1 Ga bo go le monna mongwe kwa toropong ya Kaisaria , a bidiwa Koneliase , molaodi wa mophato wa sesole sa Itale 2 .E ne e le monna yo o boineelo , a obamela Modimo le botlhe ba ntlo ya gagwe ; o ne a abela Bajuta madi a mantsi ebile a rapela Modimo ka nako tsotlhe . 3 E ne e ka nna oura ya boferabongwe motshegare, a bona moengele wa Modimo a tla kwa go ene mo ponatshegelong. Moengele a mo raya a re,'' Koronoliase ! '' 4 Koronoliase a tlhoma moengele matlho ka letshogo a re , '' go rileng , rra ? '' Moengele a mo raya a re , '' merapelo ya gago le dimpho tse o di abelang batlhoki ke segopotso fa pele ga Modimo. 5 Jaanong roma banna kwa toropong ya Jopa ba go biletse Simone yo o bidiwang Petere . 6 O nna le Simone, monna wa mosugi wa matlalo, yo ntlo ya gagwe e leng fa letshitshing la lewatle '' . 7 Fa moengele yo o neng a bua le ene a sena go tsamaya , Koronoliase a bitsa batlhanka ba le babedi ba ntlo ya gagwe , le lesole le le obamelang Modimo go tswa mo masoleng a a neng a mo direla. 8 Konoliase a ba bolelela tsotlhe tse di diragetseng, a ba roma kwa Jopa . 9 Mo letsatsing le le latelang ka nako ya borataro , jaaka ba ne ba le mo loetong ba le gaufi le go tsena mo toropong , Petere a palamela kwa godimo ga ntlo go rapela . 10 A tshwarwa ke tlala mme a batla go ja sengwe , mme e rile batho ba santse ba apeile dijo , a bona ponatshegelo , 11 a bona legodimo le bulega go bo go fologa mophuthelo mongwe , sengwe se se tshwanang le kobo e e lefefe e kgolo e fologela mo lefatsheng , e lepelediwa ka memeno ya yone e e kwa dikhutlong tsa yone tse nne . 12 Mo go yone ga bo go le diphologolo tse di maoto mane ka mefuta ya tsone , dilo tse di gagabang fa fatshe le dinonyane tsa loapi . 13 Lentswe la bua le ene ; '' Emelela , Petere , tlhaba o je .'' 14 Mme Petere a re, '' Nnyaa , Morena ; ga ke ise ke je sepe se leswafetse ebile se se phepa . 15 ''Lentswe la bua le ene labobedi ; ''O seka wa kaya sepe se Modimo a se itshekisitseng gore se itshekologile.'' 16 Se se diragetse gararo ; go tloga foo mophuthelo wa tlosiwa wa ya legodimong . 17 Fa Petere a santse a tsieditswe ke gore ponatshegelo e a e boneng e raya eng , banna ba ba romilweng ke Koronoliase ba ema fa kgorong , morago ga ba sena go botsa tsela ya go tla kwa ntlong. 18 Ba botsa gore a Simone , yo o bidiwang Petere , o nna gone fa . 19 Fa Petere a santse a akantse ka ponatshegelo , Moya wa mo raya wa re, '' Bona , gona le banna ba bararo ba ba go batlang . 20 Emelela o fologele ko tlase o tsamaye le bone . O se ka wa tshaba go tsamaya le bone , gonne ke nna ke ba romileng .'' 21 Petere a fologela kwa tlase kwa banneng a re, '' Ke nna yo le mmatlang . Ke eng le tsile kwano ? '' 22 Ba re , ''Molaodi wa masole yo o bidiwang Koronoliase, monna yo o molemo yo o obamelang Modimo,yo o buiwang bontle ke tshaba yotlhe ya Juta, o laetswe ke moengele gore a go bitse, gore otle omo neele molaetsa. 