Kgaolo 5

1 Morago ga se go ne go na le moletlo wa Bajuta, mme Jeso a ya Jerusalema. 2 Mme kwa Jerusalema fa kgorong, go na le lekadiba, le Bahebera ba le bitsang Bethesaita, mme le na le matlwana aa ruletsweng a le matlhano. 3 Batho ba bantsi ba ba neng ba lwala, difofu, digole, le ba ba sa kgoneng go tsamaya ba ne ba robetse foo. 4 ''Mme moengele wa Morena a tsamaya aya go kgobera metsi gantsinyana mme yo o gatang metsi a santse a bela o ne a fola mo bolwetsing jo a bo lwalang.'' 5 Monna mongwe one a le foo yo o sa bolong go lwala dingwaga di le masome a mararo le boferabobedi. 6 Fa Jeso a mmona a robetse foo, morago ga go bona gore ontse foo lebaka le leleele, a mo raya a re, ''A o batla go itekanela?'' 7 Monna wa molwetse a fetola, ''Rra ga ke na ope yo o ka ntsenyang mo lekadibeng ha metsi a kgoberwa. Fa ke re ke a emelela dikgato di a pala.'' 8 Jeso a mo raya a re, ''Ema ka dinao, tsaya bolao jwa gago, mme o tsamae.'' 9 Ka bofefo monna o ne a fodisiwa mme a tsaya bolao jwa gagwe. Jaanong letsatsi leo ene ele Sabata. 10 Mme Bajuta ba raya yo o fodisitsweng, ''Ke letsatsi la Sabata mme ga o a tshwanela go tsaya bolao jwa gago.'' 11 A fetola, ''Yo o mphodisitseng ke ene yo o ntheileng a re, 'Tsaya bolao jwa gago o tsamae.''' 12 Ba mmotsa, ''Ke mang monna yo o go reileng a re, 'O tseye o tsamaye'?'' 13 Le fa gontse jalo, e ne yo o fodisitsweng o ne a sa itse go re ke mang ka gore Jeso o ne a tsamaile mo sephiring, ka go ne go na le bontsi mo lefelong leo. 14 Moragonyana, Jeso a mmona mo tempeleng mme a mo raya a re, ''Bona o fodile! O seka wa leofa gape, gore sengwe se se maswe se seka sa go diragalela gape.'' 15 Monna a tsamaya a ya ko Bajuteng a ya go ba bolelela gore ke Jeso yo o mo fodisitseng. 16 Jaanong ka gore dilo tsotlhe tse tsa Bajuta di ne di gatelela Jeso, ka gore o dirile dilo tse ka Sabata. 17 Jeso a ba fetola are , ''Ntate o a dira le gone jaana, le nna, ke, a dira.'' 18 Ka se, Bajuta ba senka go mmolaya ka one a sa roba molao wa Sabata hela, le go bitsa Modimo Rraagwe, a itira yoo tshwanang le Modimo. 19 Jeso a ba araba, ''Ammaaruri, ammaaruri, morwa ga a kake a itira sepe, kwa ntle ga go re a bone se Rraagwe a se dirang, ntle le se Rraagwe a se dirang, Morwa le ene o dira dilo tse. 20 Ka Ntate a rata ngwana o mmontsha tsotlhe tse adi dirang ka bo ene, mme otla a mmontsha tse di kgolo go na le tseo mme otlaa gakgamala. 21 Fela jaaka Ntate a tsosa baswi mme aba fa botshelo, fela jalo ngwana le ene o fa yo a mo eleletsang. 22 Mme Ntate ga a atlhole ope, o neetse morwawe katlholo 23 gore mongwe le mongwe a tlotle morwawe jaaka a mo tlota. Ene yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rre yo o moromileng. 24 Ammaaruri, ammaaruri yo o utlwang lefoko la me a ba a le dumela gore ke botshelo jo bo sa khutleng ga a na go nyadiwa, mme o fitile leso a ya botshelo. 25 Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya kare nako e etla, mme ke yone, e baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo, mme ba ba utlwang ba tlaa tshela. 26 Fela jaaka Rara ana le botshelo mo go ene, o neetse le Morwawe gore a nne le botshelo mo go ene, 27 mme Rara o neetse Morwa maatla ago atlhola ka ke Morwa Motho. 28 Lo seka la gakgamatswa ke se, ka gore nako e etla ya gore mongwe le mongwe yo o mo lebitleng o tla a utlwa lentswe 29 mme otlaa tswa: bao ba ba dirileng sentle ka tsogo ya botshelo , le ba ba dirileng bosula ka tsogo ya katlholo. 30 Ga ke kake ka dira sepe ka bo nna. Fa ke utlwa, Kea atlhola, mme katlholo ya me e siame ka gore ga ke batle boswa jwa ga ope fa e se jwa yo o nthomileng. 31 Fa ke ka paka ka nna, bopaki jwa me e ka se nne ja nnete. 32 Go na le mongwe yo o pakang ka nna, mme ke a itse gore bopaki jo a bo pakang ka nna ke nnete. 33 O rometse Johane mme o pakile ka nnete, 34 Mme bopaki jo ke bo amogelang ga bo tswe kwa mothong, ke bua dilo tse gore o ka bolokwa. 35 Johane e ne e le lebone le le tshubilweng le le galalelang, mme o ne a eletsa go galalela mo leseding ka nakwana. 36 Ee bopaki jo ke nang le bone bo feta ja ga Johane, ka ditiro tse Rara a di nneetseng go di dira, ditiro tse ke di dirang, di paka ka se Rara a se nthomileng, 37 Rara yo o nthometseng o setse a pakile ka nna. Yo o setseng a utlwile lentswe le fa e le go mmona ka nako nngwe. 38 Ga ona lefoko lepe la gagwe le le setseng mo go wena, Ka gore ga o dumele mo go yo o go rometseng. 39 O senka ditemana ka gore o akanya gore mo go tsone go na le botshelo jo bo sa khutleng, mme .ditemana tseo di paka ka nna, 40 mme ga o eletse go tla le nna gore o nne le botshelo. 41 Ga ke amogele dikgalaletso go tswa kwa bathong, 42 mme ke a itse gore ga le na lerato la Modimo mo go lona. 43 Ke tlile mo leineng la ga Ntate, mme ga le a nkamogela. Fa mongwe a ne a tsile a le mo leineng la gagwe ,le ne le mo amogela. 44 O ka dumela jang, lona ba lo amogelang kgalaletso mo go ba bangwe mme le sa batle kgalaletso e e tswang kwa Modimong. 45 Le seka la akanya gore nna ke tlaa le akisa fa pele ga ga Rara.Yo o le akisang ke Moshe, yo le beileng tsholofelo mo go ene. 46 Fa le dumetse Moshe, le ka be le ntumetse ka gore o kwadile ka nna, 47 Fa le sa dumele mekwalo ya gagwe, le a go dumela jang mafoko ame?''