1 Jaanong monna mongwe yo a bidiwang Lasaro a bo a lwala. O ne a tswa kwa Bethani, motse wa bo Marea le monnawe Maretha . 2 Ene e le Marea yo a neng a tlotsa Morena ka leokwane a bo a mo sutha dinao ka moriri wa gagwe, yo kgaitsadie e bong Lasaro a neng a lwala. 3 Bokgaitsadie ba romela bangwe ko go Jeso ba re "Morena, bona, yo o mo ratang o a lwala". 4 Fa Jeso a utlwa se, a re, "bolwetse jo ga se jo bo isang lesong, mme ke bo bo tisang kgalalelo ya Modimo gore Morwa Modimo a tle a galalediwe ka jone". 5 Jalo Jeso a bo a rata Maretha, monnawe le Lasaro. 6 Fa a sena go utlwa gore Lasaro o a lwala, Jeso o ne a nna malatsi a le mabedi gape kwa lefelong le a neng a le teng. 7 Moragonyana ga se, a ra ya barutwana a re, "a re eng ko Jutia gape." 8 Barutwana ba mo ra ya ba re, "Moruti gompiemo Bajuta ba batla go go bolaya ka majwe, jaano o boela teng gape? 9 Jeso a araba "a ga gona dioura tse 12 tsa lesedi mo letsatsing? Fa motho a tsamaya mo leseding, ga ana go kgopiwa ka gore o bona ka lesedi la lefatshe le. 10 Le fa go ntse jalo, fa a tsamaya bosigo, o tla kgopiwa ka gore ga a bone ka go sena lesedi. 11 O ne a bua dilo tse, morago ga dilo tse, a ba ra ya a re, "Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme ke a tsamaya gore ke e go mo tsosa." 12 Barutwana jalo ba mo raya ba re, "Morena, fa e le gore o robetse o tla tsoga." 13 Jeso o ne a buile ka leso la gagwe, mme ba ne ba akanya gore o bua ka go robala ga go itapolosa. 14 Jeso a bua nabo a thamaletse a re, "Lasaro o thokafetse. 15 Ke itumetse, ka ntlha ya lebaka la lona, gore ke ne ke seo fa go diragala, gore le tle le dumele. A re eng kwa go ene." 16 Tomase, yo a bidiwang Dimase, a raya barutwana ka ene a re , "a re tsamaeng le rona gore re tle re swe le Jeso." 17 Fa Jeso a goroga, o ne a fithela Lasaro a setse a le mo lebitleng malatsi a le mane. 18 Jaanong Bethani o ne a le gaufi le Jerusalema, mo e ka nnang dikilometara di le 3. 19 Bajuta ka bontsi ba ne ba tlile go gomotsa Marea le Maretha ka lebaka la loso la kgaitsadia bone. 20 Maretha, ene ya re a utlwa gore Jeso o a goroga, a ya go mo kgatlhantsa, mme Marea o ne a ntse mo ntlong. 21 Maretha a ra ya Jeso a re, "Morena, fa o ne o le fa kgaitsadiake o ka bo a ne a sa swa. 22 Le gompieno ke a itse gore sengwe le sengwe se o se kopang mo Modimong, o tla go se neela." 23 Jeso a mo raya a re, "kgaitsadio o tla tsoga gape." 24 Maretha a mo raya a re, "ke a itse fa a tla tsoga mo tsogong ya baswi ka tsatsi la bofelo. 25 Jeso a mo raya a re, "ke nna tsogo le botshelo; yo a dumelang mo go nna le fa a swa, o tla tshela; 26 Le fa e le yo a tshelang a dumela mo go nna ga a kitla a swa. A o dumela se?" 27 O ne a mo ra ya a re, "Ee, Morena ke a dumela gore o Keresete, Morwa Modimo, yo a tlang mo lefatsheng." 28 Fa a sena go bua se, o ne a ya go bitsa monnawe e bong Marea ka sephiri. A re, "Moruti o fano o a go bitsa." 