1 Saulo abo a dumalana le polao ya gagwe. Go simologa letsatsi leo ga nna pogisego e kgolo mo kerekeng ya Jerusalema; badumedi botlhe ba phatlalala le Jutia le samarea, ga sala baaposetolo fela. 2 Banna ba ba ineetseng ba fitlha Setefane, ba mo lelela thata. 3 Mme Saulo a bogisa kereke; a tsena ntlo e ngwe le e ngwe a tshwara banna le basadi a ba isa kgolegelong. 4 Mme badumedi ba rera lefoko gongwe le gongwe kwa ba neng ba phatlalaletse teng. 5 Filipo a tsamaya a rerela batho ka Jeso ko toropong ya Samarea. 6 Ya re batho ba le bantsi ba utlwa ba bo ba bona ditshupo tse Filipo a di dirang, ba mo reetsa. 7 Mewa ee maswe ene ya tswa mo bathong e goa; ba ba neng ba sule mohama le digole ba ne ba fodisiwa. 8 Ga nna boitumelo jo bogolo mo toropong eo. 9 Ga bo gole monna mongwe mo toropong a bidiwa Simone, e ne e le moloi; O ne a etle a gakgamatse batho ba Samarea, a bolela fa a le mogolo. 10 Basamarea botlhe, bannye le bagolo ba ne ba reetsa monna yo thata ba re, ''Monna yo ke nonofo e kgolo ya modimo''. 11 Ba ne ba mo reetsa ka ane a bagakgamaditse ka lobaka, ka boloi jwa gagwe. 12 Mme yare ba dumela se Filipo a se rerileng, efangedi ya bogosi jwa Modimo le leina laga Jeso Keresete, banna le basadi ba ne ba kolobediwa. 13 Simone le ene a dumela: fa a sena go kolobediwa, a tswelela ana le Filipo; fa a bona ditshupo le dikgakgamatso di diragala, a makala. 14 Fa baaposetolo kwa Jerusalema ba utlwa gore kwa Samarea ba amogetse lefoko la Modimo, ba ne ba romela Petere le Johane teng. 15 Fa ba goroga , ba ba rapelelela, gore ba amogele Moya yo o Boitshepo. 16 Go fitlha ka nako eo, Moya yo o Boitshepo o ne o ise o tle mogo ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe fela ka leina la Morena Jeso. 17 Petere le Johane ba ba baya diatla mme ba amogela Moya yo o Boitshepo. 18 Fa Simone a bona gore Moya yo o Boitshepo o amogelwa ka peo ya diatla tsa baoposetolo, a re o ba neela madi. 19 A ba raya a re, ''Nneelang nonofo ee lenna, gore ope fela yo ke mmayang diatla a amogele Moya yo o Boitshepo." 20 Mme Petere a mo raya a re, ''Nyelela le selefera sa gago, ka o akantse gore neo ya modimo e a rekwa. 21 Ka pelo ya gago esa itekanela mo Modimong, ga ona karolo mo bodireding jo. 22 Ikotlhaye mo boikepong jwa gago, gore Morena a tle a go itshwarele mo boikepong jwa pelo ya gago. 23 Ka gore ke bona gore pelo ya gago e tletse bosula ebile e bofilwe ke boleo. 24 Simone a araba Petere a re, ''Nthapelela gore sepe sa dilo tse o di buileng se seka sa ntiragalela.'' 25 Fa Petere le Johane ba sena go paka ba bo ba bua lefoko la Morena, ba boela Jerusalema; ba tsamaya ba rera mafoko a molemo mo metsaneng ya Samaria. 26 Moengele wa Morena a bua le Filipo a re, ''Tsoga o tsamaye oye borwa mo tseleng e e yang Jerusalema e fetela ko Gasa'', ( Tsela e emo sekakeng.) 27 A tsoga a tsamaya. Ga bo gole monna a tswa Ethopiya, moopahadiwa yo o nang le taolo e kgolo, a le kafa tlase ga Kantase, mohumagadi wa Baethopiya. O ne a tlhokometse lehumo la gagwe lotlhe. O ne a tsile mo Jerusalema go tla go obama. 28 O ne a bowa, a le mo koloing ya gagwe a bala lokwalo la ga moporofiti Esaya. 29 Moya wa bua le Filipo gore, ''Atamela koloi e. 30 Filipo o ne a mo tabogela, a utlwa a bala lokwalo la ga moporofiti Esaya, mme a mmotsa gore, ''A o tlhaloganya se o se balang?'' 31 Moethopiya a mmotsa a re, ''ke ka tlhaloganya jang, go sena yo o ntlhalosetsa?'' A kopa Filipo go pagama koloi, a bape nae. 32 Lokwalo le Moethopiya a neng a le bala le ne le re, '' O ne a gogiwa jaaka nku e ya go bolawa; a didimetse jaaka konyana eya go beolwa, a seka a bula molomo. 33 Ba ne ba mosotla ba mo atlhola katlholo e e sa mo lebanang: ke mang yo o tla a buang ka dikokomane tsa gagwe? ka botshelo jwa gagwe bo ile jwa tlosiwa mo lefatsheng.'' 35 Moopahadiwa a botsa Filipo, ''moporofita o bua ka ga mang, ka ene kgotsa ka motho mongwe?'' 34 Filipo a simolola a bua; a simolola ka temana e e mo go Esaya go rera ka Jeso. 36 Fa ba ntse ba le mo tseleng, ba bona metsi; mme moopahadiwa a re, '' Bona metsi ke a, ke eng se se kganelang gore ke kolobediwe?'' 37 Filipo are,'' fa o dumela ka pelo ya gago yotlhe o tla a kolobediwa''. Moethopiya a re.''Ke dumela fa Jeso e le morwa Modimo''. 38 Moethopiya a emisa koloi. Filipo le moopahadiwa ba tsena mo metsing, Filipo a mo kolobetsa. 39 Fa ba tswa mo metsing, moya wa Modimo wa tsaya Filipo; moopahadiwa a seka a tlhola a mmona gape, mme le fa go ntse jalo one a tsamaya a itumetse. 40 Filipo a iponafatsa ko Asatosi. O ne a feta mo mafelong a o a rera mo ditoropong tsotlhe, go fitlha kwa Kaisarea.