1 Jeso a ya kwa thabeng ya letlhware. 2 Mo mosong o mogolo o ne a ya kwa tempeleng gape, mme batho botlhe ba tla; a nna fa fatshe a ba ruta. 3 Bakwadi le Bafarasai ba tla ka mosadi yo o neng a tshwerwe ka tiro ya boaka. Ba mmaya fa gare. 4 Foo ba mo raya ba re, ''Moruti, mosadi yo o tshwerwe mo tirong ya boaka. 5 Jaanong mo molaong, Moshe o re laotse go kgobotletsa batho ba ba ntseng jaana ka matlapa; wena wa reng ka ene?'' 6 Ba ne ba bua se gore ba tle ba mo tshware ka mafoko le gore ba nne le se ba ka mo pateletsang ka sone, mme Jeso a inama a kwala fa fatshe ka monwana. 7 Fa ba tswelela go mmotsa dipotso, Jeso a inamologa a ba raya a re, ''Yo o senang boleo fa gare ga lona, a e nne ene wa ntlha go mo ngata ka letlapa.'' 8 A inama gape, a kwala fa fatshe ka monwana. 9 Fa ba utlwa se, ba tswa ka bongwe ka bongwe, go simolola ka yo mogolo go ba feta. Kwa bofelong Jeso a sala a le nosi, ene le mosadi yo o neng a le fa gare. 10 Jeso a inamologa a mo raya a re, ''Mosadi, ba kae batho ba ba neng ba go pateletsa? A go na le mongwe yo o go boneng molato?'' 11 A bua a re, ''Ga gona ope, Morena.'' Jeso a re, ''Le nna ga ke go bone molato. Tsamaya, o seka wa leofa gape.'' 12 Gape Jeso a bua le bone a re, ''Ke lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a kake a tsamaya mo lefifing mme o tla nna le lesedi la botshelo.'' 13 Bafarasai ba mo raya ba re, ''O fa bosupi ka wena; bosupi jwa gago ga se boammaaruri.'' 14 Jeso a araba a ba raya a re, ''Le fa ke fa bosupi ka nna, bosupi jwame ke boammaaruri. Ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng, mme lona ga le itse kwa ke tswang teng le kwa ke yang teng. 15 Le atlhola go ya ka fa nameng; nna ga ke atlhole ope. 16 Mme fa ke atlhola, katlholo yame e boammaaruri gonne ga ke nosi, ke na le Rara yo o nthomileng. 17 Ee, mo molaong wa lona go kwadilwe gore bosupi jwa batho ba babedi bo boammaaruri. 18 Nna ke yo o fang bosupi ka nna, le Rara yo o nthomileng o fa bosupi ka nna.'' 19 20 Ba mo raya ba re, ''Rraago o kae?'' Jeso a araba, ''Ga le nkitse ebile ga le itse Rara; fa le ne le nkitsile, le kabo le itsile Rara.'' O buile mafoko a a le mo mabolokelong, a ruta kwa tempeleng, mme ga se ka ga nna ope yo o mo tshwarang gonne nako ya gagwe e ne e ise e tle. 21 A ba raya gape a re, ''Ke a tsamaya; le tla mpatla mme le tla swela mo boleong jwa lona. Kwa ke yang teng, ga le kake la tla teng.'' 22 Bajuta ba re, ''A o tla ipolaya? A ke sone se a reng, 'Kwa ke yang teng ga le kake la tla teng'?'' 23 Jeso a ba raya a re, ''Le tswa kwa tlase; nna ke tswa kwa godimo. Le ba lefatshe; nna ga ke wa lefatshe. 24 Jalo he, ke rile le tla swela mo maleong a lona. Ka gore fa le sa dumele gore KE ENE, le tla swela mo maleong a lona.'' 25 Ka jalo ba mo raya ba re, ''O mang?'' Jeso a ba raya a re, ''Ke se ke le reileng kwa tshimologong ke re ke sone. 26 Ke na le dilo tse dintsi tse ke ka di buang le tse ke ka di atlholang ka ga lona. Le fa go ntse jalo, yo o nthomileng o boammaaruri; dilo tse ke di utlwileng go tswa kwa go ene, ke tsone tse ke di bolelelang lefatshe.'' 27 Ba ne ba sa tlhaloganye gore o bua le bone ka ga Rara. 28 Jeso a re, ''Fa le sena go tsholetsa Morwa Motho, ke gone le tla itseng gore KE ENE, le gore ga ke dire sepe ka bonna. Jaaka Rara a nthutile, ke bua dilo fela jalo. 29 Yo o nthomileng o na le nna, ga a ntlogela ke le nosi, gonne ka nako tsotlhe ke dira se se mo itumedisang.'' 