a a jesa. Le botlhokwa thata go na le dinonyane! 25 Le gone ke mang yo e ka reng ka go tshwenyega a oketsa malatsi a go tshela ga gagwe? 26 Ke eng le tshwenyeya ka dilo tse dingwe fa le sa kgone go dira dilo tse di potlana? 27 Lebelelang dithunya ka fa di golang ka teng. Ga di bereke le fa e le go loga. Ka jalo ke a le raya, le ene Solomone mo kgalalelong ya gagwe o ne a sa apare jaaka nngwe ya tsone. 28 Fa Modimo a apesa bojang jo bo teng gompieno, e re kamoso bo tshubiwe, lona o ka le apesa go gaisa, lona ba ba tumelo potlana! 29 Le seka la tshwenyega le fa e le go batla se le se jang kana se le tla se nwang. 30 Gonne ditshaba tsotlhe tsa lefatse di batla dilo tse, le Rraalona o itse fa le tlhoka dilo tse. 31 Mme batlang pele bogosi jwa gagwe, dilo tse tsotlhe le tla di o kelediwa. 32 Se boifeng letsomanenyane lame, gonne Rraalona o itumelela go le neela bogosi. 33 Rekisang dithoto tsa lona le neele bahumanegi. Itireleng dikgwama tse di sa kgagogeng; dikhumo kwa legodimong tse di sa feleng, kwa magodu a ka sekeng a atamela le fa e le motlhwa go ka senya. 34 Gonne kwa dikhumo tsa gago di leng teng, le pelo ya gago e teng. 35 Le gagamatse diaparo tsa lona ka lebante le dipone tsa lona di tuke ka dinako tsotlhe, 36 le tshwane le batho ba ba letetseng mong wa bone go tswa kwa modirong wa lenyalo, e re fa a goroga a kokota ba bo ba mmulela lebati ka bonako. 37 Gosego batlhanka bao, ba e tla reng morena wa bone a goroga a ba fitlhele ba lebile. Ammaruri ke a lo raya gore o tla gagamatsa dilwana tsa gagwe ka lebante, a ba fe le bonno go ja, le go ba tsolela dijo tota. 38 Go segofetse batlhanka ba e tla reng morena wa bone a goroga bosigogare kana makuku ba fitlhele ba ipaakantse. 39 Le fa go ntse jalo itse se, gore fa mong wa ntlo a ne a itsile nako e legodu le tlang ka yone, o ne a ka seka a letlelela ntlo ya gagwe go thubiwa. 40 Le ipaakanyeng, ka gore ga le itse nako e Morwa Motho a tla gorogang ka yone." 41 Petere a re, "Morena, a o bua setshwantsho se le rona fela kana le mongwe le mongwe?" 42 Morena a re, "Ke mang motlhokomedi yo tshepegang gape a le botlhale yo mong wa gagwe a tla mo laolelang go kgaoganya batlhanka ba bangwe dijo ka nako e maleba? 43 Gosego motlhanka yoo, yo mong wa gagwe a tla mo fitlhelang a dira jalo fa a goroga. 44 Ammaaruri ke a le raya o tla mo dira molebeledi wa dithoto tsotlhe tsa gagwe. 45 Mme fa motlhanka yoo a ka ipolelela mo pelong ya gagwe gore, ' Morena wa me o diega go boa,' a bo a simolola go betsa batlhanka ba bo mme le bo rre , a ja a nwa, a bo a tagiwa, 46 Morena wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa le solofelang,le mo nakong e a sa e itsing, o tla mo kgaola ditokitoki a matele phatlha kwa lefelong le ba ba senang boikanyego. 47 Motlhanka yoo, le fa a ne a itse gorata ga morena wa gagwe, mme a bo a sa dire kana a baakanye ka fa thatong ya gagwe, o tla betswa mo go golo. 48 Mme yo a neng a sa itse, mme a dira dilo tse a tshwanelwang ke go betswa, o tla betswa go le go nnye. Mongwe le mongwe yo neetsweng go le gontsi, go tla batliwa go le gontsi mo go ene , le yo tshephilweng go le gogolo, go tla solofelwa gole go ntshi mo go ene. 49 Ke tile go tshololela molelo mo lefatsheng, ke eletsa jang gore o ka bo o setse o tuka. 50 Mme ke na le kolobetso e ke tshwanetseng go kolobediwang ka yone, ke tlhobaela ka metlha go fitlhela e diragala. 51 A le akanya gore ke tlile go tlisa kagiso mo lefatsheng? Nnyaa, ke a le bolelela, ke tlisitse kgaogano. 52 Go tswa gompieno go ya pele go tla bo go le botlhano mo lwapeng ba kgaogane; ba le bararo ba tla nna kgatlhano le ba le babedi fa ba le babedi ba tla nna kgatlhano le ba le bararo. 53 Ba tlaa kgaogana; morwa o tla nna kgatlhanong le rraagwe, fa rre a tla nna kgatlhano le morwa wa gagwe ;mosadi o tla nna kgatlhano le ngwana wa gagwe wa mosetsana, mosetsana a nna kgatlhanong le mmagwe; ngwetsi a nna kgatlhano le matsalaagwe , matsale a nna kgatlhanong le ngwetsi." 54 Jeso o ne a raya setlhopha a re, "Fa le bona leru emelela ko bophirima, gone foo le a re ' Pula e etla,' se se diragale. 55 Fa phefo e tswang borwa e foka, le a re, ' Go tla nna mogote,' go nne jalo. 56 Baitimokanyi, le itse go lepa seemo sa loapi le tebego ya lefatshe, ke eng jaanong le sa itse go lepa nako ya gompieno? 57 Ke eng le sa ikatlholele se se siameng ka bo lona? 58 Gonne fa o ya le moganetsi wa gago fa pele ga lekgotla, mo tseleng leka go rarabolola kgang le ene gore a seka a go isa kwa mosekising, gore mosekisi a seka a go neela ba molao, ba molao ba seka ba go isa kwa kgolegelong. 59 Ke a go raya, ga o kitla o tswa koo go fitlhela o duela ka madi a gago otlhe.