Kgaolo 20

1 Jaana ka maphakela a matona a letsatsi la ntlha la beke, go santse go le lefifi, Marea Magatalena a goroga ko lebitleng mme a bona lentswe le ntshitswe fa lebitleng. 2 A taboga a ya ko go Simone Petere le morutwana mongwe a ne Jeso a mo rata, a ba raya a re, ''Ba tsere Morena ba mo ntshitse mo lebitleng,ga re itse gore ba mmeile kae.'' 3 Jalo Petere le morutwana mongwe ba tswela ko ntle, ba ya ko lebitleng. 4 Ba taboga botlhe, morutwana yo mongwe a taboga ka bonako ko pele ga ga Petere, a bo a goroga pele kwa lebitleng. 5 Fa a inama a bona matsela a le foo, mme a seka a tsena mo teng. 6 Simone Petoro a goroga morago ga gagwe mme a tsena mo lebitleng. A bona matsela a ane a phuthilwe ka one a le teng foo 7 le letsela le le neng le le mo tlhogong ya gagwe. Le ne le se golo go le gongwe fela le matsela a mangwe mme le ne le mennwe le le nosi ko thoko. 8 Jalo Morutwana yo mongwe, ene yo o gorogileng ko lebitleng pele, a tsena le ene, a bona abo a dumela. 9 Ka go fitlha ka nako eo ba ne ba sa itse temana e e reng o tla tsoga mo baswing. 10 Jalo barutwana ba boela ko lapeng gape. 11 Mme Marea a bo a eme ka fa tlhoko ga lebitla a lela. Jaaka a lela, a okomela mo lebitleng. 12 A bona baengele ba le babedi ba apere bosweu, yo mongwe mo tlhogong, yo mongwe ko maotong fa ne mmele wa ga Jeso o ne o le teng. 13 Ba mo raya bare, ''Mosadi, o lelela eng?'' A ba raya a re, ''Gonne ba tsere Morena wame, mme ga ke itse gore ba mmeile kae.'' 14 Fa a sena go bua jalo, a retologa a bona Jeso a eme foo, mme o ne a sa itse gore ke Jeso. 15 Jeso a mo raya a re, ''Mosadi, o lelela eng? O batla mang?'' O ne a tsaya gore o ke motlhokomedi wa tshingwana, jalo a mo raya a re, ''Rra, fa e le gore le mo tsere, mpoleleleng gore le mmeile kae, ke tlaya go mo tsaya ke mo ise go sele.'' 16 Jeso a mo raya a re, ''Marea.'' A retologa, a mo fetola ka se Hebere a re ''Raboni'' (se se rayang ''Moruti''). 17 Jeso a mo raya a re, ''o seka wa nkgoma, ka gore ga ke ise ke thatogele ko go Rara, ya ko go bo morwarre o ba bolelele gore ke ya thatogela ko go Rara yo eleng Rrago, eleng Modimo wame le wa gago.'' 18 Marea Magatalena ya kwa barutwaneng abo a baraya are, ''ke bone Morena'' le gore o mmoleletse dilo tse. 19 Fa go le maitseboa, ka letsatsi leo, la ntlha la beke, dipati tsa ko barutwana ba neng ba le teng, a ne a tswetswe ba tshaba bajuta, Jeso atla a ema fa gare ga bone a ba raya a re, ''a kagiso e nne le lona,'' 20 Morago ga go bua jalo, a ba bontsha diatla tsa gagwe le letlhakore la gagwe. Barutwana ba itumela fa ba bona Morena. 21 Jeso a ba raya gape a re, ''kagiso e nne le lona, jaaka Rara a nthumile, jalo ke a le roma.'' 22 Fa Jeso a fetsa go bua se, a bodulela mo go bone a ba raya a re, ''Amogelang moya o o boitshepo. 23 Ope yo le moitshwarelang dibe, o tla itshwarelwa; ope yo le sa mo itshwarelang dibe, ga kake a itshwarelwa.'' 24 Tomase, mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Didamase, o ne a sena le bone fa Jeso a tla. 25 Moragonyana barutwana ba bangwe ba mo raya ba re, ''re bone Morena,'' a ba raya a re, ''go fitlhela ke bona letshwao la dipekere mo go ene, ke bo ke tsenya monwana wa me mo phatlheng ya dipekere, ke bo ke tsenya letsogo lame mo letlhakoreng la gagwe, ga nkake ka dumela.'' 26 Morago ga malatsi a le 8 barutwana ba gagwe ba bo ba le mo teng gape, Tomase o ne a na le bone, Jeso a tsena mabati antse a tswetswe, a ema magareng ga bone, a re, ''kagiso e nne le lona.'' 27 Jalo a raya Tomase a re, kgoma fa ka menwana ya gago o bone diatla tsa tsame. Thapolola letsogo la gago o kgome letlhakore la me Ose kawa sa tlhoka tumelo, mme o dumele fela.'' 28 Tomase a araba a mo reya a re, ''Morena le Modimo wame.'' 29 Jeso a mo raya a re, ''O dumetse ka gore o mpone. Go sego ba ba sa bonang, abo ba dumela.'' 30 Foo Jeso a dira ditshupo tse dingwe tse dintsi mo bolenteng ja barutwana, ditshupo tse di sa kwalwang mo bukeng e, 31 mme tse di kwadilwe gore le dumele fa Jeso e le Keresete, Morwa Modimo, le gore mo go dumeleng le nne le botshelo mo leineng la gagwe.