1 Ga bo go na le moeteledipele mongwe wa Bafarasai, yo o neng a bidiwa Nikotima. 2 Monna yo, o ne a tla kwa go Jeso bosigo, mme a mo raya a re, "Rabi, re itse fa o le moruti yo o tswang ko Modimong, ka gore ga gona ope yo o ka dirang ditshupegetso tse o di dirang fa e se fela Modimo a na le ene.'' 3 Jeso a mo fetola a re, "Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, kwa ntle ga gore motho a bo a tsetswe sesha, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo." 4 Nikotima a mo raya a re, "Motho o ka tsalwa jang gape a setse a tsofetse? A o ka boela labobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe gore a tle a tsalwe gape?" 5 Jeso a mo fetola a re, "Ammaaruri ammaaruri ke a go raya, fa e se fela motho a tsetswe ka metsi le ka Mowa, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo. 6 Se se tsetsweng ke nama ke nama, mme se se tsetsweng ke Mowa ke mowa. 7 O se ka wa gakgamala ka gore ka re, 'O tshwanetse go tsalwa sesha.' 8 Phefo e fokela gongwe le gongwe ko e batlang go fokela teng; o utlwa mosumo wa yone, mme ga o ka ke wa itse ko e tswang teng kana ko e yang teng. Le mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo." 9 Nikotima a mo fetola a re, "Dilo tse di ka nna jang?" 10 Jeso a mo fetola a re, "A o moruti mo Iseraele, mme ga o tlhaloganye dilo tse? 11 Ammaaruri ammaaruri ke a go raya, re bua fa re itse gape re paka ka ga dilo tse re di boneng. Mme fela ga lo amogele bopaki jwa rona. 12 Fa ke le boleletse ka dilo tsa lefatshe mme le sa dumele, fa ke ka le bolelela ka tsa legodimo gone? 13 Ga go na ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong ga e se ene yo o fologileng go tswa kwa legodimong- fa e se Morwa Motho. 14 Fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa noga mo sekgweng, fela jalo Morwa Motho o tshwanetse a tsholediwa 15 gore botlhe ba ba dumelang mo go ene ba tle ba nne le botshelo jo bo sa khutleng. 16 Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, a neela Morwawe yo o esi fela, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a swa mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. 17 Gonne Modimo ga wa romela Morwa mo lefatsheng gore a tle a le sekise, mme gore a le boloke ka ene. 18 Yo o dumelang mo go ene ga a sekisiwe, mme yo o sa dumeleng o sekisitswe gale, ka gore ga a ka a dumela mo leineng la Morwa yo o mongwefela wa Modimo. 19 Lebaka la katlholo ke gore: lesedi le tsile mo lefatsheng mme batho ba ratile lefifi go na le lesedi ka gore ditiro tsa bone di bosula. 20 Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula ga a rate lesedi, ebile ga a tle ko leseding gore ditiro tsa gagwe di se ka tsa senolwa. 21 Le fa go ntse jalo, yo o dirang boammaruri o tla ko leseding gore go tle go supafale fa ditiro tsa gagwe di dirilwe mo Modimong." 22 Morago ga se, Jeso le barutwa ba gagwe ba ne ba tsena mo lefatsheng la Jutea, ko a neng a tsaya nako ya gagwe a na le bone, a kolobetsa. 23 Johane le ene o ne a kolobetsa ko Ainone go bapa le Salimi ka gore go ne go na le metsi a mantsi ko teng. Batho ba ne ba tla go kolobediwa kwa go ene, 24 ka gore Johane o ne a ise a latlhelwe mo kgolegelong. 25 Mme ga tsoga kganetsanyo magareng ga bangwe ba barutwa ba ga Johane le Mojuta mongwe ka ga moletlo wa tlhapiso. 26 Ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, "Rabi, yo o neng o na le ene ko motsheo ga noka ya Jorotane, yo o neng o paka ka ga ene, bona, o a kolobetsa ebile batho botlhe ba ya kwa go ene." 27 Johane a fetola a re, "Motho ga a ka ke a amogela sepe fa e se fela a se filwe go tswa kwa legodimong. 28 Le lona le ka paka ka gore, ke rile, 'Ga ke Keresetse' mme le fa go ntse jalo, 'Ke romilwe pele ga gagwe.' 29 Monyadiwa ke wa monyadi. Mme tsala ya monyadi, e e emang go bapa le ene, a mo utlwa, o itumela thata fa a utlwa lentswe la monyadi. Ke gone jaanong, boitumelo jwame bo feletseng. 30 O tshwanetse gore a tsholediwe mme nna ke ngotlege. 31 Yo o tswang kwa godimo o ko godimo ga sengwe le sengwe. Yo o tswang mo lefatsheng o tswa mo lefatsheng ebile o bua ka lefatshe. Yo o tswang kwa legodimong o ko godimo ga botlhe. 32 O paka ka se a se boneng le se a se utlwileng, mme ga go na ope yo o amogelang bopaki jwa gagwe. 33 Yo o amogetseng bopaki jwa gagwe o rurifatsa fa Modimo a le boammaruri. 34 Gonne yo Modimo a mo romileng o bua mafoko a Modimo. Ka gore Modimo ga o neele Mowa ka go lekanyetsa. 35 Rara o rata Morwa gape o mo neetse dilo tsotlhe mo seatleng. 36 Yo o dumelang mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng. Mme yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona botshelo, mme bogale jwa Modimo bo mo go ene."