Kgaolo 10

1 Ammaaruri, ammaaruri, ke a le raya, yo o sa tseneng ka kgoro mo lesakeng la dinku, a tlolela ka tsela e nngwe, monna yoo ke legodu ebile ke serukutlhi. 2 Yo o tsenang ka kgoro ke modisa wa dinku. 3 Motlhokomela kgoro o a mmulela. Dinku di utlwa lentswe la gagwe, o bitsa dinku tsa gagwe ka leina, a bo a di etelela pele a tswa ka tsone. 4 Fa a sena go ntshetsa kwa ntle tsotlhe tsa gagwe, o di etelela pele, mme dinku di mo sala morago, ka gonne di itse lentswe la gagwe. 5 Ga di sale motswakwa morago, boemong ja seo di a mo katoga, gonne ga di itse lentswe la batswakwa.'' 6 Jeso a bua setshwantsho se le bone, mme dilo tse a neng a di bua le bone tse ba ne ba sa di tlhaloganye. 7 Jeso a ba raya gape a re, ''Ammaaruri, ammaaruri ke a le raya, ke nna kgoro ya dinku. 8 Mongwe le mongwe yo o tsileng pele game ke legodu ebile ke serukutlhi, dinku ga di a ka tsa mo reetsa. 9 Ke nna kgoro. Ope yo o tsenang ka nna o tla bolokwa; o tla tsena mo teng a bo a tswa ebile o tla bona mafulo. 10 Legodu ga le tle fa e se go tla go utswa go bolaya le go senya. Ke tsile gore di tle di bone botshelo, di bo bone ka botlalo. 11 Ke nna modisa yo o molemo. Modisa yo o molemo o neela botshelo jwa gagwe ka ntlha ya dinku. 12 Motlhanka yo o hirilweng ga se modisa ebile ga se ene mong wa dinku. Fa a bona phiri e tla o tlogela dinku o a tshaba, mme phiri e tsaya dinku e tsamaya ka tsone e bo e di phatlalatsa. 13 O a tshaba ka gore ke motlhanka yo o hirilweng ga a kgathale ka dinku. 14 Ke nna modisa yo o molemo, ke itse tsame, tsame di a nkitse. 15 Rara o a nkitse, le nna ke itse Rara, ke neela botshelo jwame ka ntlha ya dinku. 16 Ke na le dinku tse dingwe tse e seng tsa lesaka le. Le tsone ke tshwanetse go di tsisa, mme di tla utlwa lentswe lame gore go tle go nne le letsomane le le lengwe le modisa a le mongwe. 17 Ke sone se Rara a nthatang; ke neela botshelo jwame gore ke tle ke bo tseye gape. 18 Ga go na ope yo o bo tsayang mo go nna, ke bo neela ka bonna. Ke na le taolo ya go bo neela, ebile ke na le taolo ya go bo tsaya gape. Ke amogetse taelo e go tswa kwa go Rara.'' 19 Kgaogano ya diragala gape gare ga Bajuta ka ntlha ya mafoko a. 20 Bontsi jwa bone ba re, ''O na le letimone ebile o a tsenwa. Ke eng le mo reetsa?'' 21 Ba bangwe ba re, ''A ga se mafoko a monna yo o tletseng ka matimone. A letimone le ka bula matlho a ba ba foufetseng?'' 22 Ya bo e le nako ya moletlo wa Go Neelwa mo Jerusalema. 23 Go ne go le mariga, Jeso o ne a tsamaya mo tempeleng fa mathuding a ga Solomone. 24 Foo Bajuta ba mo dikaganyetsa ba mo raya ba re, ''O tla re belaetsa ka lebaka le le leele go le kae? Fa o le Keresete, re bolelele phatlalatsa.'' 25 Jeso a ba araba a re, ''Ke le boleletse, mme ga le dumele. Ditiro tse ke di dirang mo leineng la Rara, di paka ka ga nna. 26 Mme ga le dumele ka gore ga le dinku tsame. 27 Dinku tsame di utlwa lentswe lame; ke a di itse, ebile di ntshala morago. 28 Ke di neela botshelo jo bo sa khutleng; ga di kitla di swa, ebile ga go na ope yo o ka di phamolang mo seatleng same. 29 Rara, yo o di nneetseng, o mogolo go feta ba bangwe botlhe, ebile ga go na ope yo o kgonang go di phamola mo seatleng sa ga Rara. 30 Nna le Rara re mongwe. 31 Bajuta ba sela matlapa gape go mo ngata ka one. 32 Jeso a ba araba a re, ''Ke le bontshitse ditiro tse dintsi tse di molemo go tswa kwa go Rara. Ke efe ya ditiro tse e le e nngatelang ka matlapa?'' 33 Bajuta ba mo araba, ''Ga re go ngate ka matlapa ka ntlha ya tiro epe e e molemo, re go ngatela go roga Modimo, ka gore wena, motho, o itira Modimo.'' 34 Jeso a ba araba a re, '' A ga go a kwalwa mo molaong wa lona, ' Ke rile, ''Le medimo'''? 35 Fa a ba biditse medimo, bone ba lefoko la Modimo le neng le tla kwa go bone(mme dikwalo ga di kake tsa rojwa), 36 a le raya yo Rara a mo tlhaotseng a bo a mo roma mo lefatsheng, le re, 'O roga Modimo,' ka go bo ke rile, 'Ke Morwa Modimo'? 37 Fa ke sa dire ditiro tsa ga Rara, le se ka la dumela mo go nna. 38 Fa ke di dira, le fa le sa dumele mo go nna, dumelang mo ditirong gore le tle le itse le bo le tlhaloganye gore Rara o mo go nna le nna ke mo go Rara.'' 39 Ba leka go mo tshwara ka diatla gape, mme a swapoga mo diatleng tsa bone. 40 A tswa a tsamaya gape a ya moseja ole wa Jorotane kwa Johane a neng a kolobetsa teng la ntlha, a nna koo. 41 Batho ba le bantsi ba tla kwa go ene ba re, ''E le ruri Johane ga a a ka a dira dikai, mme dilo tsotlhe tse Johane a di buileng ka monna yo ke boammaaruri.'' 42 Batho ba le bantsi ba dumela mo go ene.