Kgaolo 21

1 Morago ga dilo tse Jeso a itshupegetsa Barutwana ba gagwe gape kwa lewateng la Tiberia. O ne a itshupa jaana. 2 Simone Petere o ne a na le Tomase e bong Dimase, Nathaneele wa ko Kana wa Galalea, barwa Sebetia le barutwana ba bangwe ba ga Jeso ba le babedi. 3 Simone Petere a ba ra ya a re, "ke ya go tshwara ditlhapi." Ba mo ra ya ba re le rona re tsamaya le wena." Ba tsamaya ba tsena mo mokorong, mme ba seka ba tshwara sepe bosigo jotlhe. 4 Jaanong gabo go setse go le mo mosong, Jeso a ema fa thoko ga lewatle barutwana ne ba sa itse gore ke Jeso. 5 Jalo Jeso a ba ra ya a re, "Makawana a le na le sengwe sa go ja?" Ba mo araba ba re, "nnyaa." 6 O ne a ba raya a re latlhelang letlowa la lona ka fa mojeng wa mokoro, le tla bona sengwe."Jalo ba tikela letlowa la bone mme ba ne ba seka ba kgona go le goga ka lebaka la ditlhapi tse ditsi tse ditona. 7 Ke fa morutwana yo Jeso a mo ratang a ra ya Petere a re, "ke Morena." Fa Simone Petere a utlwa gore ke Morena, a apara(go nne o ne a sa apara) ,a itlathela mo lewateng. 8 Barutwana ba bangwe ba ne ba tla mo mokorong ( ka gore ba ne ba se kgakala di metara di le 90) ba goga letlowa le tletse ka dithaphi. 9 Fa ba goroga kwa ntle ga lewate ba fitlhela molelo wa magala o tuka go besitswe tlhapi, go na le borotho. 10 Jeso a ba ra ya a re tlisang bontlha bongwe ba ditlhapi tse le di tshwereng, 11 Simone Petere a ya go gogela letlowa mo lefatsheng le tletse ka ditlhapi tse 153. Di ne dile dintsi, mme letlowa le ne le sa kgagoge. 12 Jeso a ba ra ya a re, "tla le jeng dijo tsa maphakela, ga bo go sena ope wa bone yo a neng a mmotsa gore, "O mang?" ka gore bane ba itse fa e le Morena. 13 Jeso a tla, a tsaya borotho le tlhapi a ba neela. 14 E ne e le laboraro Jeso a iponagaletsa barutwana ba gagwe fa a sa le a tsoga mo baswing. 15 Morago ga go ja dijo tsa maphakela, Jeso a ra ya Simone Petere a re, "Simone morwa Johane a o a nthata go feta se?" Petere a mo ra ya a re, "Ee Morena o a itse gore ke a go rata." Jeso a re, "jesa dikonyana tsame." 16 A mmotsa gape labobedi a re, "Simone morwa Johane a o a nthata?" Petere a re "Ee Morena, o a itse gore ke a go rata." Jeso a mo raya a re. "Tlhokomela dinku tsame." 17 O ne a mo raya laboraro a re "Simone morwa Johane a o a nthata?" Petere o ne a utlwa bothoko ka gore Jeso o ne a mo ra ya laboraro a re "A o a nthata?" O ne a mo ra ya a re Morena o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata." Jeso a mo ra ya a re "Jesa dinku tsame." 18 Ke le bolelela boamaruri fa o ne o le mmotlana o ne o ikapesa o ya le ko o batlang teng, mme fa o gola, o tla thapolola letsogo mongwe a bo a go apesa, a bo a go isa ko o sa batleng teng." 19 Jaanong Jeso o ne a bua se go supa mofuta wa leso le Petere a tla galaletsang Modimo ka lone. Fa a sena go bua dilo tse Jeso a raya Petere a re "Ntshela morago." 20 Petere a retologa a bona morutwana yo Jeso a mo ratang a ba setse morago; ene yo a neng a robetse mo sefubeng sa ga Jeso ka nako ya dijo tsa maitseboa a bo a re," Morena ke mang yo a tla go rekisang?" 21 Petere a mmona a raya Jeso a re, "Morena, monna yo o tla diragalelwa ke eng ene?" 22 Jeso a mo raya a re," fa ke batla a nna gofitlhela ke tla, mong go raya eng mo go wena? ntshela morago." 23 Mafoko a ne a phatalala mo go bone botlhe, gore morutwana yo, ga a na go swa. Ntswa Jeso a ne a sa ra ya Petere a re morutwana yo ga a na go swa, mme, " fa ke ba tla a nna gofitlhela a swa, mong go raya eng mo go wena?" 24 Yo ke ene morutwana yo a pakang ka dilo tse, yo a kwadileng dilo tse, re a itse fa bopaki jwa gagwe bo le nnete. 25 Gona le dilo dile dintse tse Jeso a di dirileng. Fa ne di kwadile tsotlhe, ke tsaya gore le lefatshe le ne le ka seke le tseye dibuka tse go kwadileng mo tleng.