Kgaolo 15

1 Ke nna mofine wa boammaruri, Rara ene ke motlhokomedi wa tshingwana. 2 O kgaola kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ntsheng maungo, le go baakanya kala nngwe le nngwe e e ntshang maungo gore e ntshe maungo a mantsi le go feta. 3 Le setse le le phepa ka ntlha ya molaetsa o ke o buileng le lona. 4 Nnang mo go nna, le nna mo go lona. Fela jaaka kala e ka seke e ntshe maungo ka bo yone, kwa ntleng fela fa e le mo setlhareng , fela jaaka lona ko ntleng fela fa le nna mo go nna. 5 Ke mofine, lona lo dikala. Ene yo nnang mo go nna le nna mo go ene, o ntsha maungo a mantsi, gonne kwa ntleng game ga o kake wa dira sepe. 6 Fa mongwe a sa nne mo go nna, o latlhiwa jaaka kala, a bo e omelela mme ba kgobokanye dikala ba di latlhele mo molelong go fisiwa. 7 Fa lo nna mo go nna, le mafoko ame a nna mo go lona, kopa sengwe le sengwe se o se eletsang, mme o tla se direlwa. 8 Rara wame o a galalediwa mo go se, gore lo ungwe maungo a mantsi, le gore le barutwana ba me. 9 Jaaka Rara a nthatile; le nna ke lo ratile, nnang mo loratong la me. 10 Fa lo tshegetsa ditaolo tsame, lo tla nna mo loratong lame jaaka ke tshegeditse ditaelo tsa ga Rara le go nna mo loratong la gagwe. 11 Ke buile dilo tse le lona gore boitumelo jwame bo nne mo go lona le gore boitumelo jwa lona bo felele. 12 Se ke taolo yame, gore lo ratane, jaaka ke lo ratile. 13 Ga go ope yo o nang le lerato le legolo go feta le, la go neela botshelo jwa gagwe ditsala tsa gagwe. 14 Lo ditsala tsame fa lo dira dilo tse ke di laoletseng. 15 Ga ke sa tlhole ke lo bitsa batlhanka, gonne motlhanka ga itse se morena wa gagwe a se dirang. Ke lo biditse ditsala, gonne sengwe le sengwe se ke se utlwileng mo go Rara ke se lo itsesitse. 16 Ga lo a ka la ntlhopha, ke lo itlhophetse le go le tlhomamisa, gore le tle le tsamaye le ntshe maungo, le gore maungo a lona a nnele ruri. Se ke gore sengwe le sengwe se lo se kopang mo go Rara ka leina lame, o tla se lo neela. 17 Dilo tse ke a di lo laela gore lo ratane. 18 Fa lefatshe le le ila, itseng se gore le nkidile pele ga le le ila. 19 Fa le ka bo le le ba lefatshe, lefatshe le ka bo le lerata jaaka ba lone. Mme ka gore ga lo ba lefatshe le gore ke lo tlhophile go tsweng mo lefatsheng, ka jalo lefatshe le a lo ila. 20 Gakologelwang lefoko le ke e buileng le lona, motlhanka ga a mogolo gona le morena wa gagwe, fa e le gore ba bogisitse nna, le lona ba tla a le bogisa, fa e le gore ba ne ba utlwa lefoko lame le lona ba utlwa la lona. 21 Ba tla dira dilo tse tsotlhe mo go lona ka ntlha ya leina lame ka gore ga ba itse ene yo o nthomileng. 22 Fa ke ne ke sa tla go tla go bua le bone ba ka bo ba sena boleo, mme jaanong ga ba na seipato ka maleo a bone. 23 Ene yo o nkilang gape o ila le Rara. 24 Fa ke ne ke sa dira ditiro tse ope a sa di dirang magareng ga bone, ba ka bo ba sena boleo, mme jaanong ba bonye e bile ba ila nna le Rara. 25 Mme se e ne e le go rurufatsa lefoko le le kwadilweng mo molaong wa bone,Ba ne ba nkila go sena molato. 26 Fa Mogomotsi yo ke tla mo romelang mo go lona go tsweng kwa go Rara, yo e leng, Mowa wa boammaruri, o o tswang kwa go Rara o tla, o tla supa ka game. 27 Le lona le a supa ka gore lone le na le nna go tsweng kwa tshimologong.