Kgaolo 11

1 Jaana baaposetolo le bakaulengwe ba ba ko Jutea ba utlwa fa baditshaba ba amogetse lefoko la modimo. 2 Fa Petere a sena go tla ko Jerusalema, bao ba e neng e le ba setlhopha sa ba ba rupisang ba mo kgala; 3 ba mo raya bare,"o itomagantse le banna ba ba sa rupang ebile o jele le bone!" 4 Mme Petere a simolola go ba tlhalosetsa kgang ka botalo; a re, 5 ke ne ke rapela ko toropong ya Jopa, ka nna le ponatshegelo ya sejana se fologelela ko tlase, jaaka kobo e tona e fologa e tswa legodimong ka dikhutlo tsa yone tse nne. Ya fologelela mo go nna. 6 Ka e lebelela ebile ka akanya ka yone. Ka bona diphologolo tse di maato , mane tsa lefatshe, le dibatana tsa naga, le diphologolo tse di gagabang, le dinonyane tsa lewapi. 7 Ka utlwa lentswe le nthaya lere, "tsoga Petere; bolaya o je!" 8 kare, "ga go a nna jalo Morena: ga go sepe se se seng boitshepho kgotsa se se leswe se se kileng sa tsena ka molomo wame." 9 Mme lentswe la araba gape gotswa ko legodimong, "se Modimo a boletseng gore se phepa, o seka ware se leswe." 10 Se se diragetse makgetho a le mararo, mme sengwe le sengwe sa busetswa ko legodimong gape. 11 Bonang, gone foo ga bo gole banna ba le bararo ba eme fa pele ga ntlo e re neng rele mo go yone; ba ne ba romilwe gotswa ko go Kaesara go tla kwa go nna. 12 Mowa o ne wa ntaolela gore ke tsamaye le bone, le gore ke seka ka ba farologanya. Bakaulengwe ba barataro ba ba tsamaya le nna, ra tsena mo ntlong ya monna. 13 A re bolelela ka fa a bonyeng moegele a eme ka teng mo ntlong ya gagwe a re, "romelang banna ko Jopa le bo le busa Simone yo o bitswang Petere. 14 O tla bua le lona molaetsa o le ka bolokwang ka one- wena le botlhe ba ntlo ya gago." 15 Jaaka ke ne ke simolola go bua le bone, Mowa yo o Boitshepho wa tla mo go bone, jaaka ko go rona mo tshimologong. 16 Ka gakologelwa mafoko a Morena, fa a re," ele ruri Johane o ne a kolobetsa ka metsi; mme lona le tla kolobediwa mo Moweng yo o Boitshepho." 17 Jaanong fa Modimo o ba neetse mpho ee tshwanang le ya rona fa re ne re dumela mo go Morena Jeso Keresete, nna ke ne kele mang, yo o ka ganetsang Modimo?" 18 Fa ba utlwa dilo tse, ba seka ba bua sepe, mme ba galaletsa Modimo bare, "jaanong Modimo o neetse baditshaba botshelo ka boikotlhao." 19 Jaana ba ba neng ba phatlaletse ka lebaka la dithokofatso tse di simologileng le leso la ga Setefano ba ne ba gasama go ya bokgakala jwa Fenekia, Saeporase, le Antioko, mme ba bua molaetsa wa ga Jeso ko Bajuteng fela. 20 Mme bangwe ba bone, banna go tswa ko Saeporase le Saerine, ba tla ko Antioko ba bua le Bagerika, ba ba bolelela dikgang tse di molemo ka ga Morena Jeso. 21 Jalo letsogo la Morena la bo le le mo go bone; palo e ntsi ya dumela ba retologela ko Moreneng. 22 Dikgang ka ga bone tsa goroga ko kerekeng mo Jerusalema: ba romela Banabase go fitlha ko Antioko. 23 E rile a tla a bo a bona mpho ya Modimo, o ne a itumela; a ba kgothatsa bothe gore ba sale le Morena ka dipelo tsa bone tsothe. 24 Gonne ene ele monna yo o siameng a tletse ka Mowa yo o Boitshepho le tumelo, le bontsi jwa batho ba okelediwa mo Moreneng. 25 Banabase a tswa a ya ko Tareso go ya go batla Saulo. 26 Fa a sena go mmona, amo tlisa ko Antioko. Ga diragala gore ngwaga otlhe ba phuthagana le kereke go ruta batho bale bantsi. Barutwana ba bidiwa Bakeresete ele lantlha ko Antioko. 27 Jaana mo malatsing a, baporofiti bangwe ba tla ko Antioko ba tswa Jerusalema. 28 Mongwe wa bone, yo o bidiwang Agapase, a supa ka Mowa gore go tla nna leuba lefatshe lotlhe. Mo go diragetse mo malatsing a ga Kelaodiase. 29 Jaana, barutwana, jaaka mongwe le mongwe wa bone a ne a kgona, ba tsaya tshwetso ya go romela thuso ko bakaulengweng ba ba ko Jutea. 30 Ba dira se; ba romelela madi ko bagolwaneng ka diatla tsa ga Banabase le Saulo.