1 E rile ka letsatsi la boraro, ga bo gona le lenyalo mo Kana wa Galalea, mme mmaagwe Jeso a bo a le teng. 2 Jeso le barutwa ba gagwe ba ne ba laleditswe go tla lenyalong. 3 Fa mofine o fela, mmaagwe Jeso a mo raya a re, ''Ga bana mofine.'' 4 Jeso a mo raya a re, ''Mosadi, o tlelang mo go nna? Nako yame ga e ise e goroge.'' 5 Mmaagwe a raya batlhanka a re, ''Se a se lo rayang, lo se direng.'' 6 Ga bo gona le dinkgwana tsa letsopa di le thataro, tse di neng di beilwe kafa mokgweng wa Bajuta wa tlhapiso, nngwe le nngwe ya tsone e lekanye dikgamelo di le thataro go ya kwa go tse di lesome. 7 Jeso a ba raya a re, ''Tlatsang dinkgwana ka metsi.'' Mme ba di tshela tsa tlala thata. 8 Mme a bolelela batlhanka, ''Tsayang a mangwe lo a iseng kwa motlhokomeding wa lenyalo.'' Mme ba dira jalo. 9 Motlhokomedi mogolo wa lenyalo a leka metsi a a fetogileng mofine, mme a seka a itse kwa a tswang teng ( mme batlhanka ba ba neng ba tshela metsi bone bane ba itse kwa a tswang teng ). Jaanong a bitsa monyadi 10 a mo raya a re, ''A motho mongwe le mongwe a nwe mofine o o molemo pele, morago banwe o o seng monate fa ba setse ba tagilwe. Mme o beile mofine o o molemo o,go fitlha mo nakong eno.'' 11 Tshupo ya ntlha e Jeso a e dirileng mo Kana wa Galalea, a bonatsa kgalalelo ya gagwe, mme barutwa ba gagwe ba simolola go dumela mo go ene. 12 Morago ga mo Jeso, mmaagwe, bo monnawe, le barutwa ba gagwe ba ya kwa Kaperenaome ba nna teng malatsinyana. 13 Jaana Tlolaganyo ya Bajuta ya bo e le gaufi, Jeso a ya kwa Jerusalema. 14 A fitlhela teng batho ba ba rekisang dikgomo, dinku le maphoi, le ba ba ananyang madi bane ba ntse gone foo. 15 Mme a dira thupa ya megala a ba kobela botlhe kwa ntle ga tempele, ga mmogo le dikgomo le dinku. A phatlalatsa madi a ditshipi a ba ba ananyang madi a pitikolola le ditafole tsa bone. 16 A raya barekisi ba maphoi a re, ''Tlosang dilo tse fa tse. Emisang go dira ntlo ya ga Rre marekisetso.'' 17 Barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore go kwadilwe, ''Tlhwaafalelo ya ntlo ya gago e tlaa nkometsa.'' 18 Jalo balaodi ba Bajuta ba mo fetola ba re, ''A o ka re bontsha tshupo nngwe, ka jaana o dira dilo tse?'' 19 Jeso a fetola, ''Senyang tempele e, mme ke tlaa e emeletsa mo malatsing a mararo.'' 20 Mme balaodi ba Bajuta ba re, ''Tempele e, e agilwe mo dingwageng tse di masome a mane le borataro, mme wena o tlaa e tsosa mo malatsing a mararo?'' 21 Mme fela, o ne a bua ka tempele ya mmele wa gagwe. 22 Morago fa a sena go tsosiwa mo go ba ba suleng, barutwa ba gagwe ba gakologelwa gore o ne a go buile, mme ba dumela temana le lefoko le Jeso a le buileng. 23 Jaanong ya re a le kwa moletlong wa Tlolaganyo mo Jerusalema, bontsi ba dumela mo leineng la gagwe fa ba bona ditshupo tse a di dirileng. 24 Mme Jeso a seka a ba tshepa ka gore o ne a ba itse fela botlhe, 25 ka gore o ne a sa tlhoke ope go mmolelela ka motho, gonne o ne a itse se se mo mothong.