1 Jaana fa Jeso a feta, a bona monna yo o tsetsweng a le sefofu. 2 Barutwa ba gagwe ba mmotsa, ''Moruti, go leofile mang, monna yo kana batsadi ba gagwe, gore a bo a tsetswe a le sefofu?'' 3 Jeso a araba, ''Go le monna yo, le fa ele batsadi ba gagwe, ga gona yo o leofileng, mme e le gore ditiro tsa Modimo di tle di bonafadiwe mo go ene. 4 Re tshwanetse ra dira ditiro tsa yo o nthomileng go santse go le nako. Bosigo bo etla bo ope a se kitlang a kgona go dira. 5 Fa ke santse ke le mo lefatsheng, ke lesedi la lefatshe.'' 6 Fa Jeso a sena go bua dilo tse, a kgwela mathe fa fatshe, a duba seretse ka mathe, mme a mo tshasa seretse mo matlhong. 7 A mo raya are, ''Tsamaya, o tlhape mo lekadibeng la Siloame ( le fa go ranolwa e leng: romilwe ).'' Jalo monna a tsamaya, a tlhapa, a boa a tla a bona. 8 Jalo baagisanyi ba monna le ba ba kileng ba mmona pele e le mokopi ba ne ba re, ''A yo ga se ene monna yo o neng a tlwaetse go nna le go kopa?'' 9 Bangwe ba re, ''Ke ene.'' Ba bangwe bare, ''Nyaa, mme o tshwana le ene.'' Mme ene a re, ''Ke nna.'' 10 Ba mo raya ba re, ''Jaanong matlho a gago a bulegile jang?'' 11 A araba, ''Monna yo o bidiwang Jeso o ne a duba seretse mme a se ntshasa mo matlhong a bo a nthaya a re, 'Tsamaya o ye Siloame mme o tlhape.' Jalo ka tsamaya mme ka tlhapa, mme ka amogela pono yame.'' 12 Ba mo raya ba re, ''O kae?'' A fetola, ''Ga ke itse.'' 13 Ba tlisa monna yo o neng a ntse a le sefofu kwa Bafarasaing. 14 Jaana e ne e le letsatsi la Sabata fa Jeso a duba seretse a bo a budulola matlho a gagwe. 15 Fela jalo gape Bafarasai ba mmotsa gore o amogetse pono ya gagwe jang. A ba raya a re, ''O ntshasitse seretse mo matlhong, ka tlhapa, jaanong ke a bona.'' 16 Bangwe ba Bafarasai ba re, ''Monna yo ga a tswe kwa Modimong ka ga a tlotle Sabata.'' Ba bangwe ba re, ''Go tla jang gore monna yo e leng moleofi a ka dira ditshupo tse di ntseng jaana?'' Jaanong ga nna le kgaogano magareng ga bone. 17 Mme ba botsa monna wa sefofu gape, ''Wena wa reng ka ene, ka kefa o go butse matlho?'' Monna wa sefofu a re, ''Ke moporofiti'' 18 Le jaana Bajuta ba seka ba dumela ka ga gagwe gore o ne a le sefofu mme o amogetse pono ya gagwe go fitlhelela ba bitsa batsadi ba yo o amogetseng pono. 19 Ba botsa batsadi, ''A yo ke ngwana wa lona yo le reng o tsetswe a le sefofu? Go dirafetseng gore a bo a bona jaanong?'' 20 Mme batsadi ba gagwe ba ba araba, ''Re a itse gore yo ke morwa wa rona yo o neng a tsetswe a le sefofu. 21 Gore ke eng a bona jaanong, ga re itse, le gore ke mang yo o budulotseng matlho a gagwe, ga re itse. Mmotseng o godile. O kgona go ipuelela.'' 22 Batsadi ba gagwe ba bua dilo tse, ka gore ba ne ba tshaba Bajuta. Gonne Bajuta ba ne ba setse ba dumalanye gore mongwe yo o ka bolelang fa e le ene Keresete, o tlaa kobiwa mo sinagogeng. 23 Ka ntlha ya se, batsadi ba gagwe bare, ''O motona, mmotseng.'' 24 Ba boa ba bitsa monna yoo neng a foufetse labobedi ba mo raya ba re, ''Galaletsa Modimo. Re a itse gore monna yo ke moleofi.'' 25 Mme monna yoo a fetola, ''Ga ke itse fa e le gore ke moleofi. Selo sengwe se ke se itseng: ke ne ke le sefofu, mme ke a bona.'' 26 Jalo ba mo raya ba re, ''O go dirile eng? O butse matlho a gago jang?'' 27 A araba, ''Ke setse ke lo boleletse go le pele, mme ga lo a ka lwa reetsa! Ke eng lo batla go go utlwa gape? Ga lo batle go nna barutwa ba gagwe le lona, kana jang? 28 Ba mo roga mme ba re, ''O morutwa wa gagwe, rona re barutwa ba ga Moshe. 29 Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme yo ene ga re itse kwa a tswang teng.'' 28 29 Ba mo roga ba re, 30 Monna a araba mme a ba raya a re, ''Mo go a gakgamatsa, gore le bo le sa itse kwa a tswang teng, mme ene a butse matlho ame. 31 Re a itse fa Modimo a sa reetse baleofi, mme fa mongwe a ineetse mme a dira go rata ga gagwe, o a mo reetsa. 32 Fa e sale kwa tshimologong ya lefatshe ga go e se go utlwalelwe mongwe yo o butseng matlho a monna yo o tsetsweng a foufetse. 33 Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ne a ka seka a dira sepe.'' 34 Ba araba ba mo araba ba mo raya ba re, ''O ne o tsaletswe gotlhelele mo maleong, mme o a re ruta?'' Ba bo ba mo latlhela kwa ntle. 35 Jeso a utlwa fa ba mo kobile mo sinagogeng. A mo fitlhela mme a re, ''A o dumela mo go Morwa Motho?'' 36 A fetola mme a re, ''Ke mang, Morena, ke tle ke dumele mo go ene?'' 37 Jeso a mo raya a re, ''O mmonye, mme ke ene yo a buang le wena.'' 38 Monna a re, ''Morena, ke a dumela'' a bo a mo obamela. 39 Jeso a re, ''Ke tletse katlholo mo lefatsheng le gore ba ba sa boneng ba bone le gore bone ba ba bonang ba foufale.'' 40 Bangwe ba Bafarasai ba ba neng bana le ene ba utlwa dilo tse mme ba mmotsa, ''A le rona re foufetse?'' 41 Jeso a ba raya a re, ''Fa lo ne lo le difofu, lo kabo lo sena boleo bope, mme jaanong la re, 'Re a bona,' mme boleo ba lona bone bo setse.