1 Ga diragala ya re Jeso a rapela mo lefelong lengwe, mongwe wa barutwana ba gagwe a mo raya a re, '' Morena, re rute go rapela fela jaaka Johane a rutile barutwana ba gagwe. '' 2 Jeso a ba raya a re, '' Fa le rapela le re,' Rara, a leina la gago le galalediwe.A bogosi ja gago bo tle. 3 Re neele sejo sa rona letsatsi le letsatsi. 4 Re itshwarele dibe tsa rona, jaaka re itshwaretse mongwe le mongwe yo o molato le rona.Mme o seka wa re gogela mo thaelong.''' 5 Jeso a ba raya a re,'' Ke mang mo go lona yo e reng a na le tsala, e re e tla kwa go ene gare ga bosigo, e bo e mo raya e re, ' Tsala, nkadima dinkgwe tse tharo ( 3 ) 6 ke gone ke gorogelwang ke moeng jaanong ga ke na se ke se mo fang.' 7 Mme yo o mo ntlong a mo araba a re,' Se ntshwenye, re setse re tswetse dipati ebile nna le bongwanake re setse re robetse. Ga ke kgone go tsoga ke go fa borotho .' 8 Ke go raya ke re, le fa a sa tsoge a go fa borotho mme ka gore o tsala ya gagwe, le ka ntlha ya bopelotelele jwa gago , o tla a tsoga a bo a go neela dinkgwe tse di bontsi jo o bo tlhokang. 9 Ke le raya gape ke re, kopang, le tla neelwa; batlang, le tla bona;kokota, le tla bulelwa. 10 Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela; le yoo batlang oa bona gape yoo kokotang o a bulelwa. 11 Ke rre ofe yo okareng ngwana wa gagwe a kopa tlhapi, a mofe noga boemong jwa tlhapi? 12 Kana ere a kopa lee, amo fe phepheng, jalo he, 13 fa ele gore lona ba le bosula le itse go fa bana ba lona dimpho tse di molemo, rraalona yo o kwa legodimong o tla a fa gole kae bao ba mo kopang Moya yo o Boitshepo? 14 Jaanong Jeso o ne a kobela kwa ntle mowa o o maswe wa bomumu. Fa letimona le sena go tswa, monna yo o neng a le semumu a bua, mme matshwititshwiti a gakgamala. 15 Mme bangwe ba batho ba bua ba re, "O kobela kwa ntle matimone ka leina la ga Belesabole kgosi ya matimone." 16 Bangwe ba mo leka, ba mo kopa sesupo gotswa legodimong. 17 Mme Jeso o ne a itse dikakanyo tsa bone a ba raya are, "bogosi bongwe le bongwe jo bo ikgaoganyang boa phatlaladiwa, le ntlo e e ikgaoganyang e a nyelela." 18 Fa Saatane a ikgaogantse, bogosi jwa gagwe bo ka ema jang? Gonne lo are ke koba matimone ka leina la ga Belesabole. 19 Fa ke kobela kwa ntle matimone ka leina la ga Belesabole, balatedi ba lona bone ba a kobela kwa ntle ka leina la ga mang? Ka lebaka la se , ba tla le atlhola. 20 Mme fa ke kobela matimone kwa ntle ka letsogo la Modimo, ka jalo bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona. 21 Fa monna yo o nonofileng a disa ntlo ya gagwe, dithoto tsa gagwe di babalesegile, 22 mme fa monna yo o nonofileng go mo feta a mo fenya, o mo tseela itshireletso, a a bo a mo gapela dithoto. 23 Yo senang le nna o kgatlhanong le nna, mme yo o sa kgobokanyeng le nna o a phatlalatsa. 24 Fa mowa o o maswe o tswa mo mothong, o ralala dikaka o batla bonno. Fa o sa bona bope,o a re 'ke tla boela kwa ntlong yame e ke tswang kwa go yone,' 25 Fa o bowa, o fitlhela ntlo e phepafaditswe e bile e rulagantswe sentle. 26 E tsamae e tle ka mewa e mengwe e e bosula e supa e e e fetang ka bosula, mme yotlhe e bo e tla go nna moo. Mme seemo sa monna yoo se nne maswe go feta jaaka pele." 27 Ga diragala ya re a bua dilo tse, mosadi mongwe a goeletsa go feta matshwititshwiti a batho a mo raya a re, "Go sego mosadi yo o go belegeng, le mabele a a go amusitseng", 28 mme are, "Segolobogolo go segofetse ba ba utlwang lefoko la Modimo ba bo ba le tshegetsa." 