1 Jaanong ya re ka nako eo kgosi Herote a tshwara bangwe ba e leng ba kereke gore a tle a ba kgokgontshe. 2 A bolaya Jakobe morwa rraagwe Johane ka tshaka. 3 Morago ga go bona fa se se itumedisitse Bajuta, A tswelela a isa le Petere kgolegelong. E ne e le mo malatsing a borotho jo bo senang sebidiso. 4 Morago ga go mo tlhatlhela, a mmaya mo kgolegelong a bo a laela ditlhophana tse nne tsa masole a le mane go mo disa; o ne a ikaeletse go mo tlisa ko bathong morago ga Tlolagano. 5 Jalo Petere a bewa mo kgolegelong, mme ba ba mo kerekeng ba mo rapelela ka tlhwaafalo mo Modimong. 6 Letsatsi pele ga Herote a mo ntshetsa kwa ntle, bosigo joo Petere o ne a robetse fa gare ga masole a mabedi, a funetswe ka dikeetane tse pedi, badisa dikago ba ba fa pele ga lebati ba bo ba lebeletse kgolegelo. 7 Bonang, moengele wa Morena ka bonako a iponagatsa fa go ene, mme lesedi la phatsima mo kgolegelong, a betsa Petere mo letlhakoreng a mo tsosa a mo raya a re, ''Emelela ka bonako.'' Dikeetane tsa gagwe tsawa mo matsogong a gagwe. 8 Moengele a mo raya a re, ''Apara o bo o rwala ditlhako tsa gago.'' Petere a dira jalo.Moengele a mo raya a re, ''Apara kojwana ya gago o ntshale morago.'' 9 Ka jalo Petere a sala moengele morago ba tswela ko ntle. O ne a sa itse gore se se neng se dirwang ke moengele se a diragala ka boammaruri. O ne a akanya gore o bona ponatshegelo. 10 Fa ba sena go feta ka modisa magolegwa wa ntlha le wa bobedi, ba tla ko kgoronwaneng ya tshipi e e isang mo toropong; ya ipula. Ba tswela ko ntle ba tsamaya mo mekgwatlheng, moengele a mo tlogela gone foo. 11 Fa Petere a itharabologelwa, a re, ''Jaanong ke a itse ka boammaruri gore Morena o rumile moengele wa gagwe go nkgolola mo diatleng tsa ga Herote, le mo di tsholofelong tsotlhe tsa Bajuta.'' 12 Fa a sena go lemoga se, a tla ko ntlong ya ga Marea mmaagwe Johane yo sefane sa gagwe e neng e le Mareko; badumedi ka bontsi ba ne ba kgobokane koo ba rapela. 13 Fa a kokota ko lebating , mosetsana wa lelata yo o bidiwang Roda a tla go araba. 14 Fa a lemoga lentswe la ga Petere, ka boitumelo a palelwa ke go bula lebati; boemong, a tla a tabogetse mo kamoreng; a bolela fa Petere a eme ko lebating. 15 Ba mo raya ba re, ''o a tsenwa.'' Mme a gatelela gore go ntse jalo. Ba re, '' Ke moengele wa gagwe.'' 16 Mme Petere a tswelela ka go kokota, mme fa ba bula lebati, ba mmona ba hakgamala. 17 Petere a ba supegetsa ka letsogo la gagwe gore ba didimale, a ba bolelela ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. A re,''Begelang Jakoba dilo tse le barwarraagwe.'' A bo a tswa a ya ko lefelong le lengwe. 18 Jaanong fa go nna motshegare, ga bo go sena le fa e le boitumelo mo masoleng, ka se se diragaletseng Petere. 19 Morago fa Herote a sena go mmatla a bo a sa mmone, a botsa badisa dikago a bo a laola gore ba bolawe. A bo a tswa mo Jutea a ya Kaisarea a ya go nna teng. 20 Jaanong Herote a tlala bogale le batho ba Ture le Sidoma.Ba ya ko go ene botlhe. Ba pateletsa Bolasetose , mothusa kgosi go ba thusa. Ba bo ba kopa kagiso, ka gore lefatshe la bone le ne le amogela dijo go tswa kwa lefatsheng la kgosi. 21 Ka letsatsi le le beilweng Herote a apara dilwana tsa gagwe tsa bogosi a bo a nna mo setilong sa bogosi, a bo a ba fa molaetsa. 22 Batho ba goeletsa ba re,'' Le ke lentswe la modingwana, ga se la motho!'' 23 Ka bofefo moengele wa Morena a mmetsa, ka gore o ne a sa galaletse Modimo; o ne a jewa ke diboko a swa. 24 Mme lefoko la Modimo la gola la bo la ntsifala. 25 Morago ga gore Banabase le Saulo ba wetse maikaelelo a bone ko Jerusalema, ba bowa teng , ba tsaya Johane yo sefane sa gagwe e neng e le Mareko.