1 Jalo pele ga moletlo wa tlolagano fa Jeso a itse gore nako ya gagwe e gorogile ya gore a tswe mo lefatsheng le go ya kwa go Rara -a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng le, a ba ratile go ya bokhutlong. 2 Jaanong satane one a setse a beile mo pelong ya ga Jutase Esekariota morwa Simone, go rekisa Jeso. 3 O ne a itsile gore Rara o neetse tsotlhe mo diatleng tsa gagwe le gore one atswa kwa Modimong le gore o boela kwa Modimong. 4 A emelela gotswa fa dijong tsa maitseboa, a apola seaparo sa gagwe se se fa godimo. A bo a tsaa taole a e ithathelela mo lethekeng ka yone. 5 Jalo a tshela metsi mo mogopong, a bo a simolola go tlhapisa barutwa dinao, a bo a di sutlha ka taole e a neng a e ithatheletse ka yone. 6 Atla kwa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, ''Morena, a o ya go ntlhapisa dinao?'' 7 Jeso a araba a mo raya a re, ''Seke se dirang ga o se tlhaloganye gone jaana, mme otla se tlhaloganya morago.'' 8 Petere a mo raya a re, ''Ga o kitla o ntlhapisa dinao.'' Jeso a mo araba, ''fa ke sa go tlhapise dinao, ga ona kabelano le nna''. 9 Simone Petere a mo raya a re, ''Morena, sa tlhapise dinao tsame fela, mme le diatla le tlhogo.'' 10 Jeso a mo ra ya a re, ''Ene yo o tlhapileng ga a tlhokane lego tlhapa fa e se dinao fela, mme o tlaabo a siame; le phepa, mme e seng lotlhe.'' 11 (Gonne Jeso one a itsile gore ke mang yo o tla mo rekisang; ke sone se a neng a re, ''Ga le phepa lotlhe.'') 12 Jalo fa Jeso a sena go ba tlhapisa dinao a bo a tsaa seaparo sa gagwe, a nna fa fatshe gape, a ba raya a re, ''a le itse gore ke le diretse eng?, 13 Le mpitsa 'moruti' le 'Morena,' le bua sentle, ka gore ke nna. 14 Jalo fa nna ke le Morena le moruti ke tlhapisitse dinao tsa lona, le tshwanetse jalo la tlhapisanya dinao. 15 Ka gore ke le diretse sekai, gore le lona le tle le dire jaaka ke le diretse. 16 Ke le bolela boammaruri, motlhanka ga a mogolo go nale morena wa gagwe; le fa e le morongwa ga a mogolo go na le yo a mo rumileng. 17 Fa le itse dilo tse, le segofetse fa le di dira. 18 Ga ke bue ka ga lona lotlhe, ke itse ba ke ba ikgethetseng, mme se e le gore dikwalo ditle di rurifadiwe; 'Ene yo jaang le nna o ntlhanogetse.' 19 Ke le bolelela se gone jaana pele ga se diragala, go re fa se diragala, le dumele gore Ke Nna, 20 Ke le bolelela boammaruri, e ne yo o amogelang yo ke mo romileng, o amogela nna, e ne yo o nkamogelang, o amogela ene yo o nthomileng.'' 21 Erile Jeso a bua se, o ne a tshwenyegile mo moweng, a paka a re, ''ke le bolelela boammaaruri, ''mongwe wa lona otlaa nthekisa.'' 22 Barutwa ba lebana, ba makala gore o bua ka mang. 23 Mongwe wa barutwana ba gagwe, o Jeso a neng a mo rata, o ne a patsame fa tafoleng, mo sehubeng sa ga Jeso. 24 Ka jalo Simone Petere a leba morutwana oo a re, ''Re bolelele go re o bua ka mang.'' 25 Jalo a ikaega ka sehuba sa ga Jeso amo raya a re, ''Morena, ke mang?'' 26 Jalo Jeso a araba, ''ke ene yo ke tla inang borotho a bo ke bo mo neela.'' Jalo fa a sena go ina borotho, a bo neela Jutase morwa Simone Esekariota. 27 Jalo morago ga borotho, Satane a tsena mo go ene, Jeso a mo ra ya a re, ''Se o batlang go se dirang, se dire ka bofefo.'' 28 Jaanong go ne go sena ope yo o neng a patsame fa tafoleng yo oneng a itse gore ke eng a mo raya jalo. 29 Ba bangwe ba akanya gore, ka gore Jutase o ne a tshotse kgetsana ya madi, Jeso o mo reile a re, ''Reka se re se tlhokang ko moletlong'', kana gore o tshwanetse a fa bahumanegi sengwe. 30 Morago ga Jutase a sena go tsaa borotho, a tswela kwa ntle ka pela. Gone go le bosigo. 31 E rile Jutase a sena go tsamaya, Jeso a re, ''jaanong morwa motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene. 32 Modimo o tla mo galaletsa mo go ene, o tla mo galaletsa ka pela. 33 Bana ba bannye, ke santse ke na le lona ka sebakanyana fela. Le tla mpatla, fela jaaka ke buile le bajuta, ''ko ke yang teng, le ka se kgone gotla'. Jaanong le lona ke le raya jalo. 34 Ke le neela taolo e ntsha, gore le ratane; jaaka ke le ratile, le lona hela jalo le tshwanetse la ratana. 35 Fa le dira jalo mongwe le mongwe otla itse go re le barutwa bame, fa le ratana.'' 36 Simone Petere a mo raya a re, ''Morena, o ya kae?'' Jeso a araba, ''Ko ke yang teng, oka se ntshale morago gone jaana, mme o tla tla morago''. 37 Petere a mo raya a re, ''Morena, ke eng ke ka se go sale morago gone jaana? ke tlaa go swela.'' 38 Jeso a araba, ''a o ka ntshwela? Ke go bolelela boammaaruri, mokoko ga o kitla o lela go fitlhela o intatola ga raro''.