1 Morago ga ditiragalo tse Jeso a tsamaela kwa Galalea, ka gore o ne a sa batle go ya kwa Jutea gonne Bajuta ba ne ba batla go mmolaya. 2 Moletlo wa Bajuta wa Metlaagana o ne o atametse. 3 Jalo he bomorwarraagwe ba ne ba mo raya ba re, "Tsamaya o ye kwa Jutea, gore barutwa ba gago ba tle ba bone ditiro tse o di dirang. 4 Ga go na ope yo e reng a batla go itsiwe phatlalatsa a bo a dira ditiro tsa gagwe mo sephiring. Fa o dira dilo tse, iponafatse mo lefatsheng." 5 Ka gore le bomorwarraagwe ba ne ba sa ba dumele mo go ene. 6 Ka jalo, Jeso a ba raya a re, "Nako yame ga e ise e goroge, mme ya lona e nna e gorogile. 7 Lefatshe ga le kake la le tlhowa, mme nna le ntlhoile ka gore ke bua kgatlhanong le ditiro tsa lone tse di bosula." 8 Yang ko moletlong; ga ke tsamaye ka gore nako yame ga e ise e wele." 9 Morago ga go bua dilo tse, a tswelela a le mo Galalea. 10 E rile bomorwarraagwe ba se na go ya kwa moletlong, Jeso le ene a tsamaya, mme ka sephiri, a fitlhegile mo matlhong a batho. 11 Bajuta ba ne ba mmatla ko moletlong, mme ba re, "O kae?" 12 Go ne go na le kganetsanyo e ntsi magareng ga bontsi jwa batho. Bangwe ba re, "Ke motho yo o siameng." Ba bangwe ba re, "Nnyaa, o gogela batho kwa thoko." 13 Le fa go ntse jalo, go ne go sena ope yo o buang ka ga ene phatlalatsa ka lebaka la go boifa Bajuta. 14 E rile moletlo o le gaufi le go fela, Jeso a ya kwa tempeleng mme a simolola go ruta. 15 Bajuta ba bo ba makala, ba re, "Monna yo, o itse jang dilo tse dintsi? Ka a sa rutega." 16 Jeso a ba araba a re, "Thuto e ke e rutang ga se yame, mme ke ya ene yo o nthomileng." 17 Fa motho ope a eletsa go dira thato ya gagwe, o tla itse ka ga thuto ya gagwe, gore a e tswa kwa Modimong, kana, e tswa mo go nna. 18 Yo o buang dilo tse a di ithomileng o batla kgalalelo ya gagwe, mme yo o batlang kgalalelo ya yo o mo romileng, o boammaruri ebile ga go na tshiamololo mo go ene. 19 A Moshe ga a le fa molao? Mme ga go na ope wa lona yo o tshegaetsang molao. Ke eng le batla go mpolaya?" 20 Bontsi jwa batho ba re, "O na le letimone, ke mang yo o batlang go go bolaya?" 21 Jeso a ba araba a re, "Ke dirile tiro e le nngwefela, mme lotlhe le gakgamatse ka ntlha ya tiro ya teng. 22 Moshe o le neetse thupiso (e se gore e ne e tswa mo go Moshe, mme kwa go bo rraalonamogolo), mme ka Sabata le rupisa motho. 23 Fa monna a rupisiwa ka Sabata mme molao wa ga Moshe o sa robiwe ke go dira jalo, ke eng le ntenegetse, ka gore ke fodisitse motho ka letsatsi la Sabata? 24 Se atlholeng go yeng ka tebego ya matlho mme atlholang ka tshiamo." 25 Bangwe ba bone go tswa kwa Jerusalema ba re, "A ga se ene yo ba batlang go mmolaya? 