1 Jaanong kwa Antioke, mo kerekeng gabo gole baporofiti le baruti. Ene ele Banabase, Semeone (o bitswang Nega), Lusase wa Serene, Manaeng (morwa rre oo tsaletsweng Herote wamo teterake), le Saulo. 2 Fa ba ntse ba obamela Morena ba itemile dijo, Mowa oo Boitsepo ware "Nkgaoganyetsa Saulo le Banabase go dira tiro e ke e ba bileditseng". 3 Fa ba sena go itima dijo, le go rapela, le go ba baya banna bao diatla, baba golola. 4 Mme Saulo le Banabase ba obamela Mowa oo Boitshepo ba gologela ko Selesia; go tswaa foo ba tsamaya ka mokoro goya setlhaketlhakeng sa Saporase. 5 Fa ba le ko toropong ya Salamise, ba bua lefoko la Modimo modi senagogeng tsa Bajuta. Ba ne bana le Johane Mareko ele mothusi wa bone. 6 Fa ba sena go ralala setlhaketlhake sotlhe go ya Pafose, ba fitlhela maselamose mongwe, moporofiti wa maaka wa Mojuta o leina la gagwe e neng ele Bara Jeso. 7 Maselamose yo one a dirisanya le molaodi Sediase Paulo o e neng ele monna oo rutigileng. Monna o a laola gore go bitswe Barabase le Saulo ka gore one a batla go utlwa lefoko la Modimo. 8 Mme Elesemase "wa maselamose" (ke kafa leina la gagwe le ranolwang ka teng) a ba ganetsa; a leka go fetola molaodi gore a seka a nna le tumelo. 9 Mme Saulo, o gape a bitswang Paulo, a tladitswe ka mowa oo Boitshepo a mo tlhoma matlho asa bonye 10 abo are, "Wena ngwana waga satane, o tletse ka tsietso le bosula. O mmaba wa tshiamo yotlhe. A tota otla kitla o emisa go soka tsela ya Morena ee tlhamaletseng? 11 Ka jalo bona, letsogo la Modimo lemo go wena, mme otla nna sefofu. Gao kake wa bona letsatsi ka sebaka." Ka bonako Elesemase a welwa ke mmuwane le bontso; a semolola go kopa batho gore bamo goge ka letsogo. 12 Morago ga molaodi a sena go bona sese diragetseng, a dumela, ka gore one a kgatlhilwe ke thuto kaga Morena. 13 Jaanong Paulo le ditsala tsa gagwe ba tsamaya ka mokoro go tswa Fafose a tla Pega mo Pamphelia. Mme Johane aba tlogela a boela Jerusalema. 14 Paulo le ditsala tsa gagwe ba tsamaa batswa Paga batla mo Antioke wa Pisidia. Gone koo ba feta ba ya senagogeng ka Sabata ba dula fa fatshe. 15 Morago ga go balwa ga molao le baporofiti, baeteledipele ba senagogwe ba romela molaetsa bare, "Bakaulengwe, fa lena le molaetsa wa kgothatso go bua le batho, o bueng." 16 Mme Paulo a ema ka dinao, a supa ka letsogo la gagwe are "Banna ba Iseraele, le lona bale tlotlang Modimo, reetsang. 17 Modimo wa batho ba ba Iseraele, o kgethile bo rraarona mogolo mme a dira batho bantsi fa bane bale ko lefatsheng la Egepeto, mme ka letsogo lele ko godimo waba etelela pele gotswa mogo lone. 18 Ka dingwaga dika tshwara masome a mane aba itshokela bale mo sekakeng. 19 Morago ga a sena go nyeletsa merafe ele supa mo lefatsheng la Kanana, a neela batho ba rona lefatshe la bone go nna boswa. 20 Ditiragalo tsena tsotlhe di tsere dingwaga dile makgolo a mane le masome a matlhano. Morago ga dilo tsena tsotlhe, Modimo aba neela baatlhodi go fitlhela moporofiti Samuele. 21 Mme batho ba kopa go nna le kgosi, mme Modimo aba neela Saulo morwa Kishe, monna gotswa morafeng waga Benjamene go nna kgosi dingwaga dile masome a mane. 22 Morago ga Modimo a sena go mo ntsha mo bogosing, a tsholetsa Tafite go nna kgosi ya bone, ene ele kaga Tafite fa Modimo are 'Ke bone Tafite morwa Jese go nna monna yoo fa morago ga pelo yame, o o dirang dilo tsotlhe tse ke batlang a di dira.' 23 Go tswa mo dikokomaneng tsa monna yo, Modimo o tlisitse mo Iseraele mmoloki, Jeso hela jaaka a solofeditse go dira. 24 Sena se semolotse go diragala leng, pele ga Jeso atla, Johane lantlha one a rera kolobetso ya boikotlhao mo bathong botlhe ba Iseraele. 