23 Petere a ba kopa go lala nae. Mo mosong o o latelang a tsamaya le bone ana le badumedi bangwe go tswa Jopa. 24 Letsatsi le le latelang ba goroga kwa Kaisarea. Koronoliase o ne a ba emetse; O ne a biditse masika le ditsala tsa gagwe. 25 Ya re fa Petere a goroga, Koronoliase a mo kgatlhantsha a khubama fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. 26 Petere a mo emisa ka dinao , a re,'' Emelela! ke motho fela jaaka wena''. 27 Fa Petere a bua le ene, a tsena mo ntlong mme a bona batho ba kgobokane ba le bantsi. 28 A ba raya a re, ''Le a itse gore ga go ka fa molaong gore mojuta a etela motho wa morafe o sele. Mme Modimo o mpontshitse gore ke seka ka bitsa motho ope ke re ga a phepa kana o leswefaleditswe. 29 Ke sone se e rileng ke bidiwa, ka seka ka gana. Jaanong ke botsa gore le mpileditseng''. 30 33 Koronoliase a re, ''Malatsi a le mane a a fetileng, ka oura yone e, ke ne ke rapela mo ntlong ya me ka oura ya boferabongwe , mme ga ema fa go nna monna a apere diaparo tse ditshweu. 31 A re, ''Konoliase, Modimo o utlwile merapelo ya gago, le go abela batlhoki dimpho ga gago,go dirile gore Modimo a go gakologelwe. 32 Jaanong romela mongwe ko Jopa a bitse Simone yo o bidiwang Petere. O nna mo ntlong ya ga Simone wa mosugi wa matlalo fa letshitshing la lewatle. 34 Petere are ke a rurafatsa gore Modimo ga a nke a nna mo letlhakoreng la ga ope. 35 Modimo o amogela mongwe le mongwe mo merafeng yotlhe yo o mo obamelang a bo a dira ditiro tse di amogelesegang fa pele ga Modimo. 36 Lo itse molaetsa yo a o romeletseng batho ba Iseraele, fa a bua dikgang tse di molemo ka kagiso mo go Jeso Keresete, Morena wa botlhe. 37 Le itse ditiragalo tse di diragetseng mo Jutea, go simolola fela ko Galalea kwa Johane a neng a kolobetsa batho teng; 38 ditiragalo ka ga Jeso wa Nasaretha, ka fa Jeso a mo tlooditseng ka teng ka Moya yo o Boitshepo le nonofo. Ka Modimo ane a na le ene, o ne a tsamaya a dira ditiro tse di molemo a bo a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke mmaba. 39 Re basupi ba dilo tse a di dirileng ko Juta le ko Jerusalema-Jeso yo ba mmolaileng, ka go mmapola. 40 Monna yo, Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, mme a dira gore a itsewe, 41 e seng ke batho botlhe, mme e leng basupi ba ba tlhophilweng ke modimo, rona, ba re neng ra nwa ra ba ra ja le ene a sena go tsoga mo baswing. 42 O re laotse go rerela batho le go ba pakela gore ke ene a kgethilweng ke Modimo go nna moatlhodi wa baswi le batshedi. 43 Baporofiti ba paka ka ga gagwe gore yo o dumelang mo go ene o tla a bona boitshwarelo jwa dibe mo leineng la gagwe. 44 Fa Petere a bua dilo tse, Moya yo o boitshepo wa wela mo go ba ba reeditseng. 45 Badumedi ba ba rupileng, botlhe ba ba tsileng le Petere, ba makala go bona baditshaba ba tladiwa ka Moya o o Boitshepo. 46 Ba utlwa baditshaba ba bua ka diteme di sele ba galaletsa Modimo. Petere a re, 47 ''A go na le mongwe yo o ka itsang batho ba go kolobediwa ka metsi, ba ba setseng ba amogetse Moya yo o Boitshepo jaaka rona? 48 A laola gore ba kolobediwe ka leina la ga Jeso Keresete. Ba mo kopa go nna le bone malatsinyana.