Johane 19

1 Jalo Pilato a tsaya Jeso a bo a mo kgwathisa. 2 Masole ba ne ba loga korone ya mitlwa. Ba e baya mo tlhogong ya ga Jeso a bo ba mo apesa letsela la mmala wa segosi. 3 Ba tla kwa go ene ba re, "Dumela, Kgosi ya Bajuta!" abo ba mo tlhokofatsa. 4 Foo Pilato a tswela kwa ntle gape a ba raya a re, "Bonang, ke mo ntshetsa kwa ntle kwa go lona gore le tle le itse gore nna ga ke mmone molato". 5 Jalo Jeso a tswela kwa ntle, a rwele korone ya mitlwa le letsela la mmala wa segosi. Pilato a ba raya a re, "Bonang, monna yo ke yo!" 6 Fa jaanong baperesita bagolo le badiri ba bona Jeso, ba goa ba re, "Mmapoleng, mmapoleng!" Pilato a ba raya a re, "Mo itseeleng le mmapole, ka gore nna ga ke mmone molato". 7 Bajuta ba mo araba, "Re na le molao, ebile go ya ka molao o tshwanetse a swa ka gore o ipitsa Morwa wa Modimo". 8 Fa Pilato a utlwa se, o ne a tshoga le go gaisa, 9 o ne a tsena mo diofising dikgolo tsa puso gape a raya Jeso a re, "O tswa kae?" Mme Jeso a seka a mo araba. 10 Foo Pilato a mo raya a re, "A ga o mpuise? A ga o itse gore ke na le maatla a go go golola le maatla a go go bapola?" 11 Jeso a mo araba, "Ga o na maatla ape mo go nna, fela fa e se se o se neetsweng go tswa kwa godimo. Ka jalo, yo o go nneetseng ke ene a nang le sebe se se golo". 12 Mo karabong e, Pilato a leka go mo golola, mme Bajuta ba goa ba re, "Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaisara. Mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o bua kgatlhanong le Kaisara." 13 Fa Pilato a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jeso kwa ntle abo a nna mo setilong sa katlholo mo lefelong le le bidiwang "Bodilo", mme ka Sehebera ke "Gabatha". 14 Jaanong e ne e le letsatsi la paakanyetso Tlolagano, mo tshokologong. Pilato a raya Bajuta a re, "Bonang, ke ye kgosi ya lona!" 15 Ba goa ba re, "Aa tsamaye, aa tsamaye; mmapoleng!" Pilato a ba raya a re, "A ke bapole Kgosi ya lona?" Baperesita bagolo ba araba, "Ga re na kgosi epe fa ese Kaisara fela". 16 Foo Pilato a ba neela Jeso gore a bapolwe. 17 Ba ne ba tsaya Jeso, abo a tswa, a itshikaretse sefapaano a ya lefelong le le bidiwang "Lefelo la Legata," le ka Sehebera le bidiwang "Gologota". 18 Ba bapola Jeso teng, a na le banna ba bangwe ba babedi, a le mongwe mo letlhakoreng le lengwe yo mongwe mo go le lengwe, Jeso a le fa gare. 19 Pilato le ene a kwala letshwao a le baya mo mokgorong. Go ne go kwadilwe: JESO WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA. 20 Bontsi jwa Bajuta ba ne ba bala letshwao le ka gore lefelo le Jeso a neng a bapotswe mo go lone le ne le le gaufi le toropo. Letshwao le ne le kwadilwe ka Sehebera, Selatini le Segerika. 21 Jalo baperesita bagolo ba Bajuta ba raya Pilato ba re, "O seka wa kwala, 'Kgosi ya Bajuta', mme o re, 'Yo o ne a re, "Ke Kgosi ya Bajuta."" 22 Pilato a araba, "Se ke se kwadileng ke se kwadile." 