1 Morago ga dilo tse, Jeso a tswela ntlha e nngwe ya lewatle la Galalea, gape le bidiwa lewatle la Tiberiase. 2 Bontsi jwa batho ba tla, ba mo setse morago ka gore ba bonye ditshupo tse a neng a di dira mo go ba ba neng ba lwala. 3 Jeso a ya kwa godimo ga thaba a nna fa fatshe le barutwa ba gagwe. 4 (Jaanong Tlolaganyo, moletlo wa Bajuta, wa bo o atametse) 5 E rile Jeso a leba kwa godimo a bona bontsi jwa batho bo tla ko go ene, a raya Filipo a re '' Re tla ya go reka borotho kae gore ba tle ba je?'' 6 (Mme Jeso o ne a bua se, go leka Filipo ka a ne a itse se a yang go se dira.) 7 Filipo a mo araba a re,''Madi a re nang le one ga a kake a lekana borotho jo bo tlaa a lekanang gore mongwe le mongwe a tsee le fa go le gonnye.'' 8 Mongwe wa barutwa, Anterea, monnawe Simone Petere a raya Jeso a re, '' 9 Gona le mosimane fa yo o tshotseng marotho a le matlhano a korong le di tlhapi tse pedi, mme se ke eng mo bontsing?'' 10 Jeso a re '' dirang gore batho ba nne fa fatshe'' ( Mme bojang bo ne bo le bontsi mo lefelong leo.) Mme batho ba nna fa fatshe, ba ne ba tshwara dikete di ka nna tlhano ka palo. 11 Mme Jeso a tsaa marotho mme morago ga go leboga a neela ba ba neng ba ntse fa fatshe, A dira mo go tshwanang ka ditlhapi,bontsi jo ba neng ba bo tlhoka. 12 E rile batho ba siame a raya barutwa ba gagwe a re, ''Kgobokanyang tse di robilweng tse di setseng, gore go seka ga latlhiwa sepe.'' 13 Mme ba kgobokanya tse di setseng ba tlatsa dimmanki di le lesome le bobedi go tswa mo marothong a le matlhano e le masalela fa ba sena go ja. 14 Mme erile batho ba sena go bona tshupo e a e dirileng, ba re ''Se ka boammaaruri ke moporofiti yo o tla a tlang mo lefatsheng. 15 E rile Jeso a lemoga gore ba tloga ba mo tshwara ka dikgoka go mo dira kgosi, a tswa gape a le nosi a ya ko godimo ga thaba. 18 E rile gonna maitseboa, barutwa ba gagwe ba fologela kwa lewatleng. 17 Ba tsena mo mokorong, mme ba tlhatloga lewatle go ya kwa Kaperanaume.Gonne go ne le lefifi ka nako eo,mme Jeso o ne a ise a tle ko go bone. 16 Phefo ee bogale e ne e foka, mme lewatle le ne le nna thata. 19 Mme erile ba sena go tsamaya selekanyo sa masome a mabedi le botlhano go ya ko masome a mararo, ba bona Jeso a tsamaya mo lewatleng a tla gaufi le mokoro mme ba ne ba tshogile. 20 Mme a ba raya a re, ''Ke nna! se boifeng.'' 21 Mme ba ne ba eletsa go mo amogela mo mokorong, ka bofefo mokoro wa goroga kwa lefatsheng le ba neng ba ya kwa go lone. 22 Letsatsi le le latelang, bontsi jo bo neng bo eme ka fa ntlheng e nngwe ya lewatle ba bona gore ga gona mokoro ope, fa e se o mongwe, o Jeso a sa tsenang le barutwa ba gagwe mo teng mme barutwa ba gagwe ba tsamaile ba le nosi. 23 Mme jalo gone go na le mekoro ee tswang Teberiase go bapa le lefelo le bajetseng borotho teng morago ga Morena a sena go leboga. 