Kgaolo 4

1 Jaanong fa Jeso a sena go itse gore Bafarasai ba utlwile gore o kolobetsa ebile o dira barutwa go feta Johane 2 (lefa Jeso ka sebele a ne a sa kolobetse, go ne go kolobetsa barutwa ba gagwe), 3 a tswa mo Jutia a boela morago gape kwa Galalea. 4 Go ne go tlhokega gore a fete ka Samarea. 5 Ka jalo a tsena mo motseng wa Samarea, o o bidiwang Sikara, gaufi le bontlha ba lefatshe le Jakobe a neng a le file morwawe Josefa. 6 Petse ya ga Jakobe e ne e le foo. Jeso o ne a lapisitswe ke mosepele mme a nna fa fatshe fa petseng. Nako e ne e ka nna ya oura ya borataro. 7 Mosadi wa Mosamarea a tla go ga metsi, Jeso a mo raya a re ''Mphe metsi ke nwe.'' 8 Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile kwa motsaneng go ya go reka dijo. 9 Mosadi wa Mosamarea a mo raya a re, ''Go tla jang gore, o le Mojuta, o nkope, kele mosadi wa Mosamarea, sengwe se se nowang?'' Gonne Bajuta ga ba na tirisanyo epe le Basamarea. 10 Jeso a mo araba a re, ''Fa o kabo o itsile mpho ya Modimo, le gore ke mang yo o go rayang a re, 'mphe ke nwe', o kabo o mo kopile, ebile o kabo a go file metsi a a tshelang.'' 11 Mosadi a mo raya a re, ''Rra, ga o a tshola kgamelo ebile petse e e boteng. Jaanong metsi a a tshelang o na le one a le fa kae? 12 A o mogolo go feta rrarona Jakobe yo o re fileng petse, e a kileng a nwa mo go yone le dikgomo tsa gagwe le bana ba gagwe?'' 13 Jeso a mo fetola a mo raya a re, ''Mongwe le mongwe yo o nwang metsi a o tla nyoriwa gape, 14 mme yo o tla nwang metsi a ke tla a mo fang ga a kitla a nyoriwa gape. Boemong ja mo, metsi a ke tla mo fang one a tla fetoga motswedi wa metsi mo go ene, o o tswelang go isa botshelong jo bo sa khutleng.'' 15 Mosadi a mo raya a re, ''Rra, mphe metsi ao gore ke tle ke seka ka nyoriwa gape, le gore go seka ga tlhokega gore ke tle go ga metsi.'' 16 Jeso a mo raya a re, ''Tsamaya, o bitse monna wa gago, o tle le ene fa.'' 17 Mosadi a araba a mo raya a re, ''Ga ke na monna.'' Jeso a mo fetola, ''O bua sentle fa o re, 'Ga ke na monna,' 18 gonne o nnile le banna ba le batlhano, le yo o nnang le ene ga se monna wa gago. Se o se buileng ke boammaaruri.'' 19 Mosadi a mo raya a re, ''Rra, ke bona gore o moporofiti . 20 Borrarona ba ne ba obamela mo thabeng e, mme wena wa re Jerusalema ke gone kwa batho ba tshwanetseng go obamela teng.'' 21 Jeso a mo raya a re, ''Mosadi, dumela mo go nna, gore nako e etla e le tla obamelang Rara le se mo thabeng e le fa e le kwa Jerusalema. 22 Le obamela se le sa se itseng. Re obamela se re se itseng, gonne poloko e tswa kwa Bajuteng. 23 Le fa go ntse jalo, nako e etla, ebile e setse e le fa, fa baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka mowa le ka boammaaruri, gonne Rara o batla batho ba ba ntseng jalo go nna baomabedi ba gagwe. 24 Modimo ke Mowa, batho ba ba mo obamelang ba tshwanetse go mo obamela ka mowa le ka boammaaruri.'' 25 Mosadi a mo raya a re, ''Ke itse gore Mesia o etla(ene yo o bidiwang Keresete). Fa a tla, o tla re tlhalosetsa dilo tsotlhe.'' 