1 "A pelo tsa lona di se tshwenyege. Le dumela mo Modimong, dumelang le mo go nna. 2 Mo ntlong ya ga Ntate go na le dikamore di le dintsi. Fa go ne go sa nna jalo, ke ka bo ke le boleletse, gonne ke ya go le baakanyetsa lefelo. 3 Fa ke ya go le baakanyetsa lefelo, ke tlaa boa gape ke le ikamogelela, gore kwa ke leng teng le nne teng. 4 Le itse tsela ya kwa ke yang teng." 5 Tomase a raya Jeso a re, "Morena, ga re itse kwa o yang teng, re ka itse tsela jang?" 6 Jeso a mo raya a re, "Ke nna tsela, boammaruri le botshelo; ga gona yo o tlang kwa go Rara fela fa e se ka nna. 7 Fa le ka bo le ne le nkitse, le ka bo le itse gape le Ntate. Go simolola jaanong le a mo itse gape le mmone." 8 Filipo a raya Jeso a re, "Morena, re bontshe Rara, seo se tla re kgotsofatsa." 9 Jeso a mo raya a re, "Ke ntse ke na le lona sebaka se se leele thata jaana, o santse o sa nkitse, Filipo? Mang fela yo mponeng o bone Rara. Ke eng o re, 'Re bontshe Rara'? 10 A ga le dumele gore ke mo go Rara le Rara o mo go nna? Mafoko a ke le a bolelelang ga ke a bue ka taolo ya me, mme Rara yo o tshelang mo go nna o dira tiro ya gagwe. 11 Ntumelang gore ke mo go Rara, le Rara o mo go nna, kana bogolo le dumele ka ntlha ya tsone ditiro. 12 Ke le bolelela boammaruri, ka re, yo o dumelang mo go nna o tla dira ditiro tse ke di dirang, gape o tla dira ditiro tse di kgolo go na le tse ka gore ke ya kwa go Rara. 13 Sepe fela se le se kopang mo leineng la me, ke tlaa se dira gore Rara a tle a galalediwe mo go Morwa. 14 Fa le nkopa sepe mo leineng la me, ke tlaa se dira. 15 Fa le nthata, le tlaa tshegetsa ditaelo tsa me, 16 gape ke tlaa rapela kwa go Rara, o tlaa le neela Mogomotsi yo mongwe gore a tle a nne le lona go ya go ileng- 17 Moya wa boammaruri. Lefatshe ga le kake la mo amogela ka gore ga le mmone gape ga le mo itse. Mme le a mo itse, ka gore o nna le lona gape o tla nna mo go lona. 18 Ga ke na go le tlogela le le nosi; ke tlaa boela kwa go lona. 19 Mo nakong e khutshwane lefatshe ga le na go tlhola le mpona, mme lona lea mpona. Ka gore ke a tshela, le lona le tlaa tshela. 20 Ka letsatsi leo le tlaa itse gore ke mo go Ntate, le gore le mo go nna, le gore ke mo go lona. 21 Yo o nang le ditaelo tsa me gape a di tshegetsa ke ene yo o nthatang, ebile yo o nthatang o tlaa ratiwa ke Ntate, ke tlaa mo rata abo ke mo itshupegetsa." 22 Jutase (eseng Sekariota) a raya Jeso a re, "Morena, ke eng fa ele gore o tla re iponagaletsa, mme e seng lefatshe?" 23 Jeso a mo araba a re, "Fa ope fela a nthata, o tlaa diragatsa lefoko la me. Rara o tlaa mo rata, re tlaa tla kwa go ene abo re dira legae la rona le ene. 24 Yo o sa nthateng ga a diragatse mafoko a me. Lefoko le le le utlwang ga le tswe mo go nna mme kwa go Rara yo o nthomileng. 25 Ke le boleletse dilo tse fa ke santse ke nna le lona. 26 Le fa go ntse jalo, Mogomotsi- Moya yo o Boitshepo yo Rara a tla mo romelang mo leineng la me- o tlaa le ruta sengwe le sengwe gape o tlaa le gakolola sengwe le sengwe se ke le se boleletseng. 27 Ke le tlogelela kagiso; Ke le neela kagiso ya me. Ga ke e neele jaaka lefatshe le e neela. A dipelo tsa lona di seka tsa tshwenyega, gape le seka la tshoga. 28 Le utlwile gore ke le reile ka re, 'Ke a tsamaya ebile ke tlaa boela kwa go lona'. Fa le ne le nthata, le ne le tlaa itumela ka gore ke ya kwa go Rara, gonne Rara o mogolo thata go na le nna. 29 Jaanong ke le boleletse pele ga go diragala, gore e re fa go diragala le tle le dumele. 30 Ga ke na go tlhola ke bua thata le lona, gonne mmusi wa lefatshe le o etla. Ga a na maatla ape mo go nna, 31 mme fela gore lefatshe le tle le itse fa ke rata Rara, ke dira fela jaaka Rara a ntaetse. A re emeng re tsweng fa."