26 Bona, o bua mo phatlalatseng mme ga ba mo reye sepe. A ga e kake ya bo e le gore babusi ga ba itse gore ke ene Keresete yo? 27 Mme le gale re itse kwa yo a tswang teng. Mme fa Keresete a tla, ga gona ope yo o tla itseng kwa a tla tswang teng." 28 A bo Jeso a lela mo tempeleng a ntse a ruta, a re, "Le a nkitse le kwa ke tswang teng. Ga ke a tla ka bonna, mme yo o nthomileng o boammaruri ebile ga le mo itse. 29 Ke a mo itse ka ke tswa kwa go ene gape o nthomile." 30 Ba ne ba leka go mo tshwara, mme ga go na ope yo o neng a mmaya seatla ka gore oura ya gagwe e ne e ise e tle. 31 Mme bontsi jwa batho ba ba neng ba kgobokane bo ne bo dumela mo go ene, mme ba re, "Fa Keresete a tla, a o tla dira ditshupo tse dintsi tse di fetang tse yo a di dirang?" 32 Bafarasai ba utlwa bontsi jwa batho bo seba ka ga dilo tsa ga Jeso, mme baperesiti bagolo le Bafarasai ba roma masole gore ba ye go mo tshwara. 33 Jeso a bo a re, "Ke santse ke na le lona ka nako e khutshwane, go tswang foo ke tla bo ke ya kwa go ene yo o nthomileng. 34 Le tla mpatla mme ga le kake la mpona; kwa ke yang teng, ga le kake la kgona go ya teng." 35 Ka jalo Bajuta ba buisana ka bo bone ba re, "Monna yo o tla ya kae ko e leng gore ga re kake ra kgona go mmona teng? A o tla ya ko Bagerikeng mme a ba rute? 36 O raya jang fa a re, 'le tla mpatla mme ga le kake la mpona; kwa ke go yang ga le kake la kgona go ya teng'?" 37 Jaanong ka letsatsi la bofelo le le golo la moletlo, Jeso a ema a lela a re, "Fa mongwe a nyorilwe, a tle kwa go nna mme a nwe. 38 Yo o dumelang mo go nna jaaka temana e bua, dinoka tsa metsi a tshelang di tla elela go tswa mo mpeng ya gagwe." 39 Mme o ne a bua se ka ga Mowa, o ba ba dumetseng mo ene ba tla o amogelang, Mowa o ne o ise o neelwe ka gore Jeso o ne a ise a galalediwe. 40 Bangwe mo bontsing jwa batho, ya re ba utlwa mafoko a, ba re, "Ele ruri, yo ke ene moporofiti." 41 Ba bangwe ba re, "Yo, ke ene Keresete." Mme bangwe ba re, "A Keresete o tswa mo Galalea? 42 A ditemana ga di a bua di re Keresete o tla tswa mo tshikeng ya ga Tafite go tswa ko Bethelehema, legae le Tafite a neng a tswa kwa go lone?" 43 Ka jalo ga nna le kgaogano magareng ga bontsi jwa batho ka lebaka la gagwe. 44 Bangwe ba bone ba ka bo ba ne ba mo tshwere mme ga gona ope yo o neng a mmaya diatla. 45 A bo masole a boela kwa baperesiti bagolong le Bafarasaing, ba ba neng ba re, "Ke eng le sa mo tsisa?" 46 Masole a araba a re, "Ga go na ope yo o kileng a bua jaaka ene." 47 Ka moo Bafarasai ba ba araba ba re, "A le lona le tsieditswe? 48 A bangwe ba babusi le Bafarasai ba dumetse mo go ene? 49 Mme bontsi jwa batho ba ba sa itseng molao ba, ba ba hutsegileng, ke bone ba ba dumetseng mo go ene." 50 Nikotima (mongwe wa Bafarasai, yo o neng a tsile kwa go Jeso pele) a ba raya a re, 51 "A molao wa rona o atlhola motho pele ga go utlwiwa gore a reng le go itse se a se dirang?" 52 Ba mo araba ba re, "A le wena o tswa Galalea? Batlisisa o bone gore, ga go na moporofiti ope yo o tswang ko Galalea." 53 [Mme mongwe le mongwe a ya kwa ntlong ya gagwe.