1 Ke buile dilo tse le lona gore le seka la latlhega. 2 Ba tla le lathela ko ntle ga disinagoge. Mme nako e etla fa mongwe le mongwe yo a le bolayang o tla akanya gore o direla se Modimo. 3 Ba tla dira dilo tse ka gore ga ba ise ba itse Rara le fa e le nna. 4 Ke buile dilo tse le lona gore fa nako ya tsone e tla, le gakologelwe gore ke le boleletse ka tsone. Ga ke a le bolelela ka dilo tse mo tshimologong, ka gore ke ne ke na le lona. 5 Jaanong ke ya ko go ene yo o nthumileng, ga gona ope wa lona yo o mpotsang, o ya kae? 6 Mme ka gore ke le boleletse dilo tse, kutlobotlhoko e tletse ka dipelo tsa lona. 7 Ke a le bolelela ka boammaruri, go ka le tswela mosola gore ke tsamae. Gonne fa ke sa tsamae, mogomotsi ga a ka ke a tla ko go lona, mme fa ke tsamaya, ke tla mo romela ko go lona. 8 Fa a tla, Mogomotsi o tla rurifaletsa lefatshe gore ga le dire sentle ka go leofa, ka tshiamo, le ka katlholo, 9 ka ga boleo ka gore ga ba dumele mo go nna, 10 ka ga tshiamo, ka gore ke ya ko go Rara, le gore ga le kitla le mpona; 11 le ka katlholo ka gore mmusi wa lefatshe le o setse a atlhotswe. 12 Ke na le dilo di le dintsi go di le bolelela, mme ga le kake la di tlhaloganya gone jaana. 13 Mme fa ene, Moya wa boammaruri, a tla, o tla le ruta boammaruri jotlhe, gonne ga a ka ke a bua go tswa mo go ene. Mme o tla bua sengwe le sengwe se a se utlwang, a bo a le bolelela dilo tsotlhe tse di tlang. 14 O tla nkgalaletsa, ka gore o tla tsaya se eleng same a le se bolelela. 15 Sengwe le sengwe se Rara a nang le sone ke same. Ka jalo, ke buile gore moya o tla tsaya se eleng same o bo a le se bolelela. 16 Mo nakong e khutshwane ga le kitla le mpona, etlare morago ga nako e e khutshwane le tla mpona." 17 Bangwe ba barutwana ba buisana ba re, ''Nare ke eng se a se re bolelelang, 'ka nako e khutshwane le tla seka la mpona, morago ga nako e e khutshwane le tla mpona,' e le ka gore ke ya ko go Rara?'' 18 Ka jalo ba re, ke eng se a se buang, 'ka nako e khutshwane'? Ga re itse se a buang ka ga sone.'' 19 Jeso a bona gore ba ne ba batla go mmotsa, a ba raya a re, ''a ke sone se le se ipotsang, gore ke rayang fa kere, 'ka sebakanyana le tla seke le mpone, mme ka sebaka se sengwe le tla mpona'? 20 Ke a le bolelela ka boaammaruri, le tla lela le bo le hutsafala, mme lefatshe lone le tla itumela, le tla tlala ka kutlobotlhoko, mme kutlobotlhoko ya lona e tla fetolwa go nna boipelo. 21 Fa mosadi a belega o nna le kutlobotlhoko ka gore nako ya gagwe e abo e gorogile, fa a sena go belega ngwana, ga a sa thola a gakologelwa botlhoko ka lebaka la boitumelo ja gore motho o tisitswe mo lefatsheng. 22 Ka jalo le na le kutlobotlhoko jaanong, mme ke tla le bona gape, dipelo tsa lona di tla ipela, ga gona yo o ka tlholang a tsaya boipelo ja lona. 23 Ka letsatsi leo ga le kake la mpotsa sepe. Ke a le bolelela ka boammaruri, gore fa le kopa sengwe mo go Rara ka leina lame, o tla se le neela. 24 Go fitlhela gompieno ga le a kopa sepe ka leina lame. Kopang, le tla amogela gore boipelo ja lona bo rurufadiwe. 25 Ke buile dilo tse le lona ka ditshwantsho, mme nako e tla tla ya gore ke seka ka bua le lona ka ditshwantsho, mme ke tla bua le lona go tlamaletse ka ga Rara. 26 Ka letsatsi leo le tla kopa ka leina lame mme ga ke re ke tla le rapelela ko go Rara, 27 gonne Rara o a le rata ka gore le nthatile ebile le dumetse gore ke tswa ko go Rara. 28 Ke tswa ko go Rara, ke tlile mo lefatsheng. Ebile gape, ke tlogela lefatshe, ke ya ko go Rara. 29 Barutwana ba gagwe ba re, Bona, gompieno o bua fela sentle o sa dirise ditshwantsho. 30 Gompieno re a itse gore o itse dilo tshotlhe, le gore ga o tlhoke gore ope a go botse dipotso. Ka lebaka la se, re dumela gore o tswa ko Modimong." 31 Jeso a ba raya a re, A le a dumela jaanong? 32 Bonang, nako e etla, ee, ka boammaruri e gorogile, fa le tla phataladiwang, mongwe le mongwe a ya ko ga gagwe, ebile le tla ntlogela ke le nosi, le ntswa ke se nosi ka gore Rara o na le nna. 33 Ke buile dilo tse le lona gore le nne le kagiso mo go nna, mo lefatsheng le na le matshwenyego, mme kgotlhalang, ke fentse lefatshe.''