Kgaolo 9

1 Mme Paulo o ne a ntse a bua matshosetsi a go bolaya barutwa ba Morena, aya kwa moperesiteng yo mogolo, 2 go kopa makwalo a a tla mo fang tetla ya go ya kwa di senagogeng tsa Damasekase, kwa etlareng a fitlhela mosadi kgotsa monna ope fela yo o dumelang mo tseleng e, a ba tshware, a ba ise kwa Jesrusalema. 3 E ne yare a santse ale mo mosepeleng, a atumela Damasekase, ka bofefo lesedi le le tona gotswa legodimong la phatsima go modikologa; 4 a wela fa fatshe mme lentswe la mora ya lare, "Saulo, Saulo o mpogisetsang?" 5 Saulo a araba a re, " Morena, o mang?" Morena a re, " Ke nna Jeso yo o mpogisang; 6 mme ema, o tsene mo toropong, otla bolelelwa gore o dire eng." 7 Banna ba ba neng ba tsamaya le Saulo ba felelwa ke mafoko, ka ba utlwa lentswe, mme ba sa bone ope. 8 Saulo a tsoga fa fatshe, fa a bula matlho, a seka a bona sepe, jalo ba mogoga ka letsogo ba mo isa Damasekase. 9 A nna matsatsi a mararo a sa bone, a sa je, ebile and sa nwe sepe. 10 Ga bo go le morutwa ko Damasekase a bidiwa Ananiase; morena a bua le ene mo ponatshegelong a re, "Ananiase". A bo a re, "Bona, ke fano Morena." 11 Morena a mo raya a re, "Ema o ye kwa tseleng e bidiwang Tolamo, o ye ko ntlong ya ga Judase, otla fitlhela monna wa kwa Tarasuse yo bidiwang Saulo, o a rapela, 12 mme o bone mo ponatshegelong monna yo o bidiwa Ananiase, a mmaya matsogo gore a bone gape." 13 Mme Ananiase a araba a re ," Morena ke utlwile ka batho ba le bantsi ka ga monna yo, le ka fa a tlhokofaditseng baitshepi ba gago ka teng kwa Jerusalema. 14 O neetswe taolo ke baperesiti ba bagolo go tshwara botlhe ba ba bitsang leina la gago." 15 Mme Morena a mo raya a re, "Tsamaya, go nne ke mo ikgethetse, go paka ka leina lame mo baditshabeng, dikgosi le bana ba Iseraela; 16 ke tla a mo supegetsa ka fa a tsileng go boga ka teng ka ntlha ya leina lame." 17 Ananiase a tsamaya, a tsena mo ntlong. Fa a mmaya matsogo a mo raya a re," Mokaulengwe Saulo, Morena Jeso yo aneng a go iponagaletsa motseleng fa otla, o nthumile gore o tle o kgone go amogela pono ya gago le go tladiwa ka Mowa o Boitshepho." 18 Ka ponyo ya leitlho dikgapetlana tsa wa mo matlhong a ga Saulo, a amogela pono ya gagwe; a ema, a kolobediwa; 19 mme a ja, a nna le nonofo. A nna le barutwa mo Tamasekase malatsi a le mmalwa. 20 A simolola go rera ka ga Jeso mo di senagogeng, a bolela fa e le morwa Modimo. 21 Botlhe ba baneng ba mo utlwa ba sala ba gakgametse, ba bua bare, "A monna yo gase ene yo aneng a bolaya batho botlhe kwa Jerusalema ba ba neng ba bua ka leina le? ebile o tsile go ba tshwara a ba bofa a ba isa kwa baperesiting ba bagolo." 22 Mme Saulo a tswela ka go nonofa, a tsisa tlhobaelo mo Bajuteng ba ba mo Tamasekase ka go rurufatsa fa Jeso ele keresete. 23 Morago ga malatsi, Bajuta ba loga segwenegwene sa go mmolaya. 24 Saulo a itse selo se. Ba nna ba disitse dikgoro bosigo le motshegare gore batle ba mmolaye. 25 Mme barutwa ba gagwe bamo tsaya bamo tlodisa lebota bosigo, ba motsentse mo kgamelong. 26 Fa a tsena kwa Jerusalema, Saulo a leka go kopana le barutwa mme ba mo tshaba, ka bane ba sa dumele fa ele morutwa. 27 Mme Barenabase amo tsaya a mo tsisa kwa baaposetolong. A ba bolelela ka fa Saulo a boneng morena mo tseleng ka teng, le gore Morena o ne a bua le ene, le ka fa Saulo a neng a rera ka bopelokgale ko Tamasekase mo leineng la ga Jeso. 28 A kopana le bone jaaka ba ne ba tswa ba tsena mo Jerusalema. A bua ka bopelokgale ka leina la Morena Jeso, 29 a ganetsana le Bajuta ba ba Gerika; mme bane ba tswelela ka go batla go mo mmolaya. 30 Yare bakaulengwe ba lemoga se, ba mo isa kwa Kasarea, ba mo romela ko Tarasuse. 31 Ka Jalo, kereke mo Jutia,Galalea le Samarea ya nna le kagiso, ya agiwa; le go tsamaya mo poifong Modimong, le mo kgomotsong ya Moya yo o Boitshepho, kereke ya gola ka dipalo. 32 Ga diragala gore jaaka Petere ane a tsamaya mo kgaolong yotlhe, a ya kwa bakaulengweng ba baneng ba nna mo toropong ya Leyata. 33 Gone koo a kopana le monna mongwe yo o bidiwang Anease, a na le dingwaga dile boferabobedi ale mo bolaong, ka ane a sule mohama. 34 Petere amo raya are "Anease, Jeso o a go fodisa. Tsoga o alololea bolao ba gago." 35 A tsoga ka bonako. Mongwe le mongwe yo nnang mo Layeta le Sharone ba bona monna yo, ba sokologela mo Moreneng. 36 Gabo gole morutwa mongwe ko Jopa, wa leina la Tabeta gotewa "Tokase". Mosadi yoo o ne a dira ditiro tse di molemo le ditiro tsa boutlwelo botlhoko mo go ba ba humanegileng. 37 Ga diragala mo malatsi ao gore a lwale, mme a swa; ba mo tlhapisa, ba mmaya kwa ntlong e e kwa godimo. 38 Ka gore Layata o ne a bapile le Jopa, barutwa ba utlwa gore Petere o koo, ba roma banna ba babedi ba mo kopa ba re, "Tlaa kwa go rona ka bofefo". 39 Petere a ema a tsamaya le bone.Yare a goroga bamo isa kwa ntlong e kwa godimo. Batlholagadi botlhe ba bo ba eme fa go ene ba lela ba mo supegetsa dikobo le diaparo tse Tokase a di dirileng fa a santse a na le bone. 40 Petere a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo, a khubama a rapela; go leba moswi a re, "Tabita, tsoga". A bula matlho a gagwe, mme yare a bona Petere a nna ka marago. 41 Petere amo neela letsogo, amo emeletsa ka dinao; a bitsa badumedi le batlholagi, a ba mo neela a tshela. 42 Kgang e ya itsege Jopa otlhe, bontsi ba batho ba dumela mo moreneng. 43 Mme Petere a nna malatsi a le mantsi mo Jopa kwa monneng wa mosugi wa matlalo yo a bidiwang Simone.