30 Jaaka Jeso a ne a bua dilo tse, ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene. 31 Jeso a bua le Bajuta ba ba neng ba dumela mo go ene, ''Fa le ka nna mo lefokong lame, foo ka boammaaruri le tla bo le le barutwa bame; 32 ebile le tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla le golola.'' 33 Ba mo araba ba re, ''Re dikokomane tsa ga Aborahama, ebile ga re ise re nne makgoba a ga ope; ke eng o re, 'Le tla gololwa'?'' 34 Jeso a ba araba, ''Ammaaruri, ammaaruri ke a le raya, ''Ope yo o dirang boleo ke lekgoba la boleo. 35 Lekgoba ga le nnele ruri mo ntlong ka bosakhutleng; morwa o nnela ruri ka bosakhutleng. 36 Ka jalo, fa Morwa a le golola, le tla gololwa ga boammaaruri. 37 Ke a itse gore le kokomane ya ga Aborahama; le batla go mpolaya ka gonne lefoko lame ga le na bonno mo go lona. 38 Ke bua se ke se boneng mo go Rara, le dira se le se utlwileng mo go rraalona.'' 39 Ba araba ba mo raya ba re, ''Rraarona ke Aborahama.'' Jeso a ba raya a re, ''Fa le le bana ba ga Aborahama, le kabo le dira ditiro tsa ga Aborahama. 40 Mme, jaanong le batla go mpolaya, monna yo o le boleletseng boammaaruri go tswa kwa Modimong. Aborahama o ne a sa dire dilo tse. 41 Le dira ditiro tsa ga rraalona.'' Ba mo raya ba re, ''Ga re a tsholelwa mo boleong jwa bosutlha jwa thobalo; re na le Rara a le mongwe: Modimo.'' 42 Jeso a ba raya a re, ''Fa Modimo e ne e le rraalona, le ne le tla nthata, gonne ke tswa kwa Modimong ebile ke fano; gonne ga ke a tla ka bonna, ke romilwe ke ene. 43 Ke eng le sa tlhaloganye mafoko ame? Ke gore ga le kgone go utlwa mafoko ame. 44 Le ba ga rraalona, Satane, le eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona. O ne a le mmolai go tswa kwa tshimologong ebile ga a eme mo boammaaruring gonne boammaaruri ga boyo mo go ene. Fa a bua maaka, o bua go tswa mo tlholegong ya gagwe gonne ke moaki ebile ke rraago maaka. 45 Hela ka gore ke bua boammaaruri, ga le dumele mo go nna. 46 Ke mang mo go lona yo o ntatofatsang ka go dira boleo? Fa ke bua boammaaruri, ke eng le sa dumele mo go nna? 47 Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; ga le a utlwe ka gore ga le ba Modimo.'' 48 Bajuta ba araba ba mo raya ba re, ''A ga re a bua boammaaruri re re o Mosamarea ebile o na le letimone?'' 49 Jeso a araba a re, ''Ga ke na letimone, mme ke tlotla Rara, lona ga le ntlotle. 50 Ga ke batle kgalalelo yame; go na le yo o batlang le go atlhola. 51 Ammaaruri, ammaaruri, ke a le raya, fa ope a ka tshegetsa lefoko lame, ga a kitla a bona loso.'' 52 Bajuta ba mo raya ba re, '' Jaanong re a itse gore o na le letimone. Aborahama le baporofiti ba sule; mme wena wa re, 'Fa ope a tshegetsa lefoko lame, ga a kitla a utlwa loso.' 53 Ga o motona mo go rraarona Aborahama yo o suleng, kana go ntse jalo? Baporofiti le bone ba sule. Wena o itira mang?'' 54 Jeso a ba araba, ''Fa ke ikgalaletsa, kgalalelo yame ga se sepe; ke Rara yo o nkgalaletsang - ene yo le reng ke Modimo wa lona. 55 Ga le ise le ko le mo itse, mme nna ke a mo itse. Fa ke ne ke ka re, 'Ga ke mo itse', ke ne ke tla tshwana le lona, ke nna moaki. Le fa go ntse jalo, ke a mo itse ebile ke tshegetsa lefoko la gagwe. 56 Rraalona Aborahama o ne a ipela fa a bona letsatsi lame; o ne a le bona, a itumela.'' 57 Bajuta ba mo raya ba re, ''Ga o ise o nne le dingwaga tse masome matlhano, mme o bone Aborahama?'' 58 Jeso a ba raya a re, ''Ammaaruri, ammaaruri ke a le raya, pele ga Aborahama a nna teng, ke ne ke le teng.'' 59 Foo ba sela matlapa go mo ngata, mme Jeso a iphitlha a bo a tswa mo tempeleng.