1 Matsatsi a marataro pele ga Tlolagano, Jeso a tla Bethani, kwa Lasaro yo Jeso a mo tsositseng mo baswing a neng a le teng. 2 Ba ne ba mo apeela dijo tsa maitseboa, Maretha o ne a apeile, Lasaro e ne e le mongwe wa ba ba neng ba ntse fa fatshe mo tafoleng le Jeso. 3 Marea o ne a tsaya dikereme tse tharo tsa senkgisa monate se se kgethegileng, a tlotsa dinao tsa ga Jeso ka sone a bo a di sutlha ka moriri wa gagwe. Ntlo e ne e tletse ka lenko la senkgisa monate. 4 Jutase Sekariota, mongwe wa barutwana ba gagwe, ene yo tlileng go mo rekisang, a re, 5 "Ke eng senkgisa monate se se ne se sa rekisiwe dituelo tsa matsatsi a le 300 mme tsa neelwa bahumanegi?" 6 O ne a bua jaana e se gore o kgathala ka bahumanegi, mme ka gore o ne e le legodu: o ne a tshotse beke ya madi, o ne a eta a utswa se se neng se tsentswe mo teng. 7 Jeso a re, "Mo letleleng a beele se a nang le sone letsatsi la me la phitlho. 8 Le tla nna le na le bahumanegi ka dinako tsotlhe. Mme ga le na go nna le nna nako tsotlhe. 9 Jaanong setlhopha se segolo sa Bajuta ba lemoga fa Jeso a le teng, ba tla, ba sa tlele Jeso fela, mme gape go bona Lasaro, yo Jeso a mo tsositseng mo baswing. 10 Baperesita bagolo ba ne ba loga maano ga mmogo ba dumalana gore ba bolaye le Lasaro; 11 ka gore e ne e le ka ntlha ya gagwe gore Bajuta ka bontsi ba ne ba kgeloga mo dithutong tsa Sejuta mme ba dumele mo go Jeso. 12 Letsatsi le le latelang setlhopha se se ntsi se ne sa tla moletlong. E rile ba utlwa gotwe Jeso o tla Jerusalema, 13 ba tsaya dikala tsa setlhare sa palema mme ba ya go mo kgatlhantsa ba goa, "Hosana! Go sego yo o tlang mo leineng la Morena, Kgosi ya Iseraele." 14 Jeso a bona tonkana, abo a e pagama; jaaka go kwadilwe, 15 "O seka wa boifa, morwadia Sione; bona, Kgosi ya gago o etla, a pagame tonkana." 16 Barutwana ba gagwe ba ne ba sa tlhaloganye dilo tse kwa ntlheng; mme erile Jeso a galalediwa, ba gakologelwa gore dilo tse di kwadilwe ka ga ene, le gore ba mo dirile dilo tse. 17 Setlhopha se ne sa paka gore ba ne ba na le ene fa a bitsa Lasaro go tswa mo lebitleng, a mo tsosa mo baswing. 18 E ne e le ka lobaka le gape gore setlhopha se ye go mo kopantsha, ka gore ba ne ba utwile gore o dirile tshupagatso e. 19 Bafarasai ba buisana ba re, "Bona, ga re kake ra dira sepe; bona, lefatshe le mo setse morago." 20 Jaanong Bagerika bangwe bane ba le karolo ya ba ba neng ba ya go obamela kwa moletlong. 21 Ba ne ba ya kwa go Filipo yo o tswang Bethesaeda mo Galalea, ba mo kopa gore, "Rra re batla go bona Jeso". 22 Filipo a ya go bolelela Antereo; Antereo a tsamaya le Filipo, ba bolelela Jeso. 23 Jeso a ba araba a re, "Nako e tlile ya gore Morwa Motho a galalediwe. 24 Ke le bolelela boammaruri, ka re, go fitlhela tlhaka ya korong e wela mo mmung e bo e swa, e sala e le nosi, mme fa e swa, e tla ntsha maungo a mantsi. 25 Yo o ratang botshelo jwa gagwe bo tla mo latlhegela; mme yo ilang botshelo jwa gagwe mo lefatsheng le o tla bo boloka go ya bosakhutleng. 