Kgaolo 4

1 Fa Petere le Johane ba bua le batho, baperesiti le balaodi ba tempele le Basadukae ba tla ko go bone. 2 Ba ne ba tshwenyegile thata ka gore Petere le Johane bane ba ruta batho ka tsogo ya baswi jaaka Jeso a tsogileng mo baswing. 3 Ba ne ba ba tshwara ba ba tsenya mo kgolegelong go fitlhelela mo mosong, ka letsatsi lenele setse le phirima. 4 Mme banna ba le bantsi baba neng ba utlwile molaetsa ba dumela, mme palo ya ba ba dumetseng ya nna dikete tse tlhano. 5 Ga diragala gore letsatsi le le latelang, babusi ba bone, bagolwane le bakwadi ba kopana ga mmogo mo Jerusalema. 6 Annase, moperesita o mogolo abo ale teng, Kaifase, Johane,Alekesentera le botlhe ba ba sikanang le moperesita o mogolo. 7 Fa ba sena go baya Petere le Johane magareng ga bone, ba ba botsa ba re, ''le dirile dilo tse ka nonofo le leina la ga mang ?'' 8 Petere a tletse ka Moya oo Botshepo aba raya are, ''lona babusi ba batho, le bagolwane, 9 fa gompieno re botswa ka tiro e ntle, e e diretsweng monna wa molwetsi - re kare monna yoo o fodisitswe ka tsela efe? 10 A se se itsege mogo lona lotlhe le batho botlhe ba Iseraele gore ka leina la ga Jeso Keresete wa Nasaretha, yo le mmapotseng, yo Modimo a mo tsositseng mo baswing -ke ka ga gagwe gore monna yo a bo a eme fa pele ga lona a itekanetse . 11 Jeso Keresete ke lentswe le lona jaaka baagi le le nyaditseng, mme lele dirilweng lentswe legolo la motheo. 12 Ga gona poloko mo mothong ope gape: Ga gona leina lepe ka fa tlase ga legodimo, le le neetsweng batho gore re bolokwe ka lone''. 13 Fa ba bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, ba bona gore ke batho fela, ba ba sa rutegang, ba ne ba gakgamala , ba lemoga gore Petere le Johane ba ne ba na le Jeso. 14 Ba ne ba tlhoka se ba ka se buang kgatlhanong le se, ka ba ne ba bona monna yo o fodisitsweng a eme le bone. 15 Fa ba sena go koba baaposetolo go tswa mo bokopanong ba lekgotla, ba buisanya magareng ga bone. 16 Ba re,'' re ka reng banna ba? Ka gore motlholo o ba o dirileng, o itsewe ke mongwe le mongwe yoo nnang mo Jerusalema; ga re kake ra latofatsa seo. 17 Mme go itsa gore e seka ya jwelelela mo bathong, a re ba kgalemele gore ba seka ba tlhola ba bua le ope ka leina le. 18 Ba bitsa Petere le Johane ba ba laela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina le, le eseng go ruta ka leina la Jeso. 19 Mme Petere le Johane ba ba araba ba re, '' kanokang gore a go siame go utlwa Modimo kana go utlwa lona . 20 Gonne ga re kake ra kgona go emisa go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.'' 21 Fa ba sena go kgalemela Petere le Johane gape, ba ba golola. Ba ba tlhokela molato wa go ba otlhaya, ka gore batho botlhe bane ba galaletsa Modimo, mogo se se dirilweng. 22 Monna yo o neng a amogetse motlholo o wa pholo one ana le dingwaga di feta masome a mane. 23 Morago ga ba sena go gololwa, Petere le Johane ba ya kwa go ba ga bone baba bolelela se baperesiti ba bagolo le bagolwane ba se ba reileng. 24 Fa ba utlwa se, ba goeletsa botlhe kwa Modimong, bare ''Morena wena yo o tlhodileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone, 25 wena yo ka Moya oo Boitshepo, ka molomo wa rraarona Tafita, motlhanka wa gago, wa re, 'ke eng baditshaba ba tenega, le batho ba gopola dilo di sele fela? 26 Dikgosi tsa lefatshe tsa kopana, babusi ba nna ga kopana kgatlhanong le Morena, le Keresete.' 27 Ammaaruri, Herote le Ponte Pilato, ga mmogo le baditshaba le batho ba Iseraele, ba phuthaganela mo toropong e, kgatlhanong le motlhanka wa gago yo o boitshepo Jeso, yo o mo tloditseng. 28 Ba phuthagane ga mmogo go dira se letsogo la gago le keletso ya gago e rulagantseng go le pele gore se tlaa diragala. 29 Jaanong Morena, lebelela matshosetsi a bone, o bo o neela batlhanka ba gago go bua lefoko la gago ka bopelokgale. 30 Gore fa o phutholola letsogo la gago o fodisa , metlholo le dikgakgamatso di tle di diragale ka leina la motlhanka wa gago yo o boitshepo Jeso.'' 31 Fa ba fetsa go rapela, lefelo le ba neng ba phuthaganetse mo go lone la roroma, botlhe ba tladiwa ka Moya o o Boitshepo, mme ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale. 32 Bontsi jwa badumedi, ba bo ba le pelo nngwe le moya o le mongwe: go sena ope yo a reng sepe se a nang le sone ke sa gagwe; mme ba ne ba tlhakanetse dilo tsotlhe. 33 Ka nonofo e kgolo, baaposetolo bane paka ka tsogo ya Morena Jeso, tshegofatso ya Modimo e ne e le mo go bone botlhe. 34 Go ne go sena motho ope mo go bone yoo tlhokang sepe, ka gore botlhe ba ba neng bana le lefatshe le matlo bane ba a rekisa ba tlisa madi a dilo tse ba neng ba di rekisa, 35 ba a baya fa dinaong tsa baaposetolo.Madi a kgaoganngwa modumedi mongwe le mongwe goya ka fa a tlhokang ka teng. 36 Josefe, wa Molefi, monna wa Seporase, a neelwa leina la Barenabase ke baaposetolo ( fa go ranolwa ke gore, morwa wa kgothatso). 37 Ka a ne a na le tshimo, o ne a e rekisa a tsisa madi fa dinaong tsa baaposetolo .