23 Fa masole ba bapola Jeso, ba tsaya diaparo tsa gagwe, ba di kgaoganya ka dikarolo tse nne, mongwe le mongwe a tsaya e nngwe, abo ba tlogela paka ya gagwe. Jaanong paka e ne e sena diphatsa, e ne e na le moroko o le mongwe go tswa kwa godimo. 24 Ba ne ba buisana gore, "A re seka ra e kgagola, mme a re latlheng mataese gore re bone gore e tla nna ya ga mang." Se se ne se diragala gore temana e tle e rurifadiwe e e reng, "Ba ne ba kgaogana diaparo tsa me ka bo bone abo ba latlha mataese." Se ke se se neng sa dirwa ke masole. 25 Jaanong ba ba neng ba eme fa thoko ga sefaapano sa ga Jeso e ne e le mmaagwe, monnawe mmaaagwe, Marea mosadi wa ga Tlopase le Marea Magatalena. 26 Fa Jeso a bona mmaagwe le morutwana yo a mo ratang ba eme gautshwane, a raya mmaagwe a re, "Mosadi, bona, morwa wa gago!" 27 A bo a raya morutwana a re, "Bona, mmago!" Go tswa mo nakong eo morutwana o ne a mo isa kwa ga gagwe. 28 Morago ga se, a itse gore sengwe le sengwe jaanong se weditswe le gore Ditemana di tle di rurifadiwe, Jeso a re, "Ke nyorilwe." 29 Sekupu se tletse mofine yo botlhoko se ne se beilwe foo, ba ne ba baya lewisi le tletse mofine yo botlhoko mo thobaneng abo ba e tsholeletsa kwa molomong wa gagwe. 30 Fa Jeso a sena go nwa mofine yo botlhoko, a re, "Go feditswe." A inamisa tlhogo ya gagwe abo a neela moya wa gagwe. 31 Jalo Bajuta, ka gore e ne e le letsatsi la paakanyo, le gore mebele e seka ya sala mo sefapaanong ka Sabata (Sabata yoo o ne a le botlhokwa thata), ba kopa Pilato gore ba robe maoto a bone le go a ntsha. 32 Masole ba ne ba tla go roba maoto a monna wa ntlha le wa bobedi ba ba neng ba bapotswe le Jeso. 33 Fa ba tla kwa go Jeso, ba bona gore o setse a sule, jalo ba seka ba roba maoto a gagwe. 34 Le fa go ntse jalo, mongwe wa masole o ne a tlhaba letlhakore la gagwe ka motsu, gone foo madi le metsi tsa tswa. 35 Yo o boneng se o pakile, le bopaki jwa gagwe bo boammaaruri. O itse gore se a se buileng se boammaaruri gore le lona le tle le dumele. 36 Gonne dilo tse di diragetse gore temana e rurifadiwe, "Ga gona marapo ape a gagwe a a tla robegang." 37 Gape temana e nngwe ya re, "Ba tlaa lebelela ene yo ba mo tlhabileng." 38 Morago ga dilo tse, Josefa wa Arimathia, ka gore e ne e le morutwana wa ga Jeso (mo sephiring ka poifo ya Bajuta), a botsa Pilato gore a a tseye mmele wa ga Jeso. Pilato a mo letlelela. Jalo Josefa a tla a tsaya mmele wa ga Jeso. 39 Nikotimase le ene a tla, yo o neng a tlile kwa go Jeso lantlha bosigo. O ne a tlisitse motswako wa dinkgisa monate tsa mere le aloe tsa bokete jwa dikilokereme tse 34. 40 Ba ne ba tsaya mmele wa ga Jeso ba o phuthela ka matsela le dinkgisa monate, jaaka e ne e le ngwao ya Bajuta go fitlha mmele. 41 Jaanong lefelo le a bapoletsweng teng le ne le na le tshingwana; mo tshingwaneng go ne go na le lebitla le lesha le go neng go ise go fitlhwe ope. 42 Ka gore e ne e le letsatsi la paakanyo la Bajuta, le gore lebitla le ne le le gaufi, ba baya Jeso mo go lone.