29 Fa a utlwa se, a emelela ka bonako go ya ko go ene. 30 Jaanong Jeso o ne a ise a goroge mo motseng mme a santse a le ko lefelong le Maretha a neng a mo kopantsha teng. 31 E ne ya re fa Bajuta ba ba neng ba na le ene mo ntlong ba mo gomotsa, ba bona Marea a emelela ka bonako a ya ko ntle, ba mo sa la morago ba tsaya gore o ya lebitleng o ya go lelela teng. 32 Ya re Marea, a goroga fa Jeso a leng teng a mmona a wela fa fatshe mo maotong a gagwe a re, "Morena, fa o ne o le fa, kgaitsadiake o ka bo a ne a sa swa.'' 33 Fa Jeso a mmona a lela, le Bajuta ba ba tlileng le ene ba lela, one a utlwa botlhoko thata mo moweng, a tshwenyegile; 34 a re, "le mmeile fa kae?" Ba mo ra ya ba re, "Morena, tla o bone." 35 Jeso a lela. 36 Ke fa Bajuta ba re, "Bonang gore o ne a rata Lasaro gole kae!" 37 Mme bangwe ba bone ba re, "A monna yo, yo o neng a bula matho a monna wa sefofu, o ne a ka seka a dira gore monna yo a seka a swa?" 38 Jalo Jeso gape a kgaratha mo go ene, a ya kwa lebitleng. Ga bo gole legaga, le tswetswe ka lentswe. 39 Jeso a re, ''ntshang lentswe.'' "Maretha, kgaitsadie Lasaro, ene yo a suleng, a ra ya Jeso a re, "Morena, ka nako e mmele o ka tswa o bola, ka gore o ne a na le malatsi a le mane a sule.'' 40 Jeso a mo raya a re, ''A ga ke a go raya ke re, fa o dumela, o tla bona kgalalelo ya Modimo?" 41 Ka jalo ba ntsha lentswe. Jeso a tsholetsa matho a re, "Rara, ke a go leboga ka gore o nkutule. 42 ke a itse gore o a ntheetsa ka nako tsotlhe, mme ke ka baka la sethopha se se ntikaganyeditseng gore ke bue jaana, gore ba tle ba bone gore ke rumilwe ke wena." 43 Fa a sena go bua se, a gowa ka lentswe le legolo, "Lasaro, tswaa!" 44 Monna yo a neng a suleng o ne a tswa; maoto a gagwe le matsogo a gagwe a ne a bofilwe ka matsela, le sefathego sa gagwe se bofilwe ka letsela.Jeso a ba ra ya a re, "mmofololeng le motlogele a tsamae." 45 Ka jalo bontsi jwa Bajuta ba ba neng ba tsile ko go Marea ba bone tse Jeso a di dirileng ba dumela mo go ene; 46 mme bangwe ba bone bane ba ya ko bafarasai ba ba bolelela ka dilo tse Jeso a di dirileng. 47 Jalo Baperesiti bagolo le Bafarasai ba bitsa bokopano ba re, "re tla dira eng? Monna yo o dira ditshupo di le dintsi. 48 Fa re mo togela jaana, botlhe ba tla dumela mo go ene; Baroma ba tla tla go tsaya gotlhe lefelo la kobamelo le tshaba ya rona." 49 Le mororo, monna mongwe mo ga re ga bone, kaifase, yo e neng e le moperesiti mogolo ka ngwaga o, a ba ra ya a re "ga le itse sepe. 50 Ga le bone go le botoka mo go lona gore monna a le mongwe a swele batho gona le gore tshaba yotlhe e nyelele.'' 51 Se o ne a sa se bui go tsweng mo go ene. Ka go bo e ne ele moperesiti mogolo wa ngwaga oo, o ne a porofita gore Jeso o tshwanetse go swela tshaba; 52 e seng fela tshaba le gore bana ba Modimo ba ba phataletseng ba tle ba tiswe ga mmogo. 53 Ka jalo go tsweng letsatsi leo go ya pele bane ba rulaganya gore ba ka bolaya Jeso jang. 54 Jeso a bo a sa thole a tsamaya a tshosologile mo Bajuteng, mme o ne a tswa fo a ya ko lefatsheng le le gaufi le sekaka mo toropong e bidiwang Eforeimi. Teng koo a nna le barutwana ba gagwe. 55 Jalo moleto wa tolagago wa Bajuta wa bo o le gaufi, bontsi go tsweng ko mafatsheng ba ya ko Jerusalema pele ga moleto go ya go intlafatsa. 56 Ba ne ba batla Jeso, ba ntse ba buisana ka bongwe ka bongwe jaaka ba eme mo tempeleng, 'le akanya eng? Gore ga a ka ke a tla moletong?" 57 Baperesiti bagolo le bafarasai ba bo ba ntshitse taolo gore fa mongwe a itse kwa Jeso a leng teng, a ba bolelele gore ba mo tshware.