25 Fa Johane a fetsa tiro ya gagwe, are, "Le akanya gore ke mang? Gake ene. Mme reetsang, gotla ko morago ga me ene yo le dikgole tsa ditlhako tsa gagwe kesa lekanang godi hunolola.' 26 Bakaulengwe, bana ba letso laga Aberehame, leba ba mo go lona baba obamelang Modimo, molaetsa o wa poloko o rometswe mogo rona. 27 Gonne bao ba tshelang mo Jerusalema, le balaodi ba bone, gaba aka bamo lemoga, mme ba rurifatsa puo ya baporofiti e e balwang ka Sabata mongwe le mongwe kago mmona molato. 28 Le fa basa itlhela lebaka lepe lago mmaya molato oo tswannwang ke leso, ba kopa Pilato gore a mmolae. 29 Fa ba sena go feleletsa dilo tsotlhe tse di kwadilweng ka ga gagwe, bamo folosa mo setlhareng mme bamo robatsa mo lebitleng. 30 Mme Modimo o mo tsositswe mo baswing. 31 O ne a bonwa ke bontsi jwa batho baba neng ba tlile le ene gotswa Galalia goya Jerusalema. Batho ba ke bone basupi ba gagwe mo bathong. 32 Re le tlisetsa mafoko aa molemo ka ga ditsholofetso tsedi neng tsa direlwa bo rrarona mogolo. 33 Morena o tshegeditse ditsholofetse tse mo go rona ,bana ba bone, ka gore o tsositse Jeso. Se gape ke sone se se neng se kwadilwe mo Pesalema ya bobedi 'O Morwaake, tsatsi la gompieno ke nna Rrago'. 34 Gape ka boammaruri jwa gore omo tsositse mo baswing gore a seka a bola, o buile jaana "Ketla go neela boitshepo le ditshogofatso tsaga Tafite.' 35 Se ke sone sea buang le mo pesalemeng e nngwe 'Gao kake wa letlelela oo boitshepo wa gago go bola.' 36 Gonne morago ga Tafite a sena go dira dikeletso tsa Modimo mo kokomaneng ya gagwe, one a robala, a robadiwa le rraagwe mme a bola', 37 mme ene o Modimo amo tsositseng, gaa bona gobola. 38 Mme a go itsefaleng mo go lona, bakaulengwe, gore lefa ntswa monna o a le bolelela boitswarelo jwa dibe. 39 Ka ene mongwe le mongwe yo dumelang o a baakanngwa mo dilong tsotlhe tse molao wa ga Moshe o neng o ka seke o go baakanye. 40 Mme jaanong elang tlhoko gore dilo tse baporofiti ba buileng ka tsone gore di seka tsa le diragalele. 41 'Bonang, lona bale ilang, le makaleng mme le nyeleleng; gonne ke dira tiro mo malatsing a lona, tiro ele ka sekang la kitla le e dumela, lefa motho aka ele bolelela.''' 42 Erile jaaka Paulo le Banabase ba tsamaya, batho ba ba kopa gore batle go bua gape mafoko a a ntseng jalo ka Sabata oo tlang. 43 Erile bokopano jwa senagogwe bo sena go fela, bontsi jwa Bajuta leba ba ntsha mo tumelong bale boineelo ba sala Paulo le Banabase morago, baba neng ba bua le bone baba kgothatsa go tswelela mo leratong la Modimo. 44 Ka letsatsi la Sabata o o latelang, a bo eka nna toropo yotlhe e kgobokane go utlwa lefoko la Morena. 45 Fa bajuta ba bona matshwititshwiti, ba tlala ka lefufa mme ba bua kgatlhanong le dilo tsedi neng di buiwa ke Paulo mme ba mo tlhapatsa. 46 Mme Paulo le Banabase ba bua ka bogaka bare "Gone gole botlhokwa gore lantlha mafoko a Morena a buiwe le lona. Ka go lebega lea kgarameletsa ntle le bona le sa tshwanelwe ke botshelo jo bo sa khutleng, bona, retla leba ko Baditshabeng. 47 Ka gore Morena ore laotse are, 'Ke le beile jaaka lesedi mo Baditshabeng, gore le tlise poloko mo dikarolong tsedi ko teng tsa lefatshe.'" 48 Erile Baditshaba ba utlwa se, ba tlala ka boitumelo ba galaletsa lefoko la Morena. Bontsi jobo neng bo lebagwanwe ke botshelo jobo sa khutleng jwa dumela. 49 Lefoko la Morena la gasiwa mo kgaolong yotlhe. 50 Mme Bajuta ba gakatsa basadi ba ba boineelo bale botlhokwa le banna baba eteletseng toropo pele. Se sa baka dipitlagano kgatlhanong le Paulo le Banabase, mme ba latlhelwa ko ntle ga toropo. 51 Mme Paulo le Banabase ba itlhotlhora lerole mo dinaong kgatlhanong le bone, baya toropong ya Ikoniamo. 52 Mme barutwa ba tladiwa ka boitumelo le ka Mowa oo Boitshepo.