1 Jaanong go ne go na le monna mongwe a bidiwa Ananiase , ene le mosadi wa gagwe Safira , ba rekisa lefatshe 2 mme a fitlha bontlha bongwe jwa madi a thekiso e ( mosadi wa gagwe o ne a itse ) mme a tsisa bontlha bongwe jwa madi a thekiso e a a baya fa dinaong tsa moaposetolo . 3 Mme Petere a mo raya a re , '' Ananiase , ke eng Satane a tsene mo pelong ya gago mo ebileng a go dira gore o aketse Moya o o Boitshepo le go fitlha bontlha bongwe jwa tlhwatlhwa ya lefatshe le o le rekisitseng ? 4 Fa lefatshe le le santse le ise le rekwe a le ne le se la gago? Le fa le sena go rekisiwa , a le ne le se mo taolong ya gago ? Go tsile jang gore o tlelwe ke mogopolo o o ntseng jaana mo pelong ya gago ? Ga o a aketsa motho , o akeditse Modimo '' . 5 E rile a utlwa se , Ananiase a wela fa fatshe a swa . Mme poifo e kgolo ya wela botlhe ba ba neng ba utlwa mafoko a . 6 Makawana ba tla kwa pele ba mo tsaya ba mo phutha , ba mo rwala ba tsamaya ba ya go mo fitlha . 7 Morago ga dioura di ka nna tharo , mosadi wa gagwe a goroga , a sa itse gore go diragetseng . 8 Petere a mo raya a re '' mpolelele gore a le rekisitse lefatshe ka bokana '' . A araba a re '' ee , re le rekisitse bokalo '' . 9 Petere a mo raya a re , '' Go tsile jang go bo le dumalane mmogo go leka Moya wa Morena ? Bona , dinao tsa ba ba tswang go fitlha monna wa gago di fa kgorong , mme ba tsile go go rwala ba tswa ka wena '' . 10 Ka ponyo ya leitlho a wela fa fatshe fa dinaong tsa gagwe , a swa , makawana ba tsena mme ba fitlhela a sule ; ba mo tsaya ba ya go mo fitlha go bapa le monna wa gagwe . 11 Poifo e kgolo ya wela kereke yotlhe , le botlhe ba ba utlwileng mafoko a . 12 Ditshupo le dikgakgamatso tse dintsi di ne tsa diragala mo gare ga batho ka diatla tsa baaposetolo . Ba ne ba ntse mmogo mo motlaaganeng wa ga Solomone 13 .Mme ga bo go sena yo o pelokgale go nna mongwe wa bone; le fa go ntse jalo ba ne ba tlotlwa ke botlhe. 14 Batho ba le bantsi ba ne ba tla mo Moreneng , matshwititshwiti a banna le basadi , 15 mo ba ileng ba rwala balwetse ba bone ba ba baya mo tseleng ka malao le ditilo , gore ere Petere a feta , moriti wa gagwe o wele mo bangweng ba bone . 16 Gone ga ba ga kgobokana palo e kgolo ya batho go tswa ditoropong tse di gaufi le Jerusalema , ba tsisa balwetse le bao ba neng ba bogisiwa ke mewa e e bosula , mme ba fodisiwa botlhe . 17 Mme moperesiti mogolo a ema , ga mmogo le ba ba neng ba na le ene , ( ba e leng lekoko la Basadukai ) ; ba tletse ka lefufa 18 mme ba tshwara baaposetolo ba ba tsenya mo kgolegelong ya sechaba. 19 Mo bosigong moengele wa Morena a bula mabati a kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle , a ba raya a re ,'' 20 tsamayang le eme mo tempeleng le bue le batho mafoko otlhe a botshelo jo '' . 21 E rile ba utlwa se , ba tsena mo tempeleng ka nako ya fa letsatsi le tswa ba ruta . Mme moperesiti mogolo a tla , mmogo le ba a neng a na le bone , a bitsa lekgotla go kopana , bagolo botlhe ba Iseraele , a roma bangwe go ya go tla le baaposetolo kwa kgolegelong. 