Kgaolo 7

1 Moperesite mogolo a mmotsa a re, "A dilo tse di boammaruri?" 2 Setefane a re, "Bakaulengwe le bontate, ntheetsang: Modimo wa kgalalelo o ne a iponagaletsa rraarona Aberahame fa a le ko Mesopotamia, pele ga a nna ko Harane; 3 o ne a mo raya a re, "Tswaa mo lefatsheng la ga lona o kgaogane le masika a gago, mme o e ko lefatsheng le ke tla le go supegetsang." 4 A tswa mo lefatsheng la Saletea a ya go nna ko Harane; morago ga rraagwe a sena go tlhokafala, Modimo a mo tsisa mo lefatsheng le o nnang mo go lone gompieno. 5 Ga a ka a le mo neela ele boswa le fa ele fa a ka bayang lenao teng. Mme a mo solofetsa, le fa Aberahame a ne a sena ngwana, o ne a mo solofetsa gore o tla mo fa lefatshe leo ga mmogo le kokomanae ya gagwe. 6 Modimo o ne a mmolelela gore dikokomane tsa gagwe di tla nna mo lefatsheng la seyeng, le gore batho ba lefatshe leo ba tla ba dira makgoba ebile ba sa ba tshware sentle dingwaga di le makgolo a le mane. 7 Modimo a mo raya a re, "Ke tla a atlhola lefatshe le ba tla bong ba le makgoba mo go lone, mme morago ga seo ba tla tswa mo lefatsheng leo go tla go nkobamela mo lefelong le". 8 A neela Aberahame kgolagano ya thupiso. Aberahame a tsala Isake, a mo rupisa ka letsatsi la beferabobedi, Isake a tsala Jakoba mme Jakoba ene a tsala borraetsho ba le lesome le bobedi. 9 Borraetsho ba ne ba tlhotlheletswa ke lefufa ba rekisa Josefa kwa Egepeto, mme Modimo a bo a na le ene, 10 a mo golola mo dipogisegong tsotlhe a bo a mo neela lesego le botlhale mo matlhong a ga Faro, Kgosi ya Egepeto. Faro a mo tlhoma mmusi mo Egepeto le mo lwapeng la gagwe. 11 Borraarona ba ne ba tlhoka dijo gonne go ne ga nna leuba le legolo mo Kanana le Egepeto, mme ba boga mo go golo. 12 Fa Jakoba a utlwa gore go na le mabele ko Egepeto, a roma bo rraarona la ntlha. 13 Lekgetho la bobedi, Josefa a ikitsisi bo morwarraagwe, mme Faro le ene a ba itsisiwe. 14 Josefa a romela bo morwarraagwe ko Kanana go ya go bolelela Jakoba rragwe le lesika la gagwe lotlhe, le le neng le le masome a supa le botlhano gore ba tle ko Egepeto. 15 Jakoba a ya ko Egepeto, a swela koo ga mmogo le bo rraetsho. 16 Ba ya go ba fitlha ko Shekeme mo phuphung e Aberahame a e rekileng ka selefera mo baneng ba ga Hamore ko Shekeme. 17 Fa nako ya tsholofetso e Modimo a e neetseng Aberahame e atamela, kokomane ya gagawe ya gola ya ntsifala mo Egepeto, 18 go fitlhela go busa Kgosi e e neng e sa itse ka ga Josefa. 19 Kgosi e, e ne ya tsietsa ya bo ya bogisa borraetsho, ba tseenya masea a bone mo kotsing, ka tsholofelo ya gore ba tla sireletsega. 20 ka nako eo, Moshe o ne a tsalwa; o ne a le montle ka sebopego fa pele ga Modimo mme a amusiwa mo ntlong ya ga Rraagwe dikgwedi tse tharo. 21 Ya re a sena go ntshiwa mo ntlong, morwadie Faro a mo tsaa, a mo ikgodisetsa jaaka ngwana wa gagwe. 22 Moshe o ne a rutegile mo dithutegong tsotlhe tsa Egepeto gape o ne a nonofile mo lefokong le ditiro. 23 E ne ya re a le dingwaga di le masome a mane, ga mo tlela mo pelong ya gagwe gore a etele bomorwarragwe e bong bana ba Iseraele. 24 Moshe a lwela Moiseraele mongwe morago ga go bona Moegepeto mongwe a mo kgokgontsha; 25 o ne a solofetse gore bomorwarraagwe ba tla tlhaloganya gore Modimo o mo dirisa go ba golola mme ba seka ba tlhaloganya. 26 Letsatsi le le latelang a tla kwa Baiseraeleng bangwe ba neng ba omana; a leka go ba agisanya, a ba raya a re, "Borra, le bana ba motho; le lwela eng?" 27 Mme yo o neng a foseditse morwarragwe a mo fetola ka go re, 'Ke mang yo o go dirileng molaodi le moatlhodi wa rona? 28 Aa o batla go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto maabane?' 29 Ya re a sena go utlwa mafoko a, Moshe o ne a siela kwa lefatsheng la Mediane kwa a fetileng a tsala bana ba basimane ba le babedi. 30 Morago ga dingwaga di le masome a le mane, moengele o ne a tla kwa go Moshe mo sekakeng mo thabeng ya Senai, a le mo tshwanong ya setlhatshana se se shang. 