24 E rile fa bontsi bo lemoga gore Jeso kana barutwa ga bao,bone ka bo bone ba tsena mo mokorong mme ba ya ko Kaperaume ba batla Jeso. 25 Mme e rile ba sena go mmona ka fa ntlheng e ngwe ya lewatle ba re, ''Rabi o tlile leng fa?'' 26 Jeso a ba fetola, a re, Ammaaruri ammaaruri lo a mpatla, e se ka gore le bone ditshupo mme e le ka gore lo jele borotho la bo la kgora. 27 Lo seka lwa direla dijo tse di bolang mme direlang dijo tse di itshokelang go isa ko botshelong jo bo sa khutlheng tse Morwa Motho o tla a lo di neelang,Gonne Modimo Rara o dirile sekano mo go ene.'' 28 Jaana ba mo raya ba re, ''Re tshwanetse ra dira eng,gore re tle re dire ditiro tsa Modimo?'' 29 Jeso a fetola mme a ba raya a re,'' Se ke tiro ya Modimo: gore le dumele mo ene yo a mo rumeleng.'' 30 Mme ba mo raya ba re,'' ditshupo tse o tla a di dirang ke dife, gore re tle re bone gape re go dumele?'' O ya go dira eng? 31 Bo rraarona ba ne ba a ja mana mo sekakeng,jaaka go kwadilwe,'O ba neetse borotho go tswa ko legodimong go ja.''' 32 Mme Jeso a ba fetola a re,'' Ammaaruri ammaaruri,e ne e se Moshe yo o lo neelang borotho go tswa ko legodimong,mme ke Rara yo o le neelang borotho jwa boammaaruri go tswa ko legodimong. 33 Gonne borotho jwa Modimo ke jo bo tlang ko tlase bo tswa legodimong mme bo le neela botshelo mo lefatsheng. 34 Mme ba mo raya ba re, Rara re neele borotho ka nako tsotlhe.'' 35 Jeso a ba raya a re, Ke nna borotho jwa botshelo:ene yo o tlang ko go nna ga a kitla a tshwarwa ke tlala le yo o dumelang mo go nna ga a kitla a nyorwa. 36 Mme ke a lo bolelela gore e le ruri le mpone,mme ga le dumele. 37 Mongwe le mongwe yo Rara a mo nneelang o tla a tla ko go nna,mme ene yo o tlang ko go nna e le ruri ga ke kake ka mo latlha. 38 Gonne ke tlile mo lefatshing ke tswa legodimong, e se gore ke tla go dira thato yame,mme thato ya ene yo o nthumileng. 39 Mo ke thato ya yo o nthumileng, gore ke seka ka latlhegelwa ke ope wa ba a ba nneileng, mme ke tla a ba tsosa mo letsatsing la bofelo. 40 Gonne mo ke gone go rata ga ga Rre, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa a ba a dumela mo go ene o tla a nna le botshelo jo bo sa khutleng mme ke tla a mo tsosa mo letsatsing la bofelo. 41 Mme Bajuta ba tenega ka ga ene ka gore o ne a re, ''Ke nna borotho jwa botshelo jo bo tsileng mo lefatsheng go tswa ko legodimong.'' 42 Ba ne ba re, ''A ga se Jeso Morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng?Jaanong ke eng fa a re, 'Ke tlile mo lefatshing ke tswa legodimong'?'' 43 Jeso a fetola a ba raya a re,'' emisang go tenega mo go lona. 44 Ga gona ope yo o tla a tlang ko go nna fa e se Rre yo o nthumileng a mo atametse, mme ke tla a mo tsosa mo letsatsing la bofelo. 45 Go kwadilwe mo baporofiting , mongwe le mongwe o tla a rutwa ke Modimo;mongwe le mongwe yo o utlwang a bo a ithuta mo go Rara o tla ko go nna. 46 E seng gore mongwe le mongwe o bonye Rara, fa e se ene yo o tswang kwa Modimong-o bonye Rara. 47 Ammaaruri, ammaaruri yo o dumelang o na le botshelo jo bo sa khutleng. 