22 Mme badisa magolegwa ba ba neng ba rongwa kwa kgolegelong ba seka ba ba fitlhela , ba bowa ba tla go bega , 23 '' Re fitlhetse kgolegelo e tswetswe sentle le badisa ba disitse dipati , mme fa re bula kgolegelo ra fitlhela go sena ope '' . 24 Jaanong e rile molaodi wa tempele le baperesiti bagolo ba utlwa mafoko a , ba gakgamala thata ba ipotsa gore tota go tsile go felela jang . 25 Mme mongwe a tla a ba bolelela gore , '' Banna ba le neng le ba tsentse mo kgolegelong ba eme mo tempeleng ba ruta batho '' . 26 Molaodi wa tempele a tsamaya le badisa magolegwa, ba ba tsaya kwa tempeleng , ba tla le bone kwa ntle ga ntwa , gonne ba ne ba boifa gore batho ba ka ba kgobotletsa ka matlapa . 27 Fa ba sena go tla le bone ba ba baya fa pele ga lekgotla . Moperesiti mogolo a ba botsolosa , 28 a re , '' Re le laetse thata gore le seka la ruta ka leina le , mme , le tladitse Jerusalema ka dithuto tsa lona , ebile le batla go re kaya molato ka polao ya monna yo '' . 29 Mme Petere le baaposetolo ba araba ba re , '' Re tshwanetse go nna kutlo mo Modimong go na le go nna kutlo mo mothong . 30 Modimo wa borraetsho o tsositse Jesu , yo le mmolaileng ka go mo kaletsa mo setlhareng . 31 Modimo o mo tsholeleditse kwa godimo a mmaya ka kwa letsogong la moja gore a nne kgosana le mmoloki , go gogela Israele ko boikotlhaong , le boitshwarelo ja dibe . 32 Re basupi ba dilo tse , le Moya o o Boitshepo Yo Modimo a Mo neileng botlhe ba ba mo utlwang '' . 33 Fa maloko a lekgotla ba utlwa se , ba tenega mo go golo mo ba neng ba batla go bolaya baaposetolo . 34 Mme Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele , morutintshi wa molao , yo o neng a tlotlwa ke batho botlhe , a ema ka dinao a laola gore baaposetolo ba ntshediwe kwa ntle ka nakwana . 35 A ba raya a re , '' Banna ba Iseraele , elang tlhoko thata se le batlang go se dira ka batho ba . 36 Gonne nakong e e fetileng , Theudiase o kile a tsogologa a ipolela fa a le motho mongwe mo morafeng , a na le palo ya banna , ba ka nna makgolo mane . O ne a bolawa , botlhe ba ba neng ba mo sala morago ba phatlalala mme se a neng a se dira sa fetoga lefela . 37 Morago ga monna yo , Judase wa Galalea a tsogologa ka malatsi a palo ya batho e e fetileng , a gogela batho go mo sala morago . Le ene o ne a swa , botlhe ba ba neng ba mo sala morago ba phatlalala . 38 Jaanong ke le raya ke re , tlogelang banna ba , fa ele gore lenaneo kgotsa tiro e ke ya batho , e tla fenngwa . 39 Fa e le ya Modimo ga le kake la kgona go ba fenya ; boemong jwa moo le tla iphitlhela le tlhabana le Modimo '' . Mme ba mo reetsa . 40 Ke gone ba biletsa baaposetolo kwa go bone , ba ba kgwathisa ba ba kgalemela gore ba se ka ba tlhola ba bua sepe mo leineng la ga Jeso, ba ba lesa ba tsamaya . 41 Ba tswa fa pele ga lekgotla ba ipela ka go bo ba bonwe ba tshwanetse go boga le go tlontlololwa ka ntlha ya leina la Morena . 42 Go tloga hoo letsatsi le letsatsi , mo tempeleng le go tswa ntlong go ya kwa go e nngwe , ba ne ba tswelela go ruta le go rera gore Jeso ke Keresete .