31 Ya re Moshe a bona molelo, a gakgamalela pono e, fa a atumela, lentswe la Morena la bua nae la re, 32 'Ke Modimo wa bo rraeno, Modimo wa ga Aberahame, le Isake, le Jakoba.' Moshe o ne a boifa mme a tshaba go leba. 33 Morena a mo raya a re, ''Rola ditlhako tsa gago, gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo. 34 Ke bone tshotlego ya batho bame kwa Egepeto, ke utlwile selelo sa bone mme ke fologetse tlase go tla go ba golola; tlaya jaanong, ke tle ke go rome kwa Egepeto''. 35 Ene Moshe yo, Modimo a mo roma go nna molaodi le moatlhodi wa bone, ba ne ba mo gana ba mmotsa gore, 'Ke mang yo go dirileng molaodi le moatlhodi?'- Modimo o ne a mo roma, a dirisa moengele yo o neng a tla kwa go Moshe mo tshwanong ya setlhatshana se se shang. 36 Moshe o ne a ba ntsha mo Egepeto morago a sena go dira metlholo le ditshupo mo Egepeto, le mo lewatleng le lehibidu, le mo sekakeng dingwaga di le masome a mane. 37 Ke ene Moshe yo o neng a raya batho ba Iseraele a re, 'Modimo o tla ipiletsa moporofiti yo o tshwanang le nna, e le mongwe wa bana ba lona. 38 "Yo ke ene monna yo o neng a le mo phuthegong e e neng e le mo sekakeng, yo o neng a na le moengele, yo o neng a bua le ene mo thabeng ya Sione. Monna yo, ke ene yo a neng le bo rraetsho; ke ene yo o amogetse mafoko a tshelang gore a a re neele. 39 Ke ene yo borraarona ba ganneng go mo reetsa, ba mo kgaphela ntle go tswa mo go bone; ba boela ko Egepeto mo dipelong tsa bone. 40 Ka nako eo, ba raya Arone ba re, "Re direle medingwana e e tla re etelelang pele. Fa e le ka ga Moshe yo o re eteletseng pele go tswa Egepeto,ga re itse se se modiragaletseng." 41 Ba ne ba dira namane, ba direla modimo wa disetwa setlhabelo, mme ba itumelela tiro ya diatla tsa bone. 42 Modimo o ne a ba leseletsa go obamela dinaledi tsa loapi, jaaka go kwadilwe mo baporofeting gotwe, 'lona ba ntlo ya Iseraele, a le kile la ntsisetsa ditlhabelo tsa dipoo mo dingwageng tse di masome a mane fa le le mo sekakeng?' 43 Le amogetse motlaagana wa ga Moleke le naledi ya modingwana Refane, le ditshwantsho tse le di dirileng go e obamela: mme ke tla le falaletsa kgakala go pota Babilone ka kwa. 44 Borraetsho ba ne ba na le motlaagana wa bopaki mo sekakeng, fela jaaka Modimo a ne a laotse Moshe gore a tle a dire motlaagana o o tshwanang le o a o bontshitsweng. 45 E keone motlaagana o borraetsho ba tsileng ka one mo lefatsheng le Joshua. Mo go diragetse fa bo rraetsho ba rua boswa ba merafe e modimo a e lelekileng fa pele ga bone. Go ne ga nna jaana go fitlha dinako tsa ga Tafita, 46 yo o neng a bona lesego fa pele ga Modimo, yo o neng a eleditse go agela Modimo wa ga Jakoba ntlo ya bonno. 47 Mme Solomone o ne a agela modimo ntlo. 48 Le fa go ntse jalo, Modimo Mogodimodimo ga a nne mo matlong a a agilweng ka diatla; fela jaaka moporofeti a rile, 49 'Legodimo ke bonno jwame, mme lefatshe ke bobeo jwa dinao tsame. O tla nkagela ntlo e e ntseng jang? le gone Lefelo lame la boitapoloso le kae? 50 Aa diatla tsame dirile dilo tse tsotlhe? 51 Lona batho ke lona ba dingangatlela, ba le sa rupang mo dipelong le mo ditsebeng, le nna le gana Moya wa Modimo; le dira fela jaaka bo rraeno ba ne ba dira. 52 Aa go na le moporofeti mongwe yo borraeno ba sekang mmogisa? Ba bolaile baporofiti botlhe ba ba tsileng pele ga yo o boitshepo; le lona le mo sotlile la bo la mmolaya; 53 lona batho ba le amogetseng molao go tswa mo baengeleng, ga le aka la o tshegetsa." 54 Fa lekgotla le utlwa mafoko a, ba shakgala ba shenela Setefane meno. 55 Mme ene ka a ne a tletse ka Moya o o Boitshepo, a leba kwa legodimomg ka kelelelo e kgolo, mme a bona kgalalelo ya Modimo; mme a bona Jeso a eme ka fa letsogong la moja la Modimo. 56 Setefane a re, "Bonang, ke bona magodimo a bulega, le morwa motho a eme ka fa letsogong la moja la modimo." 57 Fa lekgotla le utlwa mafoko a, ba goa ka lentswe le le kwa godimo, ba ithiba ditsebe, ba mo kgogogela ka mogoro; 58 ba mo latlhela kwa ntle ga toropo mme ba mo kgobotletsa ka matlapa: mme basupi ba baya diaparo tsa bone fa dinaong tsa lekwana le le bidiwang Saulo. 59 Ya re ba ntse ba kgobotletsa Setefane ka matlapa, o ne a goeletsa kwa Moreneng a re, "Amogela moya wame, Morena Jeso". 60 A khubama mme a goeletsa ka lentswe le le kwa godimo a re, "Morena, o seka wa ba kaya molato". Ya re a sena go bua se, a robala.