Kgaolo 17

1 Morago ga Jeso a sena go bua dilo tse a tsholeletsa matlho a gagwe kwa legodimong a re, "Rara, nako e gorogile, galaletse Morwa wa gago gore Morwa a tle a go galaletse- 2 jaaka o mo neile taolo mo bathong botlhe, gore a neele mongwe le mongwe yo o mo mo neetseng botshelo jo bo sa khutleng. 3 Botshelo jo bo sa khutleng ke jo: gore ba go itse, wena fela Modimo wa boammaaruri, le ene yo o mo romileng, Jeso Keresete. 4 Ke go galaleditse mo lefatsheng. Ke feditse tiro e o neng o e nneetse gore ke e dire. 5 Jaanong, Rara, nkgalaletsa fela jaaka o ikgalaletsa le wena ka kgalalelo ene ke nale yone pele ga lefatshe le dirwa. 6 Ke senotse leina la gago kwa bathong ba o neng o ba nneile go tsweng mo lefatseng. E ne e le ba gago abo o ba nneela, ebile ba tshegeditse lefoko la gago. 7 Jaanong ba itse gore tsotlhe tse o di nneetseng di tswa kwa go wena, 8 gonne ke ba neetse mafoko otlhe a o a nneetseng. Ba a amogetse, ka boammaruri ba itse fa ke tswa kwa go wena, gape ba dumetse fa ke rumilwe ke wena. 9 Ke a ba rapelela. Ga ke rapelele lefatshe mme ke rapelela bone ba o ba nneetseng, ka gore ke ba gago. 10 Sengwe le sengwe se e leng same ke sa gago, sa gago ke same, ke galalediwa mo go tsone. 11 Ga ke sa tlhole ke le mo lefatsheng , mme batho ba ba mo lefatsheng, le gore ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepho, ba boloke mo leineng la gago le o le nneetseng gore ba nne seopo sengwe, fela jaaka re le seopo sengwe. 12 Fa ne ke na le bone, ke ne ka ba boloka mo leineng la gago, le o le nneileng. Ke ba sireleditse, ga gona ope wa bone yo latlhegileng, ga e se yo ane a rulaganyeditsweng go ya tatlhegong, gore ditemana di tle di rurifadiwe. 13 Jaanong ke tla kwa go wena, mme ke bua dilo tse ke le mo lefatsheng gore ba nne le boitumelo jwa me ka botlalo mo go bone. 14 Ke ba neetse lefoko la gago, lefatshe le ba tlhoile ka gore ga se ba lefatshe, fela jaaka ke se wa lefatshe. 15 Ga ke kope gore o ba ntshe mo lefatsheng mme gore o ba sireletse mo go yo bosula. 16 Ga se ba lefatshe, fela jaaka ke se wa lefatshe. 17 Ba dire parologanyo ka boammaaruri. Lefoko la gago ke boammaruri. 18 Fela jaaka o nthumile mo lefatsheng, ka jalo ke ba rumile mo lefatsheng. 19 Ke ikgaphile ka lebaka la bone, gore le bone ba arologanngwe mo boammaaruring. 20 Ga ke rapelele ba fela, mme le ba ba tla dumelang mo go nna ka lefoko la bone, 21 gore ba tle ba nne bangwe botlhe, fela jaaka wena, Rara, o le mo go nna le nna ke le mo go wena. Ke rapela gore le bone ba tle ba nne mo go rona gore lefatshe le tle le dumele fa o nthomile. 22 Kgalalelo e o e nneetseng, ke ba e neetse, gore ba tle ba nne bangwe fela jaaka re le bangwe; 23 Ke le mo go bone, wena o le mo go nna. Gore ba tle ba ne mo botlalong bale seopo sengwe, gore lefatshe le tle le itse fa o nthomile, o ba ratile, fela jaaka o nthatile. 24 Rara, ke batla gore ba o ba nneetseng ba nne le nna kwa ke leng teng gore ba tle ba bone kgalalelong ya me, e o e nneetseng. Gonne o sale o nthatile pele ga tlholego ya lefatshe. 25 Rara wa Tshiamo, lefatshe le ne le sa go itse, mme nna ke a go itse; ba ba itse fa o nthomile. 26 Ke ba itsisitse leina la gago, ke tla dira gore le itsewe gore lerato le o nthatileng ka lone le nne mo go bone, le nna ke tla nna mo go bone."