Kgaolo 18

1 Morago ga Jeso a sena go bua mafoko a, o ne a tswela kwa ntle le barutwana kwa ntlheng e nngwe ya mokgatsha wa Kitirone, fa go neng gona le tshingwana e ene le barutwana ba gagwe ba neng ba tsena teng. 2 Jaana Jutase yo a neng a ya go mo rekisa, le ene o ne a itse lefelo la teng, gonne Jeso o ne a etle a ye teng le barutwana ba gagwe. 3 Jaana Jutase, yo a neng amogetse setlhopha sa masole go tsweng kwa moperesiteng yo mogolo le kwa Bafarasaing, le badiredi, batla ka dipone le dibetsa. 4 Jaana Jeso yo a neng a itse sengwe le sengwe se se neng se mo diragalela, a tsamaela kwa pele a ba botsa a re, ''Le batla mang?'' 5 Ba mo araba, ''Jeso wa Nasaretha,'' Jeso a ba raya a re, ''Ke nna,'' Jutase yo o mo rekisitseng, le e ne o ne a eme le masole. 6 Jalo e rile fa a ba raya a re, ''Ke nna,'' ba boela kwa morago ba wela fa fatshe. 7 Jalo a ba botsa gape a re, ''Le batla mang?'' Gape ba re, ''Jeso wa Nasaretha.'' 8 Jeso a araba ,'' Ke le boleletse gore ke nna. Fa lo batla nna tlogela ba ba tsamaye.'' 9 Se e ne ele go rurufatsa lefoko le a le buileng a re, ''Mo go botlhe ba o ba nneetseng ga ke a latlhegelwa ke ope.'' 10 Fo o Simone Petere, yo o tshotseng tshaka a e ntsha, a kgaola motlhanka wa moperesite yo mogolo tsebe. Jalo leina la motlhanka ya bo e le Malekase. 11 Jeso a raya Petere a re,'' Ba ya tshaka gape mo kgatlheng, A ga ke a tshwanelwa go nwa senwelo se Rara a se mphileng?'' 12 Ka jalo setlhopha sa masole le baokamedi,le badiredi ba Bajuta, ba tshwara Jeso, ba mmofa. 13 Ba mo isa la ntlha kwa go Annase, gonne e ne e le mogwe wa ga Kaifase, yo e neng e le moperesite yo mogolo mo ngwageng oo. 14 Jaanong Kaifase e ne e le ene yo o fileng Bajuta kgakolo ya gore go botoka gore motho a le mongwe a swele batho. 15 Simone Petere a sala Jeso morago, le morutwana yo mongwe a dira jalo. Ka jaana morutwana yo o ne a itsewe ke moperesite mogolo, a tsena le Jeso mo bonnong ja moperesite mogolo, 16 Mme Petere o ne a eme fa lebating kwa ntle. Fa morutwana yo mongwe, yo a neng a itsewe ke moperesite mogolo, a tsamaya a bua le morweetsana wa molebeledi gore a letelele Petere go tsena. 17 Jalo morweetsana wa motlhanka, molebeledi, a raya Petere ''A le wena ga o mongwe wa barutwana ba monna yo?'' A re ''Ga ke ene.'' 18 Jaana batlhanka le badiredi ba ne ba eme foo, ba ne ba gotsitse molelo ka magala,gonne go ne go le serame,ba ne ba ithuthafatsa. Petere le ene o ne a na le bone, a eme gone a ithuthafatsa. 19 Moperesite o mogolo jalo a botsa Jeso ka barutwana ba gagwe le di thuto tsa gagwe. 20 Jeso a mo araba, ''ke buile go sa fitlhega mo lefatsheng. Ke ne ke ruta nako tsotlhe mo disenagogeng le mo tempeleng fa Bajuta botlhe ba ne ba tla mmogo. Ga ke a buela sepe mo sephiring. 21 Ke eng fa lo mpotsa? Botsang ba ba nkutlwileng ka se ke se buileng.Bona batho ba itse se ke se buileng.'' 22 Fa Jeso a sena go bua se,mongwe wa badiredi ba ba emeng foo a itaya Jeso a re, ''A ke ka fa o arabang moperesite yo mogolo ka teng?'' 23 Jeso a mo araba, ''Fa ke buile molato, supang ka molato o, mme fa ke buile sentle,o mpeletsa eng?'' 24 Jalo Anaise a mo romela a bofilwe kwa go Kaefase moperesite yo mogolo. 25 Jaana Simone Petere a bo a eme a ithuthafatsa. Batho ba mo raya ba re,'' A ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?''A itatola a re, ''Ga ke ene.'' 26 Mongwe wa batlhanka ba moperesite mogolo, yo e neng e le losika la monna yo Petere a neng mo kgaotse tsebe. a re,'' A ga ke a go bona o na le ene mo tshingwaneng.'' 27 Petere a itatola gape, ka bofefo mokoko wa lela. 28 Ka jalo ba etelela Jeso pele go tsweng kwa go Kaefase go yeng kwa diofising kgolo tsa puso. Go ne go le phakela thata, ga ba aka ba tsena mo matlong a bogosi a mmusi gore ba seka ba leswafadiwa, gore ba tle ba je moleto wa tlolaganyo. 29 Jalo Pilato a ya kwa go bone a ba raya a re,' ''Ke ofe molato o le tlisang kgatlhonong le monna yo?'' 30 Ba araba ba mo raya ba re, '' Fa monna yo ene e se modira bosula, re ka bo re sa mo tlisa kwa go wena.'' 31 Ka jalo Pilato a ba raya a re, ''mo tseeng lona, le mo atlholeng go yeng ka fa molaong wa lona,'' Foo Bajuta ba mo raya ba re,'' Fa go ka fa molaong mo go rona gore re atlholele motho ope loso.'' 32 Ba buile se gore lefoko la ga Jeso le rurufadiwe le a le buileng go supa gore o tla swa loso la mofuta ofe. 33 Jalo Pilato a tsena mo diofising kgolo tsa puso gape a bo a bitsa Jeso a mo raya a re,''Ao o kgosi ya Bajuta?'' 34 Jeso a araba, '' A o bua go tswa mo go wena, kgotsa a ba bangwe ba buile le wena ka nna?'' 35 Pilato a araba,''Ga ke mojuta, a ke ene? Batho ba ga lona le moperesite mogolo ba go tsisitse kwa go nna. O dirileng?'' 36 Jeso a araba,'' bogosi ja me ga se ba lefatshe le.Fa nne bogosi ba me e le karolo ya lefatshe le,jalo batlhanka ba me ba ka bo ba lwa gore ke seka ka neelwa mo Bajuteng.Mme jaana bogosi ba me ga se jwa kwano.'' 37 Pilato jalo a mo raya a re,'' A gone mme o kgosi? Jeso a araba,' ''O buile gore ke kgosi.Ke lone lobaka le ke tshotsweng ka lone, ka jalo ke tsile mo lefatsheng gore ke tle ke nne mopaki mo boammaruring. Mongwe le mongwe yo e leng wa boammaruri o reetsa lentswe lame.'' 38 Pilato a mo raya a re, ''Boammaruri ke eng?''E rile a sena go bua se, o ne a tsamaya gape kwa Bajuteng a ba raya a re, Ga ke bone molato ope mo monneng yo. 39 Mme lona le nale ngwao ya gore ke golole motho a le mongwe ka moletlo wa tlolagano. Ka jalo a lo batla ke lo gololela Kgosi ya Bajuta?'' 40 Foo ba goa gape ba re, ''E seng monna yo, golola Barenabase. Barenabase e ne e le legodu.