26 Jeso a mo raya a re, ''Ke ene, nna yo ke buang le wena.'' 27 Ka nako eo barutwa ba gagwe ba boa. Ba ipotsa gore ke eng a bua le mosadi, mme ga seka ga nna ope yo o neng a ka re, ''O batla eng?'' kgotsa, ''Ke eng o bua le ene?'' 28 Foo, mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe, a ya kwa motsaneng, a bolelela batho a re, 29 ''tlang, le bone monna yo o mpoleletseng tsotlhe tse ke kileng ka di dira. Yo ga a ka ke a nna Keresete, kana jang?'' 30 Ba tswa mo motsaneng ba tla kwa go ene. 31 Mo nakong eo, barutwa ba ne ba mo rotloetsa, ba re, ''Moruti, ja.'' 32 Mme a ba raya a re, ''Ke na le dijo tse ke di jang tse le sa itseng sepe ka tsone.'' 33 Jaanong barutwa ba raana ba re, ''Ga go na ope yo o mo tsiseditseng dijo, kana jang?'' 34 Jeso a ba raya a re, ''Dijo tsame ke go dira thato ya yo o nthomileng le go fetsa tiro ya gagwe . 35 A ga le bue le re, 'Go feta dikgwedi tse nne ke gone go roba go bo go tsena?''Ke bua se le lona, lebang masimo, a setse a budule go ka rojwa! 36 Yo o robang a amogela tuelo ebile o kgobokanya maungo a botshelo jo bo sa khutleng, gore yo o jwalang le yo o robang ba tle ba ipele botlhe. 37 Gonne mo go se, seane se, 'Mongwe o a jwala, mongwe o a roba,' se boammaaruri. 38 Ke le romile go roba se le sa se berekelang. Bangwe ba berekile, le tsene fa ba berekileng teng.'' 39 Bontsi ba Basamarea mo motseng o, ba dumela mo go ene ka ntlha ya pego ya mosadi yo o neng a paka, a re, ''O mpoleletse dilo tsotlhe tse ke di dirileng.'' 40 Ka moo fa Basamarea ba tla kwa go ene, ba mo kopa gore a nne le bone, mme a nna koo matsatsi a le mabedi. 41 Ba le bantsi ba dumela ka ntlha ya lefoko la gagwe. 42 Ba raya mosadi ba re, ''Ga re sa tlhole re dumela ka ntlha ya se o se buileng, gonne rona ka sebele re utlwile, ebile re itse gore yo e le ruri ke ene Mmoloki wa lefatshe.'' 43 Morago ga matsatsi a mabedi ao, a tswa go ya Galalea. 44 Gonne Jeso ka sebele o ne a bolela fa moporofiti a sena tlotlo mo lefatsheng la ga gabo. 45 Fa a goroga kwa Galalea, Bagalalea ba mo amogela. Ba ne ba bone dilo tse a di dirileng kwa Jerusalema kwa moletlong, gonne le bone ba ne ba le kwa moletlong. 46 Jaanong a tla gape kwa Kana wa Galalea, kwa a kileng a fetola metsi go nna bojalwa jwa mofine. Go ne go na le modiredi mongwe wa segosi yo o neng a lwalelwa ke morwa kwa Kaperenaume. 47 Fa a utlwa gore Jeso o tsile mo Galaea go tswa kwa Jutia, a tla kwa go Jeso a mo kopa go tla go fodisa morwawe, yo a neng a le gaufi le go swa. 48 Foo Jeso a mo raya a re, ''Fa le sa bone dikai le dikgakgamatso, ga le na go dumela.'' 49 Modiredi a mo raya a re, ''Rra, tla pele ga ngwanake a a swa.'' 50 Jeso a mo raya a re, ''Tsamaya. Morwa wa gago o a tshela.'' Monna a dumela lefoko le Jeso a le mmoleletseng, a tsamaya. 51 Jaaka a ntse a tsamaya, batlhanka ba gagwe ba kopana le ene, ba mmolelela fa morwa wa gagwe a tshela. 52 Mme a ba botsa gore o tokafetse ka nako mang. Ba mo araba ba re, ''Maabane ka oura ya bosupa, mogote o ne wa tswa mo go ene.'' 53 Foo monna a lemoga gore ke ka yone nako e e buiwang e fa Jeso a mo raya a re, ''Morwao o a tshela.'' Ene ka sebele le botlhe ba ntlo ya gagwe ba dumela. 54 Se e ne e le sekai sa bobedi Jeso a se dira fa a tswa mo Jutia a tla Galalea.