48 Ke borotho jwa botshelo. 49 Borraalona ba jele mana mo sekakeng, mme ba a swa. 50 Se ke borotho jo bo fologang bo tswa legodimong, gore motho o ka ja bontlha bongwe jwa bone mme a seka a swa. 51 Ke borotho jo bo tshidileng jo bo fologang bo tswa legodimong. Fa mongwe a ja borotho jo ,ga a ke tla a swa, mme o tla a tshelela ruri.Borotho jo ke lo bo neelang ke nama yame ya botshelo jwa lefatshe.'' 52 Bajuta ba ne ba tenega magareng ga bone mme ba simolola go ganetsanya, ba re, ''Monna yo o ka re neela mmele wa gagwe jang gore re o je?'' 53 Mme Jeso a ba raya a re, Ammaaruri ammaaruri, fa le sa je nama ya Morwa Motho le nwa madi a gagwe ga le kitla le nna le botshelo mo go lona. 54 Ene yo o jang nama ya me gape a a nwa madi ame o na le botshelo jo bo sa khutleng, gape ke tla a mo tsholetsa mo letsatsing la bofelo. 55 Gonne nama ya me ke dijo tsa boammaaruri, le madi a me ke seno sa boammaaruri. 56 Yo o jang nama yame a bo a nwa madi ame o nna mo go nna, le nna mo go ene. 57 Jaaka Rara yo o tshelang a nthomile, ke jaaka ke tshela ka ntlha ya ga Rara, mme yo o njang, le ene o tla a tshela ka ntlha ya me. 58 Se ke borotho jo bo tlileng mo lefatsheng go tswa ko legodimong, e seng jaaka bo rraarona ba jele ba bo ba swa, Yo o jang borotho jo o tla a tshela ka bosakhutleng.'' 59 Mme Jeso o ne a bua dilo tse mo senagogeng a ruta mo Kaperenaume. 60 Mme bontsi jwa barutwa ba gagwe ba ba utlwileng se ba re, ''Mo ke thuto ee thata ke mang yo o tla e amogelang?'' 61 Jeso ka gore o ne a itse mo go ene gore barutwa ba gagwe ba ne ba tenwa ke se, a ba raya a re '' A se se a le kgopisa? 62 Mme jaanong ke eng le tshwanetse go bona Morwa Motho a ya ko godimo ko a neng a le teng pele? 63 Ke mowa o o neelang botshelo, nama ga e na tlhwatlha epe e kgolo. Mafoko a ke a buileng le lona ke mowa, gape ke botshelo. 64 Mme go na le bangwe ba lona ba ba sa dumeleng.'' Gonne Jeso ko tshimologong o ne a itse gore ke bo mang ba ba sa se nang go mo dumela gape o ne a itse gore ke mang yo o tlaa morekisang. 65 A re, ''Ke ka ntlha ya se ke se buileng mo go lona gore ga gona ope yo o ka tlang ko go nna fa e se fela a go neetswe ke Rara.'' 66 Ka ntlha ya se, bontsi jwa barutwa ba tsamaya mme baseka ba tlhola ba tsamaya le ene. 67 Mme Jeso a raya ba ba lesome le bobedi a re, ''A le lona ga lo batle go tsamaya, a lo a batla?'' 68 Simone Petere a mo araba a re, ''Morena, re tla a ya ko go mang? O na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng, 69 mme re a dumela gape re a itse gore o yo o Boitshepo wa Modimo.'' 70 Jeso a ba raya a re, ''A ga ke a kgetha lona, ba ba lesome le bobedi, mme mongwe wa lone ke satane?'' 71 Mme o ne a bua le Jutase morwa Simone Isekariota, gonne ke ene, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o tla a rekisang Jeso.