29 Yare matshwititshwiti a oketsega, Jeso a simolola gore, ''Kokomane e ke kokomane e e bosula, e batla sesupo, lefa go sena sesupo sepe se e tlaa se neelwang fa e se sa ga Jona. 30 Gonne fela jaaka Jona a ne a nna sesupo mo tshabeng ya Ninife, jalo he Morwa Motho o tlaa nna sesupo mo kokomaneng e. 31 Kgosigadi ya borwa e tlaa ema ka letsatsi la katlholo le kokomane e e bo e ba atlhola, gonne o dule kwa phelelong ya lefatshe go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme bona, mongwe yo o mogolo mo go Solomome o fano. 32 Batho ba Ninife ba tla emalana ka letsatsi la katlholo le kokomane e, mme ba tlaa ba bona molato, gonne ba ne ba ikotlhaa mo therong ya ga Jona, mme bona, mongwe yo o mogolo go feta Jona o fano. 33 Ga gona ope yo e reng a sena go tshuba lebone, a bo a le baya fa go fitlhegileng kgotsa ka fa tlase ga kobo, mme o le pega mo setlhomong gore ba ba tsenang ba bone lesedi. 34 Leitlho la gago ke lebone la mmele, fa leitlho la gago le siame, mmele otlhe o tlala ka lesedi. Mme fa le sa siama, mmele otlhe o tlala ka lefifi. 35 Ka jalo, tlhomamisa gore lesedi le le mo go wena ga se lefifi. 36 Ka jalo fa mmele otlhe wa gago o tletse lesedi, go sena karolo epe e e mo lefifing, jalo mmele wa gago o tla nna jaaka lebone le le go phatsimelang." 37 Fa a fetsa go bua, Mofarasai a mo kopa go ya go ja le ene kwa ntlong ya gagwe. Jeso a tsena a nna fa fatshe. 38 Mofarasai a gakgamala gore Jeso o ne a sa tlhapa diatla pele ga a ja. 39 Mme Morena a mo raya a re, "Jaanong lona bafarasai le tlhatswa bo ka kontle jwa dikopi le megopo mme ka ko teng ga lona go tletse bopelotshetlha le bosula. 40 Lona dieleele, a ga le itse gore yo o dirileng bo ka kontle o dirile le bo kako teng? 41 Neelang bahumanegi se se ka kwa teng, mme dilo tsotlhe le tla di ntlafalediwa. 42 Go utlwisa botlhoko lona Bafarasai gonne le ntsha ditsa lesome tsa mminte le rue, le setlhatshana sengwe le sengwe se se mo tshingwaneng, mme le ikgatholosa se se siameng le lerato la Modimo. Go botlhokwa go dira ka tshiamo le go rata Modimo, le sa tlogele tse dingwe kwa morago. 43 Go utlwisa botlhoko lona bafarasai ka gore le rata go nna kwa pele mo senagogeng, le go dumedisiwa ka tlotlo kwa marekisetsong. 44 Le utlwisa botlhoko gonne le tshwana le mabitla a a sa tshwaiwang a batho ba a gatang ba sa a lemoge." 45 Mongwe wa baruti ba molao a mo raya a re, "Moruti, se o se buwang se a re kgopisa le rona", 46 Jeso a re, "Go utlwisa botlhoko lona baruti ba molao gonne le rwesa batho merwalo e e bokete go rwalwa, mme lona ga le tshware merwalo le fa ele ka menwana ya lona." 47 Le utlwisa botlhoko gonne le agela baporofiti mabitla, mme ke bo rraalona mogolo ba ba ba bolaileng. 48 Jalo le basupi ebile le dumalana le ditiro tsa bo rraalona mogolo, gonne ba ba bolaile mme le ba agetse mabitla. 49 Ka lebaka le, botlhale jwa Modimo jwa re, ''ke tla ba romelela baporofiti le baaposetolo, mme ba tla a bogisa ba bo ba bolaya bangwe ba bone. 50 Jalo he kokomane e, e tla rwesiwa boikarabelo jwa madi otlhe a baporofite a a tshologileng go tswa tshimologong ya lefatshe, 51 go simologa ka madi a ga Abela go tsena madi a ga Sakarea, yo o neng a bolawa fa gare ga aletara le lefelo le le boitshepo. Ee, ke le raya kere, kokomane e e tla rwesiwa boikarabelo. 52 Go utlwisa botlhoko lona baruti ba melao ya Sejuta, gonne le tsere selotlolo sa kitso; ga le kgone go tsena, mme le kgoreletsa ba ba tsenang." 53 Morago ga Jeso a sena go tswa foo, baitsaanape ba molao le bafarasai ba mo ganetsa ba nganga le ene ka dilo dile dintsi, 54 ba leka go mo tshwara ka mafoko a gagwe.