26 Fa mongwe a ntirela, a a ntshale morago; kwa ke leng teng, le motlhanka wa me o tla nna teng. Fa mongwe a ntirela, Rara o tla mo tlotla. 27 Moya wa me o tshwenyegile jaanong ke tla bua eng? 'Rara, mpoloka mo sebakeng se'? Mme ka lobaka le ke gorogile mo sebakeng se. 28 Rara, galaletsa leina la gago." Jalo lentswe la tswa kwa legodimong la re, "Ke le galaleditse, ke tla le galaletsa gape". 29 Setlhopha se se neng se eme foo sa utlwa, abo ba re ke legadima . Ba bangwe ba re, "Moengele o buile le ene." 30 Jeso a araba a re, "Lentswe le ga le a tlela nna, le tletse lona. 31 Jaanong ke nako ya katlholo ya lefatshe le: ke nako ya gore molaodi wa lefatshe le a kobiwe. 32 Fa ke tsholediwa go tswa mo lefatsheng, ke tla gogela mongwe le mongwe kwa go nna." 33 O ne a bua se go kaya ka fa a yang go swa ka teng. 34 Setlhopha sa mo araba, "Re utlwile mo molaong gore Keresete o tla nnela ruri. Ke eng o re 'Morwa Motho o tla tsholediwa'? Ke mang ene Morwa Motho yo?" 35 Jeso a ba raya a re, "Lesedi le tla bo le ntse le na le lona ka nako e khutshwane. Tsamayang le santse le na le lesedi, gore lefifi le seka la le fekeetsa. Yo o tsamayang mo lefifing ga a itse kwa a yang teng. 36 Fa le santse le na le lesedi, dumelang mo leseding gore le nne barwa ba lesedi." Jeso o ne a bua dilo tse, abo a tswa mo go bone le go ba iphitlhela. 37 Le fa Jeso a dirile ditshupegetso tse di ntsi fa pele ga bone, ba ne ba ntse ba sa mo dumele 38 gore lefoko la ga moporofeta Isaia le rurifadiwe, fa a ne a re: "Morena ke mang yo dumetseng pego ya rona, le letsogo la Morena le senoletswe bo mang?" 39 Ba ne ba sa dumele ka lobaka le, gonne Isaia le ene o rile, 40 "O foufaditse matlho a bone, o thatafaditse dipelo tsa bone; e seng jalo ba ne ba tla bona ka matlho a bone ba bo ba tlhaloganyana ka dipelo tsa bone, ba fetoga, ke ne ke tla ba fodisa." 41 Isaia o ne a bua dilo tse ka gore o ne a bone kgalalelo ya ga Jeso jalo a bua ka ene. 42 Ntle le moo, babusi ka bontsi ba ne ba dumela mo go Jeso; mme ka ntlha ya Bafarasai, ba ne ba sa amogele gore ba seka ba kobelwa ruri kwa sinagogeng. 43 Ba ne ba rata poko e e tswang mo bathong go feta poko e e tswang kwa Modimong. 44 Jeso a goa a re, "Yo dumelang mo go nna, ga a dumele mo go nna fela mme le mo go yo nthomileng, 45 yo o mponang o bona le yo o nthomileng. 46 Ke tlile jaaka lesedi mo lefatsheng, gore mang kapa mang yo dumelang mo go nna a seka a nna mo lefifing. 47 Fa mongwe a utlwa mafoko a me mme a seka a a diragatsa, ga ke mo atlhole; gonne ga ke a tla go atlhola lefatshe, mme go boloka lefatshe. 48 Yo o nkganang ebile a sa amogele mafoko a me, o na le yo a mo atlholang. Lefoko le ke le buileng le tla mo atlhola ka letsatsi la bofelo. 49 Gonne ke ne ke sa ipuelele, mme ke Rara a nthomileng, yo nneetseng taelo ya gore ke bue gape jang. 50 Ke a itse gore taelo ya gagwe ke botshelo jo bo sa khutleng, jalo ke se ke se buang- fela jaaka Rara a buile le